LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • O Tshwanetse go Dumela Mang?
    Tsogang!—2006 | September
    • O Tshwanetse go Dumela Mang?

      “Ke boammaaruri gore, ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.”—BAHEBERA 3:4.

      A O DUMALANA le se se buiwang ke mokwadi yono wa Baebele? Batho ba nnile le kitso e e gatetseng pele thata mo dilong tsa saense ya lobaka lwa dingwaga di ka nna 2 000 fa e sale temana ele e kwalwa. A go sa ntse go na le motho yo o akanyang gore bosupi jo re nang le jone mo dilong tsa tlhago jo bo bontshang gore di bopilwe bo dira gore re dumele gore go na le yo o di dirileng, gore go na le Mmopi—Modimo?

      Tota le mo dinageng tse di tlhabologileng batho ba le bantsi ba araba ka gore ee. Ka sekai, kwa United States, patlisiso e e neng ya dirwa ke makasine wa Newsweek ka 2005 e ne ya fitlhelela gore diperesente di le 80 tsa batho “ba dumela gore Modimo ke ene a tlhodileng lobopo.” A ba dumela seno ka gonne ba sa rutega? A go na le moitsesaense yo o dumelang mo Modimong? Makasine mongwe wa saense wa Nature o ne wa bega ka 1997 gore mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa bomankge ba ba ithutang ka ditshedi, bomankge ba fisikisi, le baitse ba dipalo ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba dumela mo Modimong, ba re ga se fela gore o teng mme gape o reetsa dithapelo e bile o a di araba.

      Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba bangwe ga ba batle gotlhelele go dumalana le ntlha eno. Dr. Herbert A. Hauptman, yo o neng a gapa Sekgele sa Nobel, o ne a bolelela khonferense e e neng e tshwerwe bosheng jaana e e neng e bua ka saense gore go dumela mo selong se e seng sa tlholego, bogolo jang go dumela mo Modimong, ga go tsamaisane le saense ya mmatota. A re: “Go dumela mo selong se se ntseng jalo go kotsi mo bathong.” Tota le baitsesaense ba ba dumelang mo Modimong ga ba gololesege go ruta gore bosupi jo bo bonalang mo dimeleng le mo diphologolong, jo bo bontshang gore di bopilwe, bo raya gore di na le yo o di dirileng. Ka ntlha yang? Fa Douglas H. Erwin, yo o ithutang ka botshelo jwa ditshedi tsa bogologolo kwa Smithsonian Institute, a ne a tlhalosa lengwe la mabaka, a re: “Mongwe wa melao ya saense ke gore, dikgakgamatso ga di letlelelwe.”

      O ka letla batho ba bangwe ba go bolelela se o tshwanetseng go se akanya kgotsa go se dumela. Kgotsa gongwe o ka rata go itlhatlhobela bosupi ka bowena mme wa itirela tshwetso ya gago. Fa o ntse o bala ka dilo tse di bonweng bosheng jaana ke saense tse di tlhalosiwang mo ditsebeng tse di latelang, ipotse, ‘A go a utlwala go swetsa ka gore go na le Mmopi?’

      [Mafoko a a mo go tsebe 3]

      Itlhatlhobele bosupi ka bowena

      [Lebokoso mo go tsebe 3]

      A BASUPI BA GA JEHOFA BA DUMELA GORE POPO E DIRILWE MO MALATSING A LE MARATARO A MMATOTA?

      Basupi ba ga Jehofa ba dumela pego ya popo jaaka e tlhalositswe mo bukeng ya Baebele ya Genesise. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga se setlhopha sa bodumedi se se dumelang mo goreng popo e dirilwe mo malatsing a le marataro a mmatota jaaka bangwe ba akanya. Ka ntlha ya eng? Sa ntlha, setlhopha seno sa bodumedi se se reng popo e dirilwe mo malatsing a le marataro a mmatota, se dumela gore popo yotlhe le lefatshe le ditshedi tsotlhe tse di mo go lone di tlhodilwe mo malatsing a le marataro a diura di le 24 dingwaga di le 10 000 tse di fetileng. Le fa go ntse jalo, seno ga se se Baebele e se rutang.a Gape setlhopha seno sa bodumedi se amogetse dithuto di le dintsi tse di sa tshegediweng ke Baebele. Basupi ba ga Jehofa bone ba theile dithuto tsa bone tsa bodumedi mo lefokong la Modimo fela.

      Mo godimo ga moo, mo dinageng dingwe ditlhopha tseno tsa batho ba ba dumelang mo go reng popo e dirilwe mo malatsing a marataro a mmatota di tsewa e le selo se le sengwe fela le ditlhopha tsa Botataladi tse di nang le go kopanela ka tlhagafalo mo dipolotiking. Ditlhopha tseno di leka go gatelela batho ba dipolotiki, baatlhodi, le barutisi gore ba dumele melao le dithuto tse di tsamaisanang le bodumedi jwa tsone.

      Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking. Ba tlotla tshwanelo ya dipuso ya go tlhoma melao le go tlhokomela gore e a diragadiwa. (Baroma 13:1-7) Le fa go ntse jalo, ba tsaya tsiya mafoko a ga Jesu a gore “ga ba karolo ya lefatshe.” (Johane 17:14-16) Mo bodireding jwa bone jwa phatlalatsa, ba neela batho tshono ya go ithuta ka melemo ya go tshela ka melao ya Modimo. Mme gone ga ba tlole melao ya bone ya Bokeresete ya go se tseye letlhakore mo dipolotiking ka go tshegetsa maiteko a ditlhopha tsa Botataladi tse di lekang go tlhoma melao mo setšhabeng e e tla gatelelang batho go amogela melao ya Baebele.—Johane 18:36.

      [Ntlha e e kwa tlase]

      a Tsweetswee bona setlhogo se se reng “Baebele ya Reng: A Saense e Ganetsa se Genesise e se Buang?” se se mo tsebeng 18 ya makasine ono.

  • Tlhago e re Ruta Eng?
    Tsogang!—2006 | September
    • Tlhago e re Ruta Eng?

      “Tsweetswee, botsa diruiwa mme di tla go ruta; le dibopiwa tse di nang le diphuka tsa magodimo, mme di tla go bolelela. Kgotsa bontsha lefatshe go tshwenyega ga gago, mme le tla go ruta; le ditlhapi tsa lewatle di tla go bolelela.”—JOBE 12:7, 8.

      MO DINGWAGENG tsa bosheng jaana baitsesaense le baenjeniri ba ile ba letla dimela le diphologolo go ba ruta, ka tsela ya mmatota. Ba batlisisa le go kopisa dikarolo tsa ditshedi tse di farologaneng—ba tsaya malebela go tswa mo dilong tsa tlholego—e le gore ba dire metšhini e mesha le go tokafatsa tsela e metšhini e e teng gone jaanong e berekang ka yone. Fa o ntse o akanya ka dikai tse di latelang, ipotse, ‘Ke mang tota yo o tshwanetseng go newa tlotlo ka ntlha ya dilo tseno tse di dirilweng?’

      Go Ithuta mo Diphukeng Tsa Leruarua

      Badiri ba sefofane ba ka ithuta eng go tswa mo leruarueng le legolo le le nang le serota? Go bonala ba ka ithuta go le gontsi thata. Leruarua leno fa le godile sentle le na le boima jo bo ka dirang ditone di le 30—boima jo bo tshwanang le jwa lori e pegile morwalo—mme le na le mmele o o batlang o gagametse go sekae, le dilo tse dikgolo tse e keteng diphuka mo go lone. Phologolo eno, e e boleele jwa dimetara di le 12 e majato ka tsela e e gakgamatsang mo metsing. Ka sekai, fa leruarua leno le tshwara dijo, le ka thumela kwa godimo le dikologa ka tsela e e dirang metshopo mo tlase ga ditlhapi tse e batlang go di tshwara, e dira jalo e tla e ntsha dipudula. Letlowa leno la dipudula, le le ka dirang fela metara le sephatlo ka bogolo, le phuthela ditlhapi tseno kwa godimo. Go tswa foo leruarua leno le tla bo le kodumetsa ditlhapi tseno tse di ikokoantseng sentle kwa godimo.

      Se se gakgamatsang babatlisisi thata ke gore phologolo eno, e e nang le mmele o o gagametseng jaana e kgona jang go dikologa le go dira sediko se se bonalang se le sennye thata jaana. Ba ne ba lemoga gore leruarua leno le thusiwa ke tsela e diphuka tsa lone di bopegileng ka yone. Dintlha tse di kwa pele tsa diphuka tseno ga di borethe, jaaka diphuka tsa sefofane, mme go na le moo di makekete, ka mola wa dilo tse e keteng dithurusa.

      Jaaka fa leruarua leno le ntse le lelesela mo metsing, dilo tseno tse e keteng dithurusa di le thusa go tlhatlogela kwa godimo. Jang? Makasine wa Natural History o tlhalosa gore dithurusa tseno di dira gore metsi a kgone go elela ka bonako mo diphukeng tsa lone, tota le fa leruarua leno le tlhatloga le tsepaletse go ya kwa godimo mo metsing. Fa diphuka di ne di le borethe, leruarua le ne le se kitla le kgona go tlhatloga le ntse le dikologa jalo ka gonne metsi a ne a tlile go fuduega mo tlase ga diphuka mme di ne di se kitla di kgona go thusa leruarua go ya kwa godimo.

      Go lemoga seno ka leruarua go ka thusa kae? Go bonala diphuka tsa sefofane tse di dirilweng ka tsela e e tshwanang le tsa leruarua di ne di se kitla di tlhoka difetlhamowa tse dintsi jalo kgotsa dilo tse dingwe tse di tla fetolang go elela ga mowa. Diphuka tseno di ne di tla babalesega botokanyana e bile go ne go tla nna motlhofo go di tlhokomela. John Long, yo e leng mankge yo o berekang ka go dira ga mesifa mo ditsheding, o dumela gore letsatsi lengwe mo nakong e e fa gautshwane “re ka nna ra feleletsa re bona sefofane sengwe le sengwe se na le dithurusa tse di tshwanang le tsa diphuka tsa leruarua le le nang le serota.”

      Go Etsa Diphuka Tsa Nonyane ya Metsi

      Gone mme, tsela e diphuka tsa sefofane di dirilweng ka yone e a tshwana le ya diphuka tsa dinonyane. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana baenjeniri ba bone sengwe se sesha se ba ka se tsayang malebela go tswa mo nonyaneng fa ba dira sefofane. Makasine wa New Scientist o bega jaana: “Babatlisisi kwa Yunibesithing ya Florida ba dirile sefofane se se laolwang ka motšhini se se kgonang go fofa, go thabuela, le go tlhatloga ka tsela e e tshwanang le ya nonyane ya metsi.”

      Dinonyane tseno tsa metsi di kgona go dira mathaithai a tsone mo moyeng ka go oba diphuka tsa tsone mo sekgonong le mo malokololong a magetla. Makasine ono o tlhalosa gore “sefofane seno [se diphuka tsa sone di dirilweng ka tsela e e tshwanang le tsa nonyane eno ya metsi] se se di-inch tse 24 [disentimetara tse 60] se se laolwang ka motšhini se dirisa enjene e nnye go laola dithobane di le mmalwa tsa tshipi go tsamaisa diphuka.” Diphuka tseno tse di dirilweng ka tsela e e botlhale jalo di kgontsha sefofanenyana se sennye seno go fofa mo gare ga dikago tse dikgolo. Bosole jwa Difofane jwa United States bo gakaletse go nna le sefofane se se ntseng jalo se se kgonang go laolwa motlhofo gore ba se dirise go senkana le dibetsa tsa dikhemikale kgotsa tse di dirilweng ka megare mo ditoropong tse dikgolo.

      Go Kopisa Maoto a Bommamagwatagwatane

      Diphologolo tse di nnang mo mmung o o omileng le tsone di na le go le gontsi go di ka go rutang batho. Ka sekai, mokgantitswane o monnye o o bidiwang mmamagwatagwatane o kgona go tlhatloga lobota o bo o nne o ngaparetse mo siling, mokwatla o lebile kwa tlase. Tota le mo metlheng ya Baebele, setshedi seno se ne se itsiwe ka bokgoni jono jwa sone. (Diane 30:28) Ke eng se se thusang setshedi seno go kgona go pagama jalo mme se sa we?

      Se se thusang mmamagwatagwatane go kgona go kgomarela jalo le mo dilong tse di borethe jaaka galase ke dilo tse dinnye thata tse e keteng moriri tse di mo maotong a bommamagwatagwatane. Maoto a tsone ga a ntshe sekgomaretsi. Go na le moo, a dirisa maatla a a kgomaretsang a dimolekhule tse dinnye thata. Dimolekhule tse di mo maotong a mokgantitswane ono le tse di mo o emeng teng di a kgomaragana ka ntlha ya maatla a a seng thata a a kgomaretsang a a bidiwang maatla a a kgomaretsang a ga van der Waals. Gantsi maatla a kgogedi a lefatshe a maatla go feta maatla ano a a kgomaretsang, ke gone ka moo o ka se kang wa kgona go palama lobota ka go baya matsogo a gago fela mo go lone. Le fa go ntse jalo, dilonyana tse e keteng moriri tse di mo maotong a mokgantitswane ono di dira gore maoto a kgone go kgomaragana le lebota. Maatla a go kgomaretsa a ga van der Waals, fa a dirisiwa mo meriring e e diketekete e e mo maotong a mmamagwatagwatane, a dira gore go nne le maatla a a lekaneng a a kgomaretsang go kgona go rwala boima jwa mmele jwa mokgantitswane ono.

      Go lemoga ntlha eno go thusa kae? Go ne go ka nna ga dirisiwa dilo tse di kgomaretsang tsa maitirelo tse di tshwanang le maoto a mmamagwatagwatane mo boemong jwa Velcro—e leng selo se sengwe gape se le sone se dirilweng ka go tsaya malebela go tswa mo dilong tsa tlhago.a Makasine wa The Economist o nopola mmatlisisi mongwe a re selo se se dirilweng ka “sekgomaretsi se se dirilweng ka boboa jwa maoto a mmamagwatagwatane” se ne se ka thusa thata “mo dilong tsa kalafi fa go ka se kang ga dirisiwa dikgomaretsi tsa dikhemikale gone.”

      Ke Mang yo o Tshwanetseng go Newa Tlotlo?

      Go ntse go le jalo, setheo sa National Aeronautics and Space Administration se tshwaragane le go dira roboto e e maoto mantsi e e tsamayang jaaka phepheng, mme baenjeniri ba kwa Finland ba setse ba dirile terekere e e maoto marataro e e kgonang go palama dilo jaaka serintlha sa tshenekegi se dira. Babatlisisi bangwe ba dirile selo se e keteng letsela se se nang le diphukanyana tse di phaphaselang tse di bulegang le go tswalega jaaka dikhouno tsa setlhare sa phaene. Khampani nngwe e e dirang dikara yone e dira koloi e e borethe jaaka tlhapi ya boxfish. Mme babatlisisi ba bangwe bone ba leka go bona tsela e kgetla ya tlhapi ya abalone e sireletsang ka yone, e le gore ba kgone go dira sesireletsa mmele se se motlhofonyana, mme se le thata.

      Go tserwe malebela a dilo tse dintsi jaana go tswa mo dilong tsa tlhago mo e leng gore babatlisisi ba dirile lenaane la dilo tse dintsi thata tse di dirilweng tse di kopisitsweng mo dilong tse di tshelang mme ba kwala tshedimosetso eo yotlhe mo khomputareng. Makasine wa The Economist wa re baitsesaense ba ka kgona go batlisisa mo tshedimosetsong eno “go bona tsela e dilo tsa tlhago di ntseng ka yone fa ba batla go dira sengwe.” Thulaganyo eno ya dilo tsa tlhago e e mo tshedimosetsong eno e e tsentsweng mo khomputareng e bidiwa “laesense ya dilo tsa tlhago.” Gantsi motho yo o tshwereng laesense ya sengwe ke motho kgotsa khampani e e nang le ditshwanelo tsa semolao tsa go dirisa motšhini o mosha kgotsa kgopolo nngwe e ntšha. Fa makasine wa The Economist o ne o tlotla ka tshedimosetso eno e e mo khomputareng, e e leng laesense ya dilo tsa tlhago, o ne wa re: “Ka go bitsa tshedimosetso eno e e tlhalosang malebela a a tserweng mo dilong tsa tlhago go twe ke ‘laesense ya dilo tsa tlhago,’ babatlisisi ba mpa fela ba gatelela ntlha ya gore totatota tlhago ke yone mong wa laesense eno.”

      Go tlile jang gore tlhago e nne le dikgopolo tse dintlentle tseno? Babatlisisi ba le bantsi ba tla go bolelela gore se re se bonang mo dilong tsa tlhago se se bontshang gore dilo tseno di dirilwe ka botlhale tota ke fela gore ka dimilionemilione tsa dingwaga dilo di ne di ntse di iphetogela fela ka botsone go nna tse dingwe go se na yo o di laolang. Le fa go ntse jalo, babatlisisi ba bangwe bone ba fitlhelela tshwetso e nngwe. Mankge yo o ithutang ka ditshedi e bong Michael Behe o ne a kwala mo go The New York Times ka 2005, a re: “Dilo tse di bonalang sentle [mo dilong tsa tlhago] tse di nayang bosupi jwa gore di dirilwe, di gatelela ntlha e le nngwe fela: fa selo se lebega, se tsamaya e bile se lela jaaka pidipidi, mme go se na sepe se se bontshang gore ga se pidipidi, go raya gore ke pidipidi.” Go tswa foo o ne a swetsa ka goreng? “Fa e le fa re kgona go bona sentle fela gore selo se dirilwe, ga re a tshwanela go latola gore se dirilwe.”

      Ga go na pelaelo gore moenjiniri yo o dirileng lefuka la sefofane se go seng kotsi go se palama, e bile le kgona go fofisa sefofane o tshwanetse a newa tlotlo ka se a se dirileng. Ka tsela e e tshwanang, motlhami yo o kgonang go dira sefapo se o kgonang go se dirisetsa dilo tse dintsi—kgotsa yo o kgonang go dira letsela le le bothitho kgotsa koloi e e kgonang go tsamaya sentle—o tshwanelwa ke go tlotlwa ka ntlha ya se a se dirileng. Tota e bile, motlhami yo o kopisang selo se se dirilweng ke motho yo mongwe mme a bo a sa kaye gore o kopisitse selo seo mo go mang, a ka tsewa e le senokwane.

      Ka jalo a go a utlwala mo go wena gore mmatlisisi yo o setswerere, yo o kgonang go kopisa dilo ka botlhale go tswa mo dilong tsa tlhago go rarabolola bothata bongwe jo bo boima mo dilong tse a di dirang, a bo a ka re go itiragaletse fela gore se sengwe se fetoge ka bosone go nna se sengwe go se na motho yo o botlhale yo o se dirang jalo? Fa selo se se kopisitsweng se tlhoka gore se bo se na le motlhami yo o botlhale, go tweng ka se a kopisitseng go tswa mo go sone? Totatota ke mang yo o tshwanetseng go newa tlotlo thata? A ke motaki yo mogolo kgotsa ke moithuti yo o kopisang mokgwa wa gagwe wa botaki?

      Tshwetso E re Ka Fitlhang mo go Yone

      Batho ba le bantsi ba ba akanyang, fa ba sena go sekaseka bosupi jo bo bontshang gore dilo tsa tlhago di dirilwe, ba bua mafoko a a tshwanang le a mopesalema yo o neng a kwala a re: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.” (Pesalema 104:24) Mokwadi wa Baebele e bong Paulo le ene o ne a fitlhelela tshwetso e e tshwanang. O ne a kwala a re: “Gonne dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.”—Baroma 1:19, 20.

      Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba peloephepa ba ba tlotlang Baebele e bile ba dumela mo Modimong ba ka nna ba dumela gore Modimo a ka tswa a ile a dirisa mokgwa wa go dira gore dilo di iphetogele fela ka botsone go nna tse dingwe fa a ne a bopa dilo tse dintsi tse di gakgamatsang tsa tlhago. Le fa go ntse jalo, Baebele yone e ruta eng?

      [Ntlha e e kwa tlase]

      a Velcro ke sedirisiwa se se dirisiwang go kopela se dikarolo tsa sone tse pedi di kgomarelanang fa di tswala se se tshwanang le dipeo tsa semela se se mitlwa sa burdock.

      [Mafoko a a mo go tsebe 5]

      Go tlile jang gore tlhago e nne le dikgopolo tse dintsi jaana tse dintle?

      [Mafoko a a mo go tsebe 6]

      Laesense ya dilo tsa tlhago e tshwerwe ke mang?

      [Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

      Fa selo se se kopisitsweng se tlhoka gore se bo se na le motlhami yo o botlhale, go tweng ka se a kopisitseng go tswa mo go sone?

      Maoto a mmamagwatagwatane ga a tlale leswe, ga a tlogele motlhala, a kgona go kgomarela sengwe le sengwe fela ntle le mo selong se se dirilweng ka khemikale ya Teflon, mme ga a nne le mathata go kgomarela mo sengweng le go ikgomorolola mo go sone. Babatlisisi ba leka go e kopisa

      Sefofane seno se se kgonang go fofa bonolo fela se dirilwe ka gore go tsewe malebela mo diphukeng tsa nonyane ya mo metsing

      Borethe jwa tlhapi ya “boxfish” bo dirile gore badiri ba koloi ba batle go tsaya malebela go tswa mo go yone mme ba dira koloi jalo

      [Metswedi ya Ditshwantsho]

      Airplane: Kristen Bartlett/University of Florida;gecko foot: Breck P. Kent;box fish and car: Mercedes-Benz USA

      [Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8]

      DITSHEDI TSE DI KGONANG GO BONA TSELA, TSE DI BOTLHALE KA TLHOLEGO

      Ditshedi tse dintsi di “botlhale ka tlholego” ka tsela e di kgonang go bona tsela ka yone go dikologa Lefatshe. (Diane 30:24, 25) Akanya ka dikai tseno tse pedi.

      ◼ Tsela ya go Laola Pharakano mo Ditshoswaneng Ditshoswane tse di senkang dijo di kgona jang go bona tsela ya go boela kwa mesimeng ya tsone? Babatlisisi kwa United Kingdom ba lemogile gore mo godimo ga gore di tshwaye ditselana tsa tsone ka go tlogela monko, ditshoswane dingwe di dirisa mokgwa mongwe wa dipalo go dira metlhala e e di thusang go bona magae a tsone motlhofo. Ka sekai, buka ya New Scientist ya re ditshoswane tse di bidiwang di-pharaoh ant “di dira metlhala e e tswang mo mosimeng wa tsone e e ka dirang dienkele tsa didikirii di le 50 go ya go di le 60.” Ke eng se se gakgamatsang ka mokgwa ono? Fa tshoswane e boela kwa mosimeng wa yone mme e fitlha fa metlhala e aroganang gone, ka tlholego fela e tsaya motlhala o o sa tsweng thata mo tseleng ya yone, o o tla e isang kwa mosimeng wa yone. Buka eno ya re “tsela eno ya go dirisa dipalo go dira mafaratlhatlha ano a ditsela e thusa ditshoswane go kgona go tsamaya sentle mo mafaratlhatlheng ano, bogolo jang fa ditshoswane tseno di ya dintlheng tse di farologaneng mo go one mafaratlhatlha ano, mme e thusa ditshoswane tseno gore di se ka tsa senya maatla a tsone di ya kwa di sa tshwanelang go ya teng.

      ◼ Kompase ya Dinonyane Dinonyane di le dintsi di kgona go bona tsela e e yang kwa mafelong a a kgakala thata ka nepo le gone di e bona mo mefuteng yotlhe ya maemo a bosa. Di dira seno jang? Babatlisisi ba lemogile gore dinonyane di kgona go lemoga kwa makenete wa lefatshe o leng gone. Lekwalopaka la Science le bolela gore le fa go ntse jalo “makenete wa lefatshe o farologana go ya ka mafelo gape ga se ka metlha o supang sentle kwa bokone bo gone.” Ke eng se se thusang dinonyane tse di fudugang gore di se ka tsa latlhega? Go bonala dinonyane di kgona go baakanya kompase ya tsone gore e tsamaisane le letsatsi fa le phirima maitseboa mangwe le mangwe. Lekwalopaka leno la Science le tlhalosa gore e re ka phirimo ya letsatsi a fetofetoga go ya ka lefelo le o leng mo go lone le go ya ka dipaka tsa ngwaga, babatlisisi ba akanya gore dinonyane tseno di tshwanetse tsa bo di kgona go lemoga diphetogo tseno di thusiwa ke “tshupanako e e mo go tsone e e di bontshang gore di mo pakeng efe ya ngwaga.”

      Ke mang yo o rutileng ditshoswane go kgona go tlhaloganya dipalo? Ke mang yo o neileng dinonyane kompase, yo o di neileng tshupanako, le boboko jo bo kgonang go bala tshedimosetso e didirisiwa tseno di e ntshang? A go itiragaletse fela fa ditshedi tseno di ne di fetoga go nna tse dingwe ka tsela e e se nang tlhaloganyo? Kgotsa a di dirilwe ke Mmopi mongwe yo o botlhale?

      [Motswedi wa Setshwantsho]

      © E.J.H. Robinson 2004

  • A Modimo O ne Wa Bopa Ditshedi ka go Dirisa Mokgwa wa go Iphetogela ga Dilo go Nna tse Dingwe?
    Tsogang!—2006 | September
    • A Modimo O ne Wa Bopa Ditshedi ka go Dirisa Mokgwa wa go Iphetogela ga Dilo go Nna tse Dingwe?

      “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.”—TSHENOLO 4:11.

      KA BONAKONYANA fela morago ga gore Charles Darwin a anamise kgopolo ya gore dilo di nnile teng ka gore tse dingwe di iphetogele fela ka botsone go nna tse dingwe, ditumelo di le dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete di ne tsa simolola go batla ditsela tsa go nyalanya go dumela ga tsone mo Modimong le go dumela mo kgopolong eno ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe.

      Gompieno, dikereke di le dintsi tse di itsegeng tsa “Bokeresete” di bonala di rata go amogela kgang ya gore Modimo o tshwanetse a bo a ile a dirisa mokgwa ono wa go iphetogela ga dilo go nna tse dingwe ka tsela nngwe fa a ne a bopa ditshedi. Dingwe di ruta gore Modimo o dirile lobopo ka tsela ya gore dikhemikale tse di sa tsheleng, tsone ka botsone di iphetole go nna dilo tse di tshelang, mme kgabagare di feleletse di dirile motho. Ba ba dumelang thuto eno, e go tweng ke go dumela mo go reng Modimo o dirisitse mokgwa wa go iphetogela ga dilo go nna tse dingwe go bopa dilo, ba dumela gore e ne ya re fela fa tiragalo ya popo e sena go simolola, Modimo ga wa ka wa tlhola o tsenya letsogo. Ba bangwe ba akanya gore totatota Modimo o ne wa letla mokgwa wa go iphetogela ga dilo ka botsone di nna tse dingwe gore o dire mefuta e le mentsi ya dimela le diphologolo, mme nako le nako o ne a ntse a tsenelela go dira gore mokgwa ono o kgone go fetela mo logatong lo lo latelang.

      Go Nyalanya Dithuto Tse Pedi Tseno—A go A Kgonega?

      A thuto eno ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe e tsamaisana le se se rutiwang ke Baebele? Fa e le gore e boammaaruri, he go raya gore pego ya Baebele kaga go bopiwa ga motho wa ntlha, e bong Adame, tota ke kgang fela e boikaelelo jwa yone e leng go re ruta thuto nngwe kaga boitshwaro, mme ga go a tshwanelwa gore e tsewe jaaka e ntse. (Genesise 1:26, 27; 2:18-24) A ke kafa Jesu a neng a leba pego eno ya Baebele ka teng? Jesu o ne a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:4-6.

      Jesu fano o ne a nopola pego e e buang ka popo e e kwadilweng mo go Genesise kgaolo 2. Fa e le gore Jesu o ne a dumela gore lenyalo la ntlha e ne e le la ditlhamane fela, a o ne a tla bua ka lone go tshegetsa ntlha e a neng a e ruta, e leng gore lenyalo ke selo se se boitshepo? Nnyaa. Jesu o ne a umaka pego ya Genesise ka gonne a ne a itse gore ke selo se se diragetseng.—Johane 17:17.

      Barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba dumela pego ya Genesise e e buang ka popo. Ka sekai, Efangele ya ga Luke e re naya lenaane la tatelano ya losika lwa boJesu go ya go fitlha fela kwa go Adame. (Luke 3:23-38) Fa e ne e le gore Adame ke motho wa tlhamane fela, ke bomang mo lenaaneng leno la tatelano ya losika ba e neng e tla bo e le batho ba mmatota, mme ke bomang ba e neng e tla nna batho ba tlhamane fela? Fa e le gore tshimologo ya losika lono ke batho ba ditlhamane fela, go bua ga ga Jesu a re ke Mesia, yo o tshotsweng mo losikeng lwa ga Dafide, go ne go tla bo go le boammaaruri go le kana kang? (Mathaio 1:1) Luke, mokwadi wa Efangele o ne a re o “latedisitse dilo tsotlhe ka tlhomamo go tswa kwa tshimologong.” Go bonala sentle gore o ne a dumela gore pego ya Genesise e e buang ka popo e boammaaruri.—Luke 1:3.

      Tumelo ya ga moaposetoloi Paulo mo go Jesu e ne e golagana le go dumela ga ga Paulo pego ya Genesise. O ne a kwala a re: “E re ka loso lo le ka motho, tsogo ya baswi le yone e ka motho. Gonne fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.” (1 Bakorintha 15:21, 22) Fa e le gore Adame ga se ene mogologolwane wa batho botlhe ka tsela ya mmatota, ene yo ‘boleo bo neng jwa tsena mo lefatsheng ka ene le loso ka boleo,’ ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a tshwanelwa ke go swa gore a dirolole ditlamorago tsa boleo jo re bo ruileng?—Baroma 5:12; 6:23.

      Go dira gore motho a se ka a nna le tumelo mo pegong ya Genesise e e buang ka popo, go tshwana le go reketlisa one motheo wa tumelo ya Bokeresete. Thuto ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe le dithuto tsa ga Keresete ga di tsamaisane. Go leka go nyalanya dithuto tse pedi tseno go ka dira fela gore motho a feleletse a na le tumelo e e bokoa e e tla dirang gore a feleletse a ‘heheutlelwa kwa le kwa jaaka e kete o heheutlwa ke makhubu e bile a akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto.’—Baefeso 4:14.

      Tumelo e e Theilweng mo Motheong o o Nitameng

      Ka makgolokgolo a dingwaga Baebele e ile ya nna ya tshwaiwakaka diphoso le go tlhaselwa. Mme nako le nako e ile ya nna ya itshupa e le boammaaruri. Fa Baebele e bua ka hisitori, boitekanelo, le saense, nako le nako dipego tsa yone di ile tsa nna tsa itshupa gore di ka ikanngwa. Kgakololo ya yone malebana le ditirisano tsa batho e a ikanyega e bile ga e felelwe ke nako. Difilosofi le dithuto tsa batho, fela jaaka bojang jo botala, di a tlhoga di bo di swaba fa nako e ntse e ile, mme Lefoko la Modimo “le tla nna ka bosakhutleng.”—Isaia 40:8.

      Thuto ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe ga se thuto ya saense fela. Ke filosofi ya batho e e ileng ya simologa ya ba ya nna ya gola ka masomesome a dingwaga. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, thuto e e dumelwang gone jaanong ya ga Darwin ya gore dilo di ile tsa iphetogela ka botsone go nna tse dingwe, yone ka boyone e ile ya nna ya fetoga ka iketlo—mme ya fetoga fela thata—jaaka fa batho ba ntse ba leka go tlhalosa bosupi jo bo ntseng bo oketsega jo bo bontshang gore dilo tse re di bonang mo lefatsheng di bopilwe. Re go kgothaletsa gore o nne o sekaseke kgang eno go ya pele. O ka dira jalo ka go sekaseka ditlhogo tse dingwe tse di mo makasineng ono. Mo godimo ga moo, o ka rata gape go bala dikgatiso tse di bontshitsweng mo tsebeng eno le mo tsebeng ya 32.

      Go ka direga gore fa o sena go batlisisa ka kgang eno, o fitlhele gore go ikanya ga gago se Baebele e se buang ka dilo tsa nako e e fitileng go a nonotshiwa. Se se botlhokwa le go feta, tumelo ya gago mo go se Baebele e se solofetsang ka isagwe e tla nonotshiwa. (Bahebera 11:1) Gape o ka nna wa iphitlhela o tlhotlheletsega go baka Jehofa, “Modiri wa legodimo le lefatshe.”—Pesalema 146:6.

      DIKGATISO TSE DINGWE TSE O KA DI BALANG

      Buka ya Batho Botlhe Mo boroutšhareng jono go tlotlwa ka dikai tsa dilo tse di bontshang gore Baebele e boammaaruri

      Is There a Creator Who Cares About You? Tlhatlhoba bosupi jo bongwe jwa saense, o bo o ithute gore ke ka ntlha yang fa Modimo yo o amegang a letleletse pogo e kanakana

      Totatota Baebele e Ruta Eng? Potso e e reng Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe? e arabiwa mo kgaolong 3 ya buka eno

      [Mafoko a a mo go tsebe 10]

      Jesu o ne a dumela pego ya Genesise e e buang ka popo. A o ne a dumela selo se se seng boammaaruri?

      [Lebokoso mo go tsebe 9]

      FA GO BUIWA KA GO IPHETOGELA GA DITSHEDI KA BOTSONE DI NNA TSE DINGWE GO TEWANG?

      Tlhaloso nngwe e e ntshiwang ya kgopolo eno ke gore: “Go fetoga ga selo go nna sengwe se sele.” Le fa go ntse jalo, kgopolo eno e ka dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, e dirisiwa go tlhalosa diphetogo tse dikgolo tse di diregang mo dilong tse di sa tsheleng—go nna teng ga lobopo. Mo godimo ga moo, lefoko leno le dirisiwa go tlhalosa diphetogo tse dinnye mo dilong tse di tshelang—tsela e dimela le diphologolo di fetogang ka teng gore di kgone go tsamaisana le tikologo e di leng mo go yone. Le fa go ntse jalo, polelo eno gantsi e dirisiwa go tlhalosa kgopolo ya gore botshelo bo simolotse mo dikhemikaleng tse di sa tsheleng, ya tloga ya nna disele tse di kgonang go ikatisa, mme ka iketlo tsa nna tsa fetoga go nna ditshedi tse di raraaneng, mme ditshedi tse di botlhale thata tse di neng tsa di tlhagisa e ne ya nna batho. Fa go buiwa ka “go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe” mo setlhogong seno, e a bo e le ka kgopolo eno ya boraro.

      [Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

      Space photo: J. Hester and P. Scowen (AZ State Univ.), NASA

  • Re ne Ra Buisana le Mankge mo go Tsa Saense ya Ditshedi
    Tsogang!—2006 | September
    • Re ne Ra Buisana le Mankge mo go Tsa Saense ya Ditshedi

      KA 1996, Michael J. Behe, yo gone jaanong e leng porofesa wa saense e e amanang le tsela e dikhemikale tsa ditshedi di berekang ka yone, kwa Yunibesithing ya Lehigh kwa Pennsylvania, U.S.A., o ne a golola buka ya gagwe e e reng Darwin’s Black Box—The Biochemical Challenge to Evolution. Makasine wa Tsogang! wa May 8, 1997 (ka Seesemane) o ne o na le motseletsele wa ditlhogo tse di neng di botsa gore: “Go Tlile Jang Gore Re bo Re le Mono?—A ke Ka Kotsi Kgotsa a re Bopilwe?” mme di ne tsa umaka buka eno ya ga Behe. Dingwaga di le lesome fa e sale buka ya Darwin’s Black Box e gatisiwa, baitsesaense ba ba buelelang thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe ba ile ba leka go ganetsa se Behe a se buang mo bukeng eno. Batshwayadiphoso ba ile ba nyatsa Behe, ba re o letla bodumedi jwa gagwe—o tsena kereke ya Katoliki ya Roma—bo mo kgoreletsa go akanya jaaka baitsesaense ba tshwanetse go akanya. Ba bangwe ba re se a se tlhalosang ga se dumalane le saense. Tsogang! e ile ya buisana le Porofesa Behe go utlwa gore ke ka ntlha yang fa dikgopolo tsa gagwe di tsositse kganetsano e kanakana.

      TSOGANG!: KE KA NTLHA YANG FA O AKANYA GORE DILO TSE DI TSHELANG DI RE NAYA BOSUPI JWA GORE DI NA LE MOTHO YO O BOTLHALE YO O DI BOPILENG?

      POROFESA BEHE: Nako le nako fa re bona dilo tse di rulagantsweng ka tsela nngwe e e raraaneng, re lemoga gore go raya gore di dirilwe ka boikaelelo. Tsaya ka sekai, metšhini e re e dirisang letsatsi le letsatsi—koloi, kgotsa motšhini o o segang bojang, kgotsa gongwe le eleng dilonyana tse dinnye. Sekai se ke ratang go se dirisa ke sedirisiwa se se diretsweng go tshwara dipeba. O kgona go bona gore se dirilwe ka boikaelelo ka gonne o bona dikarolo tse di farologaneng tsa sedirisiwa seno di beilwe ka tsela ya gore di kgone go tshwara peba.

      Saense e gatetse pele thata mo e leng gore jaanong e kgona go bona kafa dikarolwana tse dinnye thata tsa setshedi di dirang ka teng go boloka setshedi seo se tshela. Mme sengwe se se re gakgamaditseng le go feta ke gore baitsesaense ba bone metšhini e e raraaneng e e berekang ya dikarolwana tse dinnye tseno tsa ditshedi. Ka sekai, mo teng ga disele tse di tshelang go na le “dilori” tse dinnye thata tse di rwalang dilo go tswa mo letlhakoreng le lengwe la sele go ya kwa letlhakoreng le lengwe. Go na le “matshwao” a mannye thata a a bolelelang “dilori” tseno gore di ye kwa molemeng kgotsa kwa mojeng. Disele dingwe di na le “dienjene” tse dinnye thata tse di tsamaisang disele tseno ka seedi. Mo maemong le fa e ka nna afe a mangwe, fa batho ba bona tsela e e raraaneng thata jaana e dilo tseno di dirang ka yone, ba fetsa ka gore dilo tseno di rulagantswe ka boikaelelo. Ga go na tlhaloso e nngwe e re ka e ntshang go tlhalosa go raraana gono ga dilo, le fa Darwin a tlile ka thuto ya gagwe ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe. E re ka re ntse re tlhola re bona nako le nako gore fa dilo di rulagantswe ka tsela eno go raya gore di dirilwe ka boikaelelo, go a utlwala gore re akanye gore go dira ga dikarolwana tse dinnye thata tseno tsa ditshedi go rulagantswe ke motho mongwe yo o botlhale.

      TSOGANG!: O AKANYA GORE KE KA NTLHA YANG FA BA LE BANTSI BA BADIRIKAWENA BA SA DUMALANE LE WENA MO KGANNYENG YA GORE DILO DI TSHWANETSE TSA BO DI NA LE MOTHO YO O BOTLHALE YO O DI DIRILENG?

      POROFESA BEHE: Baitsesaense ba le bantsi ga ba dumalane le nna ka gonne ba lemoga gore kgopolo ya gore go na le motho mongwe yo o botlhale yo o dirileng dilo e raya gore dilo ga di a direga ka tsela ya saense—gore go bonala e raya gore dilo ga di a direga ka tsela ya tlholego. Kgopolo eno e dira gore ba le bantsi ba ikutlwe ba sa gololesega. Le fa go ntse jalo, ka metlha ke ile ka nna ka rutiwa gore saense e tshwanetse go latela sengwe le sengwe se bosupi bo se bontshang. Ka pono ya me ke bogatlapa go gana selo se bosupi bo se bontshang sentle fela ka gonne o akanya gore tshwetso e e rileng e ka nna ya se ka ya amogelwa ke filosofi.

      TSOGANG!: O KA ARABA JANG BATSHWAYADIPHOSO BA BA RENG GO AMOGELA KGOPOLO YA GORE GO NA LE MOTHO YO O BOTLHALE YO O DIRILENG DILO GO BONTSHA BOTLHOKAKITSO?

      POROFESA BEHE: Motho o fitlhelela tshwetso ya gore selo se dirilwe ka boikaelelo e seng ka ntlha ya botlhokakitso. Ga re a e fitlhelela ka ntlha ya se re sa se itseng; mme ke ka ntlha ya se re se itseng. Fa Darwin a ne a gatisa buka ya gagwe ya The Origin of Species dingwaga di le 150 tse di fetileng, ditshedi di ne di bonala di sa raraana. Baitsesaense ba ne ba akanya gore sele ke selo se se sa raraanang, mo e leng gore ba ne ba akanya gore e ka kgona go ipumpunyegela fela ka boyone mo seretseng. Mme fa e sa le ka nako eo, saense e bone gore disele ke dilo tse di raraaneng thata, di raraane thata go feta metšhini ya lekgolo la rona la bo21 la dingwaga. Go dira ga dilo ka tsela e e raraaneng jaana go bontsha gore di dirilwe ka boikaelelo.

      TSOGANG!: A SAENSE E KILE YA LEKA GO NTSHA BOSUPI JWA GORE GO IPHETOGELA GA DITSHEDI KA BOTSONE GO NNA TSE DINGWE, E DIRISA MOKGWA WA GORE TLHAGO ITLHOPHELE MO DI TLA NNANG GONE, E KA TSWA E LE GONE GO GO DIRILENG DIKAROLWANA TSE DINNYE TSE O BUANG KA TSONE TSE DI RARAANENG TSA DITSHEDI?

      POROFESA BEHE: O ka batlisisa mo bukeng le fa e le efe ya saense, o tla lemoga gore ga go na motho ope yo o kileng a tsaya matsapa—e ka tswa e le ka go dira ditekeletso kgotsa ka go bontsha selo sengwe se se supiwang ke saense—a go bontsha gore dikarolwana tseno tse dinnye di itlhagetse jang ka mokgwa wa ga Darwin. Ga go na ope yo o kileng a dira jalo le mororo mo dingwageng tse di lesome fa e sale buka ya me e gatisiwa, mekgatlho e le mentsi ya saense, e e tshwanang le National Academy of Sciences le American Association for the Advancement of Science, e ikuetse fela thata mo malokong a yone gore a dire sotlhe se ba ka se kgonang go gana kgopolo ya gore ditshedi di bontsha gore go na le motho yo o botlhale yo o di dirileng.

      TSOGANG!: O ARABA JANG BA BA BONTSHANG KA DIKAROLO DINGWE TSA DIJALO KGOTSA DIPHOLOGOLO TSE BA BOLELANG GORE GA DI A DIRWA SENTLE?

      POROFESA BEHE: Lebaka fela la go bo ga re itse gore boikaelelo jwa serwe sengwe mo setsheding ke eng ga le reye gore ga se na karolo e e botlhokwa e se e dirang mo setsheding. Ka sekai, dirwe dingwe tse go neng go dumelwa gore ga di dire sepe mo mmeleng, go kile ga bo go akanngwa gore di bontsha gore mmele wa motho kgotsa wa setshedi sengwe ga wa dirwa sentle. Ka sekai, appendix le dikodu go kile ga bo go dumelwa gore ke dirwe tse di sa direng sepe mo mmeleng wa motho mme batho ba ne ba ariwa go di ntsha. Mme jaanong go ne ga tlhokomelwa gore dirwe tseno di na le se di se dirang mo thulaganyong ya mmele ya go lwantsha malwetse mme jaanong ga di tlhole di tsewa e le dirwe fela tse di sa direng sepe mo mmeleng.

      Ntlha e nngwe e re tshwanetseng go e gakologelwa ke gore mo ditsheding dilo dingwe go bonala di na le go itiragalela fela ka botsone. Mme lebaka fela la gore koloi ya me e bobetsegile golo gongwe, kgotsa e fedile mowa mo leotwaneng ga le reye gore koloi eno kgotsa leotwana leno ga le a dirwa ka boikaelelo. Ka tsela e e tshwanang, ntlha ya go bo dilo dingwe di itiragalela fela ka botsone mo ditsheding ga le reye gore metšhine e mennye thata e e raraaneng ya botshelo e itlhagetse fela ka boyone. Go dumela jalo ga go dire tlhaloganyo.

      [Mafoko a a mo go tsebe 12]

      “Ka pono ya me ke bogatlapa go gana selo se bosupi bo se bontshang sentle fela ka gonne o akanya gore tshwetso e e rileng e ka nna ya se ka ya amogelwa ke filosofi”

  • Go Iphetogela ga Ditshedi ka Botsone go Nna Tse Dingwe—A Tota go Diragetse Jalo?
    Tsogang!—2006 | September
    • Go Iphetogela ga Ditshedi ka Botsone go Nna Tse Dingwe—A Tota go Diragetse Jalo?

      “NTLHA ya gore ditshedi di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe ke selo sa mmatota fela jaaka mogote o o tswang kwa letsatsing e le selo sa mmatota,” go rialo Porofesa Richard Dawkins, e bong rasaense yo o itsegeng thata yo o buelelang kgopolo ya gore ditshedi di iphetogetse fela ka botsone ya nna tse dingwe. Ke boammaaruri gore diteko le dilo tse di ileng tsa elwa tlhoko di a supa gore letsatsi le na le mogote. Mme a diteko le dilo tse di ileng tsa elwa tlhoko di a supa ka tsela e e tshwanang gore thuto ya gore ditshedi di iphetogetse fela ka botsone e boammaaruri?

      Pele ga re araba potso eo, re tshwanetse go tlhalosa ntlha nngwe pele. Baitsesaense ba le bantsi ba ile ba lemoga gore fa nako e ntse e tsamaya, ditshedi tse di tswang mo ditsheding tse dingwe di kgona go tlhaga ka sebopego se se fetogileng go sekae. Charles Darwin o ne a bitsa seno “go tlhaga ga selo ka sebopego se sele fa se tswa mo go se sengwe.” Diphetogo tseno di ile tsa elwa tlhoko, tsa lemogiwa fa go dirwa ditekeletso, tsa ba tsa dirisiwa ka botlhale ke batho ba ba berekanang le dimela le diphologolo.a Diphetogo tseno di ka tsewa e le dilo tsa mmatota tse di diregang. Le fa go ntse jalo, baitsesaense ba bitsa diphetogonyana tseno “diphetogo tse di nnye tse di diregang mo ditsheding.” Tota le leina leno ka bolone le kaya se baitsesaense ba le bantsi ba se buang ba gatelela—e leng gore diphetogonyana tse dinnye tseno di naya bosupi jwa gore go na le mofuta o mongwe o o farologaneng gotlhelele wa diphetogo, mofuta o go se nang ope yo o kileng a o bona, o ba o bitsang diphetogo tse dikgolo tse di diregang mo ditsheding.

      Wa bona, fano Darwin o ne a sa bue fela ka diphetogonyana tse batho ba kgonang go di bona. Mo bukeng ya gagwe e e tumileng ya The Origin of Species o ne a kwala a re: “Ke leba ditshedi tsotlhe tse di leng teng, e se selo se sengwe le sengwe sa tsone se bopilweng ka tsela e e kgethegileng, mme ke di leba e le tse di tswang mo ditsheding tse dingwe tse di neng di le palo e potlana.” Darwin o ne a re morago ga lobaka lo loleele thata, “ditshedi [tseno] tse di neng di le palo e potlana,” kgotsa tse ba reng ke ditshedi tse di kwa tlase, di ne tsa fetoga ka iketlo—ka gore go nne le “diphetogo tse dinnyennye thata”—mme tsa feleletsa e le ditshedi tse di dimilionemilione tse di leng teng mo lefatsheng. Ba ba buelelang kgopolo eno ba ruta gore diphetogonyana tseno di ne tsa nna tsa oketsega go fitlhelela di feleletsa e le diphetogo tse dikgolo tse di neng di tlhokega go dira gore tlhapi e fetoge go nna phologolo e e kgonang go nna ka bobedi mo metsing le mo lefatsheng le le omileng, le go dira gore kgabo e fetoge go nna motho. Diphetogo tseno tse ba reng ke diphetogo tse dikgolo di bidiwa diphetogo tse dikgolo tse di diregang mo ditsheding. Mo go ba le bantsi, ntlha eno ya bobedi e utlwala e dira tlhaloganyo. Ba ipotsa jaana, ‘Fa e le fa go kgonega go nna le diphetogo tse dinnye mo teng ga mofuta o le mongwe wa setshedi, ke ka ntlha yang fa mokgwa wa go iphetola ga ditshedi ka botsone go nna mofuta o mongwe wa ditshedi o ka se ka wa kgona go dira diphetogo tse dikgolo fa go sena go feta lobaka lo loleele?’

      Thuto ya gore go nnile ga direga diphetogo tse dikgolo mo ditsheding e theilwe mo ditumelong di le tharo tse dikgolo:

      1. Go fetoga ga dijini gore ditshedi di tshwanele tikologo e di leng mo go yone (mutation) go dira gore go feleletse go tlhagile mofuta o mosha wa ditshedi.b

      2. Go itlhophela ga tlhago mofuta wa ditshedi tse di tla nnang mo tikologong e e rileng (natural selection) go dira gore go feleletse go na le mefuta e mesha ya ditshedi.

      3. Rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo (fossil record) e bontsha gore eleruri go nnile le diphetogo tse dikgolo mo dimeleng le mo diphologolong.

      A go na le bosupi jwa gore eleruri diphetogo tse dikgolo jalo mo ditsheding di ile tsa direga mo go ka tsewang gore ke selo se tota se leng teng?

      A go Fetoga ga Dijini mo Ditsheding go ka Kgona go Tlhagisa Mofuta o Mosha wa Ditshedi?

      Dintlha di le dintsi ka semela kgotsa phologolo nngwe di laolwa ke melao e e mo dijining, selo se e keteng polane mo teng ga karolo e e mo garegare (nucleus) ya sele nngwe le nngwe.c Babatlisisi ba lemogile gore phetogo nngwe le nngwe e e ka diregang mo dijining tsa semela kgotsa tsa phologolo e ka fetola semela se sesha kgotsa ngwana wa phologolo eo. Ka 1946, Hermann J. Muller, yo o kileng a gapa Sekgele sa Nobel, e bile e le mosimolodi wa dipatlisiso kaga go fetoga ga dijini, o ne a bolela jaana: “Ga se fela gore batho ba dirisa diphetogo tseno tse di diregang sewelo, e bile di le dinnye thata fa ba batla go fetola phologolo nngwe kgotsa semela sengwe, mme gape mokgwa ono ke one o tlhago e ntseng e o dirisa go dira gore mofuta o o rileng wa ditshedi o iphetole ka boone gore o nne mofuta o mongwe, tlhago e dirisa thulaganyo ya go itlhophela mofuta wa setshedi se se tla tshelang mo tikologong e e rileng.”

      Ee, thuto ya gore go a kgonega gore go direge diphetogo tse dikgolo mo ditsheding e theilwe mo go reng go fetoga ga dijini go ka dira gore go runye, e seng fela mefuta e mesha ya setshedi, mme gape le losika lo losha gotlhelele lwa dimela le diphologolo. A go na le tsela ya go supa gore selo seno se ba se buang ka bopelokgale jaana se boammaaruri? Akanya ka se se neng sa fitlhelelwa morago ga dingwaga di le 100 go dirwa dipatlisiso mo dijining.

      Mo dingwageng tsa bofelo tsa bo1930, baitsesaense ba ne ba itumelela go amogela kgopolo ya gore fa e le fa tlhago e kgona go itlhophela ka boyone mofuta wa ditshedi tse di tla tshelang mo tikologong e e rileng, mme ka go dira jalo e kgona go tlhagisa mefuta e mesha ya dimela ka go fetola dijini tsa tsone, go raya gore mokgwa wa maitirelo wa go fetola dijini le one o tshwanetse wa kgona go tlhagisa mofuta o mosha wa setshedi kwantle ga mathata. “Go ile ga tsoga boitumelo jo bo seng kana ka sepe mo gare ga batho ba le bantsi ba ba ithutang ka ditshedi le ba ba ithutang ka dijini, mme segolobogolo mo gare ga ba ba berekanang le mefuta ya dimela le diphologolo,” go ne ga rialo Wolf-Ekkehard Lönnig, e bong rasaense go tswa kwa Max Planck Institute for Plant Breeding Research (setheo se se dirang dipatlisiso ka mefuta ya dimela) kwa Jeremane, fa a ne a botsolodiwa ke bakwadi ba Tsogang! Ba itumedisiwa ke eng se se kana kana? Lönnig, yo o feditseng dingwaga di ka nna 28 a ntse a ithuta ka go fetoga ga dijini mo dimeleng, o ne a re: “Babatlisisi bano ba ne ba ithaya ba re jaanong nako e gorogile ya gore ba fetole mekgwa e e tlholang e dirisiwa ya go godisa dimela le go tsadisa diphologolo. Ba ne ba ithaya ba re ka go tlhopha dijini le go di fetola ka tsela e ba batlang ka yone, ba ka kgona go tlhagisa dimela le diphologolo tse disha le tse di botoka.”d

      Baitsesaense kwa United States, Asia, le kwa Yuropa ba simolotse dithulaganyo tse di etleediwang sentle ka tsa madi tsa go dira dipatlisiso, tse di dirisang mekgwa e go neng go bonala e tla akofisa thulaganyo eno ya go dira gore ditshedi di iphetogele ka botsone go nna mefuta e mengwe ya ditshedi. Morago ga dingwaga tse di fetang di le 40 go ntse go dirwa dipatlisiso tse di tseneletseng, go fitlheletswe eng? Peter von Sengbusch, yo e leng mmatlisisi a re: “Maiteko ano a go batla go tlhagisa mefuta e e farologaneng ya dimela ka go dirisa marang, le fa gone a jele madi a mantsi thata, a reteletswe fela thata ke go fitlhelela se a neng a tshwanetse go se fitlhelela.” Lönnig o ne a re: “Mo dingwageng tsa bo1980, boitumelo jo bogolo le ditebelelo tse baitsesaense ba neng ba na le tsone di ne di fedile gotlhelele. Thulaganyo ya go dira dipatlisiso ka go fetolwa ga dijini tsa ditshedi e ne ya tlogelwa kwa dinageng tsa Bophirima. Mo e ka nnang ditshedi tsotlhe tse di tlhagisitsweng ka go fetolwa ga dijini ‘ga di a ka tsa nna se go neng go lebeletswe gore di nne sone,’ ka mafoko a mangwe, di ne di swa kgotsa di le bokoa thata go feta ditshedi tsa ntlha.”e

      Go ntse go le jalo, tshedimosetso e e setseng e kokoantswe go tla go fitlha jaanong ya dipatlisiso tse di tsereng dingwaga di le 100 malebana le go fetola dijini tsa ditshedi ka kakaretso mme bogolo jang ya dingwaga di le 70 tsa go tlhogisa dimela le go tsadisa diphologolo tse di fetotsweng dijini e thusa baitsesaense go fitlhelela ditshwetso dingwe malebana le go kgona go dirisa mokgwa wa go fetola dijini mo ditsheding go tlhagisa mofuta o mosha wa ditshedi. Fa Lönnig a sena go sekaseka bosupi, o ne a konela jaana: “Mokgwa wa go fetola dijini tsa setshedi ga o ka ke wa kgona go dira gore mofuta o o rileng [wa semela kgotsa phologolo] o fetoge go nna o sele. Tshwetso eno e dumalana le maitemogelo otlhe a kopantswe mmogo le matswela otlhe a dipatlisiso tse di dirilweng mo lekgolong la bo20 la dingwaga go leka go fetola dijini tsa ditshedi, e bile e dumalana le melao e e amogelang gore dilo dingwe di ka kgonega. Ka gone, molao o o dirang gore setshedi se boele se tlhagise mofuta wa sone gape o raya gore mefuta e e rileng ya ditshedi, tse dijini tsa tsone di farologaneng le tsa e mengwe, e beetswe melelwane mo e ka fitlhang gone mme ga go kgonege go dira gore melelwane eno e tlolwe kgotsa e fetele kwa mefuteng e mengwe, e dirwa ke go fetoga ka phoso ga dijini tsa ditshedi.”

      Akanyetsa se dintlha tse di fa godimo di se kayang. Fa e le gore baitsesaense ba ba katisitsweng sentle ga ba kgone go tlhagisa mofuta o mosha wa setshedi ka go tlhopha le go fetola dijini ka tsela e ba batlang ka yone mo ditsheding, a go ka kgonega gore go iphetola go go se nang tlhaloganyo ga dijini gone go dire sengwe se se botoka? Fa e le fa patlisiso e bontsha gore go fetolwa ga dijini tsa setshedi ga go kake ga fetola mofuta o o rileng wa setshedi gore e nne o mongwe o sele, he go raya gore diphetogo tse dikgolo mo ditsheding di diregile jang?

      A go Itlhophela ga Tlholego Mofuta wa Setshedi se se Tla Tshelang mo Tikologong e e Rileng go Dira Gore go Nne le Mefuta e Mesha ya Ditshedi?

      Darwin o ne a dumela gore se a neng a re ke go itlhophela ga tlholego mofuta wa setshedi se se tla tshelang mo tikologong e e rileng go ne go ka tlhopha ditshedi tse di tshwanelang tikologo eo, mme ditshedi tse di sa siamelang tikologo eo di ne di tlile go feleletsa di nyeletse. Babueledi ba gompieno jaana ba kgopolo eno ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe ba ruta gore jaaka fa mefuta e e rileng ya ditshedi e ntse e anama mme e kgona go itlhaola, mokgwa wa tlholego wa go itlhophela mofuta wa setshedi se se rileng mo tikologong e e rileng o ne wa tlhopha mofuta ono o dijini tsa one di neng di bopegile ka tsela e e dirang gore o siamele go nna mo lefelong la tsone le lesha. Ka ntlha ya moo, babueledi ba thuto eno ba bolela gore ditlhopha tseno tse di nnang mo mafelong a a rileng la bofelo di ne tsa feleletsa e le mefuta e mesha ya ditshedi.

      Jaaka fa re bone pelenyana, bosupi jwa dipatlisiso bo bontsha sentle gore go fetolwa ga dijini tsa ditshedi ga go ka ke ga tlhagisa mofuta o mosha gotlhelele wa semela kgotsa phologolo. Le fa go ntse jalo, babueledi ba thuto eno ya gore ditshedi dingwe di iphetogetse fela go nna tse dingwe ba ntsha bosupi bofe go tshegetsa se ba se buang sa gore mokgwa wa tlhago wa go itlhophela setshedi se se tla nnang mo tikologong e e rileng ke one o o tlhophang go fetola dijini ka tsela e e tshwanetseng go tlhagisa mofuta o mosha wa setshedi? Bukana nngwe e e gatisitsweng ka 1999 ke National Academy of Sciences (NAS) kwa United States e bolela jaana: “Sekai sengwe se se molemo thata se se bontshang kafa mefuta mengwe ya ditshedi e fetogang ka teng go nna e mengwe ke sa mefuta e le 13 ya dinonyane tsoothaga tse Darwin a neng a ntse a batlisisa ka tsone kwa Ditlhaketlhakeng tsa Galápagos, tse gone jaanong di itsiweng e le dithaga tsa ga Darwin.”

      Mo dingwageng tsa bo1970, setlhopha sengwe sa babatlisisi, se se neng se eteletswe pele ke Peter le Rosemary Grant, se ne sa simolola go batlisisa ka dinonyane tseno mme sa fitlhela gore morago ga ngwaga di le mo leubeng, dinonyane tse di nang le melomo e megolo go sekae di ne di kgona go ata go feta tse di neng di na le melomo e mennye. E re ka bogolo jwa melomo ya dinonyane le popego ya tsone e le nngwe ya ditsela tse dikgolo thata tsa go tlhaola mefuta e e farologaneng e le 13 ya dinonyane tseno, go ne ga fitlhelwa ntlha eno e le e e kgatlhang thata. Bukana eno e tswelela jaana: “BooraGrant ba lekanyetsa gore fa go ne go ka nna le leuba mo e ka nnang gangwe dingwaga dingwe le dingwe di le lesome mo ditlhaketlhakeng tseno, go ne go ka tlhaga mofuta o mosha wa dinonyane tseno tsoothaga mo lobakanyaneng lwa dingwaga di ka nna 200 fela.”

      Le fa go ntse jalo, bukana eno ya NAS ga ya umaka dintlha dingwe tse di botlhokwa mme gone e le tse di gakgamatsang. Mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga leuba, dinonyane tsoothaga tse di neng di na le melomo e mennye di ne tsa boa gape tsa ntsifala. Ka gone, Peter Grant le moithuti wa gagwe e bong Lisle Gibbs, ba ne ba kwala mo makasineng wa saense wa Nature ka 1987 gore ba bone “go boa go ntsifala tse di neng di le dintsi pele ga leuba.” Ka 1991, Grant o ne a kwala gore “palo ya mofuta o o rileng wa dinonyane tseno, ka ntlha ya gore maemo a tlhago e le one a dirileng gore di nne fano, e nna e fetofetoga” nako le nako fa tlelaemete e fetoga. Babatlisisi ba ne ba ela tlhoko gape gore mengwe ya se go neng go twe ke “mefuta” e sele ya dinonyane tseno di ne di tsadisana le mefuta e mengwe mme bana ba yone ba bo ba kgona go itshokela tlelaemete go feta batsadi ba bone. Peter le Rosemary Grant ba ne ba konela ka gore fa mefuta eno ya dinonyane tseno e ka tswelela e tsadisana jalo, e ne e ka feleletsa e dirile gore “mefuta” e mebedi e feleletse e kopane go nna o le mongwe mo lobakeng lwa dingwaga di le 200.

      Morago kwa ka 1966, George Christopher Williams, yo e leng mankge yo o ithutang ka ditshedi le go iphetogela ka botsone go nna tse dingwe, o ne a kwala jaana: “Ke maswabi gore go simolotswe go dirisiwa kgopolo ya go itlhophela ga tlholego mefuta ya ditshedi tse di tla nnang mo tikologong e e rileng go tlhalosa gore go tla jang gore ditshedi dingwe di bo di fetogile go nna tse dingwe. Kgopolo eno e botlhokwa fa o tlhalosa gore go tla jang gore ditshedi dingwe di bo di kgona go tshela mo tikologong e e rileng.” Jeffrey Schwartz, yo e leng mmueledi wa thuto eno ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe o ne a kwala ka 1999 gore fa e le gore se Williams a se buang se boammaaruri, mokgwa wa tlholego wa go tlhopha mofuta wa ditshedi tse di tla tshelang mo tikologong e e rileng o ka nna wa bo o thusa mefuta eno ya ditshedi go kgona go tshela mo maemong mangwe a a fetogileng, mme “ga o simolole sepe se sesha.”

      Ee, dithaga tsa ga Darwin ga di fetoge go nna “sepe se sesha.” E sa ntse e le dithaga. Mme ntlha ya go bo mefuta mengwe e kgona go tsala bana le mefuta e mengwe e dira gore motho a ipotse dipotso ka mekgwa e babueledi ba kgopolo eno ba e dirisang go tlhalosa mofuta o o rileng wa setshedi. Mo godimo ga moo, di kgona go senola boammaaruri jwa gore tota le ditheo tsa maemo a a kwa godimo tsa saense di kgona go tla di fitlha dintlha dingwe fa di bega ka bosupi bongwe jwa dipatlisiso.

      A Direkoto Tsa Masalela a Dilo Tsa Bogologolo di Bontsha Gore Eleruri go Nnile le Diphetogo Tse Dikgolo mo Dimeleng le mo Diphologolong?

      Bukana e e umakilweng pelenyana ya NAS e dira gore mmadi a sale ka kgopolo ya gore masalela a a ribolotsweng ke baitsesaense a supela sentle gore eleruri go nnile le diphetogo tse dikgolo mo dimeleng le mo diphologolong. E bolela jaana: “Go ile ga bonwa ditshedi di le dintsi thata tse di neng tsa nna tsa tlhaga mo gare ga mefuta e e farologaneng ya diphologolo, mo gare ga ditlhapi le ditshedi tse di kgonang go nna ka bobedi mo metsing le mo mmung o o omileng, mo gare ga ditshedi tse di kgonang go nna ka bobedi mo metsing le mo mmung o o omileng le digagabi, mo gare ga digagabi le diamusi, le mo gare ga diphologolo tsa dipopego tse di tshwanang le tsa motho, tse di jaaka botshwene, mo e leng gore go thata go supa ka tlhamalalo gore go diregile leng gore mofuta mongwe wa setshedi o fetogele go nna o mongwe.”

      Go a gakgamatsa gore ba bo ba kgona go nna le bopelokgale jwa go bua jaana. Ka ntlha yang? Ka 2004, National Geographic e ne ya tlhalosa rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo, e re e tshwana le “filimi ya ditshwantsho tse di bontshang ka tsela e ditshedi di neng di ntse di fetoga ka yone go nna tse dingwe, e mo go yone mo ditshwantshong dingwe le dingwe di le 1 000, di le 999 di ileng tsa latlhegela mo phaposing e filimi e tlhatswetswang mo go yone.” A “setshwantsho” seno se se setseng, se se sosi mo gare ga di le dikete, se ka dirisiwa go ntsha bosupi jo bo feletseng jwa gore go nnile le diphetogo tse dikgolo tse di neng tsa direga tsa gore setshedi sengwe se fetoge go nna se sengwe? Rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo e bontsha eng tota? Niles Eldredge, yo e leng mmueledi yo mogolo thata wa kgopolo eno ya go iphetogela ga mofuta mongwe wa ditshedi go nna o mongwe, o a amogela gore rekoto eno ya masalela e bontsha gore le eleng mo lobakeng lo loleele, “mefuta e le mentsi ya ditshedi ga e bontshe e nnile le diphetogo tse di kalo go tswa mo mofuteng o mongwe go ya go o mongwe.”

      Go tla go fitlha jaanong, baitsesaense ba setse ba epolotse, ba ba ba ntsha tshedimosetso ka masalela a dilo tsa bogologolo a ditshedi di ka nna dimilione di le 200 tse dikgolo le di ka nna dibilionebilione tsa ditshedi tse di nnye. Babatlisisi ba le bantsi ba a dumalana gore rekoto eno e kgolo le e e nang le tshedimosetso e ntsi jaana e bontsha gore ditlhopha tsotlhe tse dikgolo tsa diphologolo di tlhagile fela ka tshoganyetso mme ga di a ka tsa fetoga, mme di le dintsi tsa tsone di ne tsa boa tsa nyelela ka tshoganyetso fela jaaka fa di tlhagile. Fa moitsethutotshelo e bong Jonathan Wells a sena go sekaseka bosupi jwa rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo, o kwala jaana: “Kgopolo ya gore mefuta e e farologaneng e megolo ya ditshedi yotlhe e tswa mo setsheding se le sengwe, mme ya tla e ntse e fetoga mole le mole go a bonala gore ga se selo se se bonweng se direga. Kgopolo eno ga e kgone go tshegediwa sentle le fa o e leba o dirisa rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo le bosupi jwa dimolekhule.”

      Go Iphetogela ga Ditshedi ka Botsone go Nna Tse Dingwe—A ke Selo sa Mmatota Kgotsa ke Tlhamane Fela?

      Ke ka ntlha yang fa babueledi ba le bantsi ba bagolo ba kgopolo eno ba bua ba gatelela jaana gore dilo di diregile jaaka ba bua? Fa Richard Lewontin, mmueledi yo mogolo wa kgopolo eno ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe, a sena go nyatsa dingwe tsa dilo tse di buiwang ke Richard Dawkins, o ne a kwala gore baitsesaense ba le bantsi ba iketleeleditse go amogela dilo tse di buiwang ke saense tse di sa dumalaneng le dilo tse di dirang tlhaloganyo “ka gonne re dirile maitlamo go sa le pele, maitlamo a go dumela mo dilong tse di bonalang.”f Baitsesaense ba le bantsi ga ba batle le go akanyetsa kgang ya gore go ka tswa go nnile le motho mongwe yo o botlhale yo o dirileng dilo ka gonne, jaaka Lewontin a kwadile, “ga re ka ke ra itetla go akanya ka kgopolo ya gore Modimo o teng.”

      Mo go yone ntlha eno, moithutaloago mongwe e bong Rodney Stark o nopolwa mo bukeng ya Scientific American a re: “Ka dingwaga di ka nna 200, go ntse go buelelwa kgopolo ya gore fa o batla go nna moitsesaense o se ka wa letla mogopolo wa gago o tlhotlhelediwa ke bodumedi.” Go feta moo o tlhalosa gore mo diyunibesithing tse di dirang dipatlisiso, “batho ba bodumedi ga ba bue sepe,” mme kafa letlhakoreng le lengwe “batho ba e seng ba bodumedi bone ba kgetholola.” Go ya ka Stark, “mo bathong ba maemo a a kwa godimo [mo go tsa saense] dilo di go tsamaela sentle fa o se motho yo o dumelang mo bodumeding.”

      Fa e le gore o dumela gore thuto ya gore go nnile le diphetogo tse dikgolo mo gare ga ditshedi e boammaaruri, go raya gore o tshwanetse wa bo o dumela gore batho ba ba dumelang mo go reng Modimo a ka se ka a itsiwe le gore Modimo ga a yo ga ba na go letla ditumelo tsa bone di ama tsela e ba tlhalosang ka yone dilo tse di bonweng ke saense. O tshwanetse wa bo o dumela gore mokgwa wa go fetoga ga dijini le mokgwa wa tlholego wa go itlhophela ditshedi tse di tla tshelang mo tikologong e e rileng ke one o o dirileng gore go bo go na le ditshedi tsotlhe tse di teng, ntswa dipatlisiso tse di tsereng dingwaga di le lekgolo, go batlisisiwa ka dilo di le dibilionebilione tse di ileng tsa fetolwa dijini, di bontsha gore go fetolwa ga dijini tsa ditshedi ga go a ka ga fetola le fa e le mofuta o le mongwe fela wa setshedi go o dira setshedi se sesha. O tshwanetse wa bo o dumela gore ditshedi tsotlhe di ile tsa nna tsa fetoga ka iketlo ka botsone go nna ditshedi tse dingwe, di tswa mo selong se le sengwe, le mororo ntlha ya gore rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo e bontsha gore mefuta e megolo ya dimela le diphologolo e ne ya nna gone ka tshoganyetso fela mme ga ya ka ya fetoga go tswa mo mefuteng e mengwe, tota le eleng morago ga dibilionebilione tsa dingwaga. A tumelo ya mofuta oo e utlwala e theilwe mo selong sa mmatota kgotsa e theilwe mo ditlhamaneng?

      [Dintlha tse di kwa tlase]

      a Barui ba dintša ba kgona go tsadisa dintša tsa bone ka tsela e e leng gore kgabagare dintšanyana tsa tsone di tlhaga di na le maoto a makhutshwane kgotsa boboa jo boleele go feta jwa batsadi ba tsone. Le fa go ntse jalo, diphetogo tseno tse barui ba dintša ba di dirang di kgonega ka gonne go fetotswe tsela e dijini dingwe di berekang ka yone. Ka sekai, mmele o monnye wa ntša ya mofuta wa dachshund o dirwa ke gore mahihiri a yone a sa ka a gola ka tsela e e tlwaelegileng, mme seno sa dira gore e nne khutshwane.

      b Bona lebokoso le le reng “Kafa Mefuta e e Farologaneng ya Ditshedi e Tlhalosiwang ka Gone”

      c Dipatlisiso di bontsha gore cytoplasm ya sele (karolo e e seeledi e e mo teng ga sele), lotha lwa sele, le dikarolo tse dingwe tsa sele le tsone di na le seabe mo go laoleng gore setshedi se tlile go nna jang.

      d Dikakgelo tsa ga Lönnig tse di mo setlhogong seno ke tsa gagwe ka esi, ga a emele Max Planck Institute for Plant Breeding Research.

      e Ditekeletso tse di neng tsa dirwa tsa go fetola dijini di ne tsa bontsha gangwe le gape gore ga go direge thata gore go tlhage mofuta o mosha gotlhelele wa setshedi, mme ka metlha go aga go ntse go tlhaga mofuta o o tshwanang le o o kileng wa tlhaga pele. Go tswa mo go yone tiragalo eno Lönnig o ne a tlhama se a se bitsang “molao o o dirang gore setshedi se boele se tlhagise mofuta wa sone gape.” Mo godimo ga moo, go ne ga tlhophiwa palo e e kwa tlase ga peresente e le nngwe ya dimela tseno tse di tlhagisitsweng ka gore go fetolwe dijini tsa tsone gore go ye go dirwa dipatlisiso ka tsone, mme e ne e le palo e e kwa tlase ga peresente e le nngwe ya tse di tlhophilweng e go neng ga fitlhelwa e ka kgona go dirisiwa mo mebarakeng. Go fetolwa ga dijini mo diphologolong go ne ga tlhagisa matswela a a maswe thata go feta mo dimeleng, mme mokgwa ono o ne wa tlogelwa gotlhelele.

      f Go dumela mo dilong tse di bonalang mo ntlheng eno, go raya kgopolo ya gore selo se le sosi se se ka tsewang e le sa mmatota ke se se bonwang ka matlho, gore sengwe le sengwe se se mo lobopong, go akaretsa le dilo tsotlhe tse di tshelang, di nnile gone kwantle ga gore motho mongwe yo o nang le maatla a a fetang a motho a tsenelele.

      [Mafoko a a mo go tsebe 15]

      “Mokgwa wa go fetola dijini tsa setshedi ga o ka ke wa kgona go dira gore mofuta o o rileng [wa semela kgotsa phologolo] o fetoge go nna o sele”

      [Mafoko a a mo go tsebe 16]

      Tshwetso e re ka e fitlhelelang ka dithaga tsa ga Darwin ke gore di bontsha gore mefuta e e farologaneng ya diphologolo e ka kgona go fetofetoga le maemo gore e kgone go tsamaisana le go fetofetoga ga tlelaemete

      [Mafoko a a mo go tsebe 17]

      Go ya ka rekoto ya masalela a dilo tsa bogologolo, ditlhopha tsotlhe tse dikgolo tsa diphologolo di tlhagile fela ka tshoganyetso mme ga di a ka tsa fetoga

      [Tšhate mo go tsebe 14]

      (Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

      KAFA MEFUTA E E FAROLOGANENG YA DITSHEDI E TLHALOSIWANG KA GONE

      Go dirisiwa ditsela tse di farologaneng go tlhalosa gore ditshedi dingwe di ka tswa di wela mo setlhopheng sefe, go tswa go mefuta e e rileng go ya go dikarolo tse di kwa godimo thata tsa setlhopha se se rileng sa mofuta mongwe wa setshedi.g Ka sekai, bapisa mokgwa o o dirisitsweng fa tlase fano go bontsha mefuta e e farologaneng mo gare ga batho le ntsi.

      BATHO DINTSI

      Mofuta sapiens melanogaster

      Karolo Homo Drosophila

      Losika Hominids Drosophilids

      Thulaganyo Sika loo motho Diptera

      Tlelase Diamusi Ditshenekegi

      Lekgamu Chordates Arthropods

      Setlhopha Diphologolo Diphologolo

      [Ntlha e e kwa tlase]

      g Ela tlhoko: Genesise kgaolo 1 e bontsha gore dimela le diphologolo di ne di tla itlhagisa go ya “kafa mofuteng wa tsone.” (Genesise 1:12, 21, 24, 25) Le fa go ntse jalo, kgopolo ya lefoko ‘mofuta’ mo Baebeleng ga e tshwane le ya lefoko ‘mofuta’ mo saenseng mme ga le a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le kgopolo ya lefoko leno ka saense.

      [Motswedi wa Setshwantsho]

      Tšhate eno e tserwe mo bukeng ya Icons of Evolution—Science or Myth? Why Much of What We Teach About Evolution Is Wrong, e e kwadilweng ke Jonathan Wells.

      [Ditshwantsho mo go tsebe 15]

      Ntsi e e fetotsweng dijini (e e fa godimo), le fa gone e le ka sebopego se se sa tlwaelegang, e sala e ntse e le ntsi

      [Motswedi wa Setshwantsho]

      © Dr. Jeremy Burgess/Photo Researchers, Inc.

      [Ditshwantsho mo go tsebe 15]

      Ditekeletso tse di dirilweng mo dimeleng, go fetolwa dijini mo go tsone, go fitlhetswe gangwe le gape gore palo ya tse disha tsa tsone e ne e ntse e ngotlega, fa kafa letlhakoreng le lengwe go nna go tlhaga mofuta o le mongwe fela wa dimela tse di fetotsweng dijini (Semela se se bontshiwang fano se se fetotsweng dijini se na le malomo a magolo)

      [Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

      From a Photograph by Mrs. J. M. Cameron/ U.S. National Archives photo

      [Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

      Finch heads: © Dr. Jeremy Burgess/Photo Researchers, Inc.

      [Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]

      Dinosaur: © Pat Canova/Index Stock Imagery; fossils: GOH CHAI HIN/AFP/Getty Images

  • Lebaka La go Bo re Dumela Gore Mmopi o Teng
    Tsogang!—2006 | September
    • Lebaka La go Bo re Dumela Gore Mmopi o Teng

      Baitse ba le bantsi ba saense ba lemoga gore go na le motlhami yo o botlhale yo o bopileng dilo tsa tlholego. Ba bona go sa utlwale go dumela gore botshelo jo bo raraaneng jo bo mo lefatsheng bo nnile teng ka kotsi. Ka jalo, baitse ba saense le babatlisisi ba le bantsi ba dumela gore go na le Mmopi.

      Bangwe ba bone ba ile ba nna Basupi ba ga Jehofa. Ba tlhatswegile pelo gore Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng ke Motlhami le Modiri wa lobopo lo lo teng. Ke eng fa ba dumela jalo? Tsogang! e ile ya botsa bangwe ba bone. Dikakgelo tsa bone di ka nna tsa go kgatlha.a

      “Botshelo bo Raraane ka Tsela e Motho A ka Se Kang a e Tlhaloganya”

      ◼ WOLF-EKKEHARD LÖNNIG

      TLHALOSO E KHUTSHWANE KA GA GAGWE: Mo dingwageng di le 28 tse di fetileng ke ile ka dira tiro ya saense e e amanang le go fetoga ga dijini mo dimeleng. Mo dingwageng di le 21 tsa dingwaga tseo, ke ntse ke hirilwe kwa Setheong sa Max Planck Institute for Plant Breeding Research kwa Cologne, kwa Jeremane. Mme ke nnile mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa ka dingwaga di batla di tshwara masome a mararo.

      Go ya ka boitemogelo jwa me mo thutong eno ya dijini, le go ithuta ga me thutotshelo le thuto ya dilo tsa tlholego le thuto ya popego ya dilo, go ile ga dira gore ke lemoge gore botshelo bo raraane ka tsela e motho a ka se kang a e tlhaloganya e bile bo jesa kgakge. Go ithuta ka dilo tseno go ile ga ntlhatswa pelo thata gore botshelo, tota le jwa ditshedi tse dinnye thata, bo tshwanetse jwa bo bo dirilwe ke motho yo o botlhale.

      Baitsesaense ba itse sentle gore botshelo bo raraane jang. Mme gantsi dilo tse di kgatlhang tseno, di tlhalosiwa ka tsela e e tshegetsang kgopolo ya gore ditshedi di iphetogetse fela ka botsone go nna mefuta e mengwe ya ditshedi. Le fa go ntse jalo, nna ke akanya gore mabaka a a ntshiwang go ganetsa pego ya Baebele malebana le popo a phutlhama fa a sekasekiwa ka kelotlhoko go dirisiwa dilo tsa saense. Ke ile ka tlhatlhoba mabaka ao mo masomeng a dingwaga a a fetileng. Fa ke sena go tlhatlhoba ditshedi ka kelotlhoko le go sekaseka tsela e melao e e laolang lobopo e dirang ka tsela e e itekanetseng ka yone, e dirilwe ka tsela e e dirang gore botshelo bo kgonege mo lefatsheng, ke patelesega go dumela gore go na le Mmopi.

      “Sengwe le Sengwe Se ke Se Bonang Se na Le Motswedi”

      ◼ BYRON LEON MEADOWS

      TLHALOSO E KHUTSHWANE KA GA GAGWE: Ke nna kwa United States mme ke bereka kwa National Aeronautics and Space Administration ke bereka ka fisikisi ya leisara. Gone jaanong ke thusa mo go direng thulaganyo ya khomputara e e tla thusang mo go tokafatseng tsela ya go bona maemo a tlelaemete ya lefatshe, maemo a bosa le dilo tse dingwe mo polaneteng ya rona. Ke mogolwane mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Kilmarnock mo kgaolong ya Virginia.

      Mo dipatlisisong tsa me gantsi ke bereka ka melao ya fisikisi. Ke leka go tlhaloganya kafa dilo dingwe di diragalang ka teng le lebaka la go bo di diragala. Mo dilong tse ke di ithutang, ke bona bosupi jo bo phepafetseng jwa gore sengwe le sengwe se ke se bonang se na le motswedi o se tswang kwa go one. Ke dumela gore go a utlwala go ya ka saense go dumela gore Modimo ke ene motswedi wa dilo tsotlhe tsa tlholego. Melao ya tlholego e tlhomame thata mo e leng gore ke tshwanetse gore ke dumele gore e ile ya tlhomiwa ke Morulaganyi, Mmopi.

      Fa e le gore boammaaruri jono bo phepafetse jaana, ke ka ntlha yang fa baitse ba saense ba le bantsi jaana ba dumela gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe? A e ka tswa e le gore batho ba ba dumelang mo thutong eno ba leba bosupi ba setse ba ntse ba itiretse ditshwetso tsa bone? Seno ke selo se se tlwaelegileng mo gare ga baitse ba saense. Mme go bona sengwe se direga, le fa se ka tswa se bonala e kete se boammaaruri jang, ga se reye gore tshwetso e motho a neng a ntse a na le yone pele e boammaaruri. Ka sekai, motho yo o dirang dipatlisiso ka fisikisi ya leisara a ka nna a gatelela gore lesedi le tsamaya ka makhubu, gore le tshwana le makhubu a modumo, ka gore gantsi lesedi le dira jaaka makhubu. Le fa go ntse jalo, se a se buang e ka tswa e le ntlha e e sa felelang ka gonne bosupi bo bontsha gape gore lesedi le tsamaya ka dikarolwana tse dinnye thata tse di bidiwang matlhasedi. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba gatelelang gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe ba theile mabaka a bone mo bosuping jo bo sa felelang, mme e bile ba dira gore dilo tse ba sa bolong go di dumela di tlhotlheletse tsela e ba lebang bosupi ka yone.

      Go a nkgakgamatsa go bona go na le batho ba ba amogelang kgopolo ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe, fa “baitse” ba kgopolo eno bone ba ganetsana ka se se ka tswang se ile sa diragala. Ka sekai, a o tla dumela gore dipalo di siame fa baitse bangwe ba re 2 tlhakanya le 2 ke 4, mme baitse ba bangwe bone ba re e tshwanetse ya bo e le 3 kgotsa gongwe 6? Fa e le gore seabe sa saense ke go dumela fela dilo tse di ka supiwang, tsa lekiwa tsa ba tsa boelediwa, he kgopolo ya gore botshelo bo tswa mo go sengwe se se rileng bo bo bo fetogela go sengwe se sele, ga e boammaaruri.

      “Go ka Se Direge Gore Selo se Tswe mo go Seng Sepe”

      ◼ KENNETH LLOYD TANAKA

      TLHALOSO E KHUTSHWANE KA GA GAGWE: Ke moithutajeoloji, yo gone jaanong a berekelang mokgatlho wa Geological Survey ya kwa United States, kwa Flagstaff, Arizona. Mo e ka nnang ka masome a mararo a dingwaga, ke nnile le seabe mo patlisisong ya saense ya dilo tse di farologaneng tse di amanang le jeoloji, go akaretsa le jeoloji ya dipolanete. Ditlhogo tse dintsi tsa patlisiso e ke e dirileng le dimmapa tsa polanete ya Mars di ile tsa gatisiwa mo dimakasineng tsa saense tse di kafa molaong. Jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ke dirisa diura di le 70 kgwedi nngwe le nngwe ke rotloetsa batho go bala Baebele.

      Ke ne ka rutiwa go dumela mo go reng dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe, mme ke ne ke sa kgone go amogela gore maatla a magolo a a tlhokegang go bopa lobopo a ka tswa a ile a nna teng kwantle ga Mmopi yo o maatla. Go ka se direge gore selo se tswe mo go seng sepe. Ke bona gape tlhaloso e e nonofileng mo Baebeleng ka boyone e e bontshang gore Modimo o teng. Buka eno e re naya dikai di le dintsi tsa dintlha tsa saense tse di malebana le tiro e ke e dirang, tse di jaaka gore lefatshe le kgolokwe mme le akgega “mo go se nang sepe.” (Jobe 26:7; Isaia 40:22) Dilo tseno di ile tsa kwalwa mo Baebeleng bogologolo pele ga batho ba ka supa gore di ntse jalo morago ga go dira dipatlisiso.

      Akanya ka tsela e re dirilweng ka yone. Re na le ditemosi, re a ikutlwa, re na le tlhaloganyo ya go akanya, bokgoni jwa go bua le maikutlo. Mme se segolo le go feta, re kgona go utlwa lorato, go le itumelela le go le bontsha. Kgopolo ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe ga e kgone go tlhalosa kafa batho ba nnileng le dinonofo tseno ka teng.

      Ipotse gore, ‘Metswedi le tshedimosetso e e dirisiwang go tshegetsa kgopolo eno ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe e boammaaruri go le kana kang?’ Pego ya jeoloji ga ya felela, e raraane e bile e tlhakanya tlhogo. Babueledi ba thuto eno ba paletswe ke go bontsha kafa dikgopolo tsa bone di leng boammaaruri ka teng mo laboratoring ba dirisa dithulaganyo tsa saense. Mme le fa baitse ba saense ka kakaretso ba dirisa mekgwa e e siameng ya go bona tshedimosetso, gantsi ba tlhotlhelediwa ke moya wa bogagapa fa ba tlhalosa dilo tse ba di boneng. Baitse saense ba itsege e le batho ba ba rotloetsang megopolo ya bone fa tshedimosetso e ba e boneng e tlhaela kgotsa e ikganetsa. Ditiro tsa bone le go ipona ga bone ke gone go tlang kwa pele mo kgannyeng eno.

      Jaaka moitse wa saense le moithuti wa Baebele, ke batla boammaaruri jo bo feletseng, jo bo tsamaisanang le dilo tse di lemogilweng gore ke tle ke kgone go tlhaloganya sentle. Mo go nna go dumela mo Mmoping ke gone go dirang tlhaloganyo thata.

      “Sele e Bontsha Sentle Gore e Dirilwe”

      ◼ PAULA KINCHELOE

      TLHALOSO E KHUTSHWANE KA GA GAGWE: Ke na le boitemogelo jwa dingwaga di le mmalwa mo tirong ya go batlisisa ka disele le thutotshelo ya dimolekhule le ya ditshedi tse di bonwang fela ka maekorosekopo. Gone jaanong ke berekela Emory University, kwa Atlanta, Georgia kwa U.S.A. Mme gape ke moithaopi yo o rutang batho ba ba buang Se-Russia Baebele.

      Mo thutong ya me ya thutatshelo, ke ne ka dirisa dingwaga di le nnè ke tlhoma mogopolo fela mo seleng le dikarolwana tsa yone. Fa ke ntse ke ithuta mo go oketsegileng ka DNA, RNA, diporoteine, le thulaganyo ya go sila dijo, ke ile ka gakgamala thata go bona kafa dilo tseno di raraaneng ka teng, di na le thulaganyo e bile di tlhomame. Mme le fa ke ne ke kgatlhwa ke go bona kafa batho ba ithutileng mo gontsi ka teng ka sele, ke ne ka gakgamala go bona gore go sa ntse go na le go le gontsi mo go ka ithutiwang ka yone. Sele e bontsha sentle gore e dirilwe, mme seno ke lebaka le le losi le le dirang gore ke dumele mo Modimong.

      Go ithuta ga me Baebele go ile ga supa gore Mmopi yoo ke mang—ke Jehofa Modimo. Ke tlhatswegile pelo gore ga se Motlhami yo o botlhale fela mme gape ke Rre yo o pelonomi le yo o lorato yo o amegang ka nna. Baebele e tlhalosa boikaelelo jwa botshelo mme e bile e naya batho tsholofelo ya isagwe e e itumedisang.

      Basha ba ba tsenang sekolo ba ba rutiwang gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe ba ka tswa ba sa tlhomamisega gore ba dumele eng. Seno se ka ba tlhakanya tlhogo. Fa e le gore ba dumela mo Modimong, seno se tla leka tumelo ya bone. Mme ba ka fenya teko eo ka go tlhatlhoba dilo tse dintsi tse di gakgamatsang tsa tlholego tse di re dikologileng le ka go nna ba oketsa kitso ya bone ka Mmopi le ka dinonofo tsa gagwe. Nna ke dirile seno mme ke sweditse gore pego ya Baebele e e malebana le popo e boammaaruri mme ga e ganetsane le saense.

      “Melao e e Kgatlhang Thata E e Sa Raraanang”

      ◼ ENRIQUE HERNÁNDEZ LEMUS

      TLHALOSO E KHUTSHWANE KA GA GAGWE: Ke modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Mme gape ke bereka ka fisikisi ya dipalo fela kwa National University of Mexico. Tiro e ke e dirang gone jaanong e akaretsa go batlisisa se se bakwang ke tiragalo e e bidiwang kgosomano ya dinaledi, e leng se se dirang gore go feleletse go na le dinaledi tse dintsi jaana. Ke ile ka bereka gape le ka thulaganyo e e raraaneng ya DNA.

      Botshelo bo raraane thata gore go ka twe bo nnile teng ka kotsi. Ka sekai, akanya ka tshedimosetso e ntsi e e leng mo teng ga molekhule wa DNA. Fa go fopholediwa fela, kgonego ya gore chromosome e le nngwe fela e nne teng fela ka boyone ke selo se se akanyediwang gore se ka nna teng ga 1 mo makgetlhong a le dimilione di le dimilione di le 9, e leng selo se tota go ka tweng se ka se ka sa direga. Ke akanya gore ke boeleele go akanya gore maatla a a se nang tlhaloganyo a ka kgona go dira e seng fela chromosome e le nngwe mme le dilo tsotlhe tse di tshelang tse di raraaneng.

      Mo godimo ga moo, fa ke ithuta ka dilo tse di raraaneng thata, e ka tswa e le dilo tse dinnyennye mo motho a ka se kgoneng go di bona fela ka matlho a gagwe kgotsa e le tsela e dinaledi tse di kgolo di tsamayang ka teng mo lefaufaung, ke kgatlhwa ke melao e e kgatlhang thata e e sa raraanang, e e laolang tsela e di tsamayang ka yone. Nna ke tsaya gore melao eno ga e mpolelele fela gore ke tiro ya Mankge wa Dipalo—mme e tshwana le mosaeno wa Motaki yo o Setswerere.

      Gantsi batho ba a gakgamala fa ke ba bolelela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka dinako tse dingwe ba mpotsa gore go tla jang gore ke dumele mo Modimong. Go a utlwala go bo ba mpotsa jalo, ka gonne madumedi a mantsi ga a kgothaletse badumedi ba bone gore ba batle bosupi jwa se ba se rutiwang kgotsa ba dire dipatlisiso ka dilo tse ba di dumelang. Le fa go ntse jalo, Baebele e re kgothaletsa gore re dirise ‘bokgoni jwa rona jwa go akanya.’ (Diane 3:21) Bosupi jotlhe jo bo leng teng mo dilong tsa tlholego jo bo supang gore go na le motlhami yo o botlhale, mmogo le bosupi jwa Baebele, bo ntlhatswa pelo gore ga se fela gore Modimo o teng mme gape o batla go araba dithapelo tsa rona.

      [Ntlha e e kwa tlase]

      a Maikutlo a a tlhalosiwang ke baitse mo setlhogong seno ga a supe se bathapi ba bone ba se dumelang.

      [Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]

      Mars in background: Courtesy USGS Astrogeology Research Program, http://astrogeology.usgs.gov

  • Thulaganyo e e Jesang Kgakge mo Dimeleng
    Tsogang!—2006 | September
    • Thulaganyo e e Jesang Kgakge mo Dimeleng

      AO KILE wa tlhokomela gore dimela di le dintsi di thunya ka tsela e e itirang motshopo fa di gola? Ka sekai, peinapole e ka nna ya bo e na le makape a a yang kwa godimo ka tsela e e batlang e nna motshopo ka makape a le 8 a ya ntlheng e nngwe le a le 5 kgotsa 13 a ya ntlheng e nngwe e sele. (Bona setshwantsho 1.) Fa o leba peo ya sonobolomo, o ka nna wa bona ditlhaka tsa peo di le 55, di le 89 kgotsa le eleng go feta di batla di itira motshopo, mela e mengwe ya ditlhaka tseno e tsamaya go kgabaganya mo go e mengwe. O ka kgona go bona metshopo eno le mo dimeleng tsa kholifolawa. Fa o simolola go lemoga gore dijalo di na le metshopo ka tsela eno, o ka nna wa go fitlhela go kgatlha thata jaanong go ya kwa marekisetsong a maungo le merogo. Ke ka ntlha yang fa dimela di gola ka tsela eno? A ntlha ya gore semela sengwe se na le metshopo e e kana kang e na le sengwe se e se kayang ka semela seo?

      Dimela di Gola Jang?

      Dimela di le dintsi di tlhagisa dikarolo tse disha, tse di jaaka dikutu, matlhare, le dithunya go tswa mo thitonyaneng e nnye thata e e mo gare ga semela e e bidiwang meristem. Letlhogela lengwe le lengwe le lesha, le le bidiwang primordium, le a tlhoga le bo le gola go tswa mo thitonyaneng eno ya semela, mme le bo le golela ntlheng e sele, le tswa ka enkele go sekae go tswa mo go le le fetileng.a (Bona setshwantsho 2.) Dimela di le dintsi di tlhoga ka tsela e e leng gore matlhogela a tsone a masha a dira enkele ka tsela e e rileng e e feleletsang e dirile gore a batle a nna le sebopego sa selo se se itshopileng. A dira enkele efe?

      Akanya ka boemo jono: Akanya o leka go tlhama semela gore se tlhoge ka tsela e e leng gore matlhogela a masha a sone a rulagantswe ka tsela e e tla dirang gore a nne a kitlane sentle go tswa mo thitong e a tlhogang mo go yone mme go se na phatla epe e e ntseng fela. A re re gongwe o batla go dira gore letlhogela lengwe le lengwe le lesha le tlhoge ka enkele ya selekanyo sa peditlhanong go tswa mo letlhogeleng le le fetileng, mme matlhogela ano a feleletse a dirile selo se se sediko. O ne o tla nna le bothata jwa gore letlhogela lengwe le lengwe la botlhano le le tlhogang le tswe mo lefelong le le lengwe mme le tlhoge ka enkele e le nngwe. A ne a tla feleletsa a dirile mela e e nang le diphatlha tse ntseng fela. (Bona setshwantsho 3.) Boammaaruri ke gore palophatlo (fraction) nngwe le nngwe e e sa raraanang ya selo se se sediko e feleletsa e dirile mela go na le gore e ithulaganye ka tsela e o neng o tla batla e ithulaganya ka yone. Ke fela fa letlhogela lengwe le lengwe le ne le ka kgona go tswa ka se se bidiwang “enkele e e rulagantsweng ka manontlhotlho,” ya mo e ka nnang didikirii di le 137,5, go neng go ka direga gore matlhogela otlhe a tswe a kitlane mmogo sentle ka tsela e e rulaganeng sentle. (Bona setshwantsho 5.) Ke eng se se dirang gore enkele eno e nne e e kgethegileng jaana?

      E tsewa e le enkele e e rulagantsweng ka manontlhotlho ka gonne ga e ka ke ya tlhalosiwa e le karolwana e e sa raraanang ya selo se se sediko. Karolwana ya 5/8 e gaufi le go nna enkele e e rulagantsweng ka manontlhotlho, 8/13 e gaufi thata le go nna mofuta ono wa enkele go feta 5/8, mme 13/21 yone e gaufi le go nna enkele eno go feta dipalophatlo tse dingwe tse pedi, mme ga go na palophatlo epe e go ka tweng e tlhalosa sentle enkele e e rulagantsweng ka manontlhotlho ya selo se se sediko. Ka gone, fa letlhogela le lesha le le tswang mo thitong le tlhoga ka enkele eno e e batlileng e nna enkele e e rulagantsweng ka manontlhotlho, morago ga letlhogela le le fetileng, ga go na go bo go direga gore matlhogela a mabedi a feleletse a tswetse ntlheng e le nngwe ka bobedi. (Bona setshwantsho 4.) Ka gone, mo boemong jwa gore matlhogela a tswe ka tsela e e tshwanang otlhe mo a tswang teng, a feleletsa a dirile metshopo.

      Sengwe se se neng sa elwa tlhoko ke gore fa go dirisiwa khomputara go tlhogisa semela ka tsela e e tshwanang le e matlhogela a masha a semela a tlhogang ka yone go tswa mo thitong ya sone, matlhogela ano a feleletsa a dirile metshopo fa fela e le gore dienkele mo gare ga matlhogela a masha e tota e le dienkele tse di rulagantsweng ka manontlhotlho. Go tswa go le gonnye fela mo enkeleng ya mofuta ono, tota le fa o ne o ka tswa ka selekanyo se se dirang nngwesomeng fela ya dikirii go tlile go senya metshopo eno.—Bona setshwantsho 5.

      Go na Le Matlhare a le Makae mo Sethunyeng?

      Sengwe se se kgatlhang ke gore palo ya metshopo e e diregang fa matlhogela a masha a tswa ka enkele e e rulagantsweng ka tsela e e manontlhotlho, gantsi e nna nngwe ya dipalo tse ba di bitsang dipalo tsa ga Fibonacci. Dipalo tseno di ne tsa tlhalosiwa la ntlha ke moitse dipalo wa lekgolo la bo13 la dingwaga wa Motadiana yo o neng a bidiwa Leonardo Fibonacci. Mo thulaganyong eno ya dipalo, palo nngwe le nngwe morago ga 1 e lekana le dipalo tse pedi tse di tlang pele ga yone di kopantswe—1, 1, 2, 3, 5, 8, 13, 21, 34, 55, jalo le jalo.

      Dithunya tsa dimela di le dintsi tse di dirang metshopo gantsi di nna le palo ya matlhare a dithunya e e rulagantsweng go ya ka dipalo tseno tsa ga Fibonacci. Go ya ka baeladilotlhoko bangwe gantsi dishweshwe o tla fitlhela di na le matlhare a le 5 a dithunya, di-bloodroots di na le a le 8, di-fireweeds di na le a le 13, di-aster di na le a le 21, diteisi tse di tlwaelegileng tsa mo nageng di na le a le 34, le diteisi tsa Michaelmas di na le a le 55 kgotsa 89. (Bona setshwantsho 6.) Maungo le merogo le yone gantsi e na le go nna le dikarolo tseno tse di tsamaisanang le dipalo tsa ga Fibonacci. Ka sekai, dipanana fa o di sega mo gare o tla bona gore di na le dikarolo di le tlhano.

      “O Dirile Sengwe le Sengwe go Nna Sentle”

      Bataki ba le bantsi ga ba bolo go lemoga gore selo se se bopegileng ka dienkele tsa mofuta ono se sentle tota go se bona. Ke eng se se dirang gore dimela di ntshe matlhogela a masha ka enkele e e tshwanetseng bontle jaana? Batho ba le bantsi ba lemoga gore seno ke se sengwe sa dikai tse di bontshang gore dilo tse di tshelang di dirilwe ke motho mongwe yo o botlhale.

      Batho ba le bantsi fa ba akanya ka tsela e dilo tse di tshelang di dirilweng ka yone le kafa di kgonang go re itumedisa ka yone ba a lemoga gore di dirilwe ke Mmopi yo o batlang gore re itumelele botshelo. Baebele e bua jaana fa e bua ka Mmopi wa rona: “O dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone.”—Moreri 3:11.

      [Ntlha e e kwa tlase]

      a Sengwe se se gakgamatsang, sonobolomo e tlhoga ka tsela e e sa tlwaelegang ka gonne dithunya tsa yone tse di feleletsang di na le peo di simolola go dira sebopego sa motshopo go tswa mo matlhakoreng a karolo e e kwa godimo ya sethunya sa sonobolomo, e seng go tswa mo gare.

      [[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

      Setshwantsho 1

      (Leba kgatiso)

      Setshwantsho 2

      (Leba kgatiso)

      Setshwantsho 3

      (Leba kgatiso)

      Setshwantsho 4

      (Leba kgatiso)

      Setshwantsho 5

      (Leba kgatiso)

      Setshwantsho 6

      (Leba kgatiso)

      [Setshwantsho mo go tsebe 24]

      Setshwantsho se se godisitsweng sa thito

      [Motswedi wa Setshwantsho]

      R. Rutishauser, University of Zurich, Switzerland

      [Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

      White flower: Thomas G. Barnes @ USDA-NRCS PLANTS Database

  • A go Botlhokwa Gore o Dumela Eng?
    Tsogang!—2006 | September
    • A go Botlhokwa Gore o Dumela Eng?

      A O AKANYA gore botshelo bo na le se bo se kayang? Fa e le gore eleruri botshelo bo nnile teng ka gore dilo di iphetogele fela ka botsone go nna tse dingwe, he go raya gore mafoko a a nopotsweng mo lokwalopakeng lwa Scientific American a boammaaruri: “Tsela e re tlhaloganyang thuto eno ka yone gone jaanong, go raya gore . . . tota ga go na se re se tshelelang.”

      A ko o akanye gore mafoko ao a kaya eng tota. Fa e le gore tota ga go na se re se tshelelang, go raya gore mo botshelong o tlile fela go tla go leka go dira molemo mongwe, gongwe le go fetisetsa mekgwa mengwe e o nang le yone mo kokomaneng e e latelang. Mme fa o swa go fedile gotlhelele ka wena. Boboko jwa gago, jo bo kgonang go akanya, le go tlhatlhanya ka bokao jwa botshelo, gotlhe go ne go tla bo go nnile teng fela ka kotsi.

      Ga se gone fela. Batho ba le bantsi ba ba dumelang kgopolo eno ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe ba bolela gore Modimo ga a yo kgotsa a ka se kgone go tsaya kgato malebana le dikgang tsa batho. Fa e le gore go ntse jalo, go raya gore isagwe ya rona e ne e tla bo e ikaegile ka baeteledipele ba dipolotiki, ba thuto le ba bodumedi. Fa re leba rekoto ya bone ya nako e e fetileng, go raya gore tlhakatlhakano, dikgotlhang le boferefere tse di aparetseng batho di ne di tla tswelela. Fa e le gore tota dilo di nnile teng ka gore tse dingwe di iphetogele fela ka botsone go nna tse dingwe, go ne go tla bonala go na le mabaka a mantsi a go tshela ka boikutlo jono jo bo kotsi jwa gore: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.”—1 Bakorintha 15:32.

      Boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo ke gore Basupi ba ga Jehofa ga ba amogele dikgopolo tse di umakilweng fa godimo. E bile Basupi ga ba dumalane le se dikgopolo tseo di theilweng mo go sone—e leng gore botshelo bo nnile gone ka gore dilo dingwe di iphetogele fela ka botsone go nna tse dingwe. Go na le moo, Basupi ba dumela gore Baebele e boammaaruri. (Johane 17:17) Ka jalo, ba dumela se e se bolelang malebana le gore go tlile jang gore re bo re le fano: “[Wena, Modimo] o na le motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) Mafoko ao a bua go le gontsi.

      Botshelo bo na le bokao. Mmopi wa rona o na le maikaelelo a a lorato a a tla amang botlhe ba ba tshelang go ya ka thato ya gagwe. (Moreri 12:13) Maikaelelo ao a akaretsa tsholofetso ya botshelo mo lefatsheng le le se nang tlhakatlhakano, dikgotlhang le boferefere—e bile go se na le loso. (Isaia 2:4; 25:6-8) Basupi ba ga Jehofa ba ba dimilione go ralala lefatshe ba ka kgona go supa gore go ithuta ka Modimo le go dira go rata ga gagwe go dirile gore botshelo bo nne le bokao tota!—Johane 17:3.

      Se o se dumelang se botlhokwa, ka gonne se ka ama e seng fela tsela e o itumelang ka yone gone jaanong mme gape se ama le botshelo jwa gago mo isagweng. Ke wena o tshwanetseng wa dira tshwetso. A o tla dumela kgopolo e e sa kgoneng go tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle gore go tla jang gore re bo re na le bosupi jo bontsi jaana jwa gore lefatshe le bopilwe? Kgotsa a o tla dumela se Baebele e se bolelang, e leng gore lefatshe le botshelo jo bo mo go lone di bopilwe ke Motlhami yo o gakgamatsang—Jehofa, Modimo yo o “bopile[ng] dilo tsotlhe”?—Tshenolo 4:11.

  • A Saense e Ganetsa se Genesise e se Buang?
    Tsogang!—2006 | September
    • Baebele ya Reng

      A Saense e Ganetsa se Genesise e se Buang?

      BATHO ba le bantsi ba bolela gore saense e ganetsana le pego ya Baebele ya popo. Mme se se ganetsanang tota ke dikgopolo tsa saense le tsa batho ba ba ipitsang Batataladi ba Bakeresete, e seng Baebele. Dingwe tsa ditlhopha tseno di bua di gatelela mme di sa bue boammaaruri gore, go ya ka Baebele, dilo tsotlhe tse di bopilweng di bopilwe ka malatsi a le marataro a a nang le diura di le 24, dingwaga di le 10 000 tse di fetileng.

      Le fa go ntse jalo, Baebele ga e tshegetse kgopolo eo. Fa e ka bo e dumalana le kgopolo eo, go ne go tla raya gore dilo di le dintsi tse di lemogilweng ke ba saense mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng di tla bo di dira gore Baebele e se ka ya nna boammaaruri. Fa o tlhatlhoba Baebele ka kelotlhoko o tla lemoga gore ga e ganetsane gope le mabaka a a tlhomameng a saense. Ke ka lebaka leo Basupi ba ga Jehofa ba sa dumalaneng le “Bakeresete” bao ba Batataladi le ba le bantsi ba ba reng popo e tlhodilwe mo malatsing a marataro a mmatota. Dintlha tse di latelang di bontsha se tota Baebele e se rutang.

      ‘Tshimologo’ e Nnile Leng?

      Pego ya Genesise e simolola ka mafoko ano a a sa raraanang mme a nonofile: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Bakanoki ba Baebele ba a dumela gore temana eno e tlhalosa sengwe se se diragetseng e seng ka malatsi a dilo di bopilweng ka one a go buiwang ka one mo temaneng ya 3 go ya kwa pele. Se se kaiwang fano se segolo thata. Go ya ka mafoko a a simololang a Baebele, lobopo, go akaretsa le polanete ya rona ya Lefatshe, lo ne lo ntse lo le teng nako e e sa lekanyediwang pele ga malatsi a popo a simologa.

      Baithutajioloji ba fopholetsa gore lefatshe le tshwanetse la bo le na le dingwaga tse di ka nnang dibilione di le 4 le le teng, mme baithutadinaledi bone ba bolela gore lobopo lo tshwanetse lwa bo lo na le dingwaga di ka nna dibilione di le 15 lo le teng. A dintlha tseno—kgotsa diphetogo tse di tla dirwang malebana le kafa re tlhaloganyang kgang eno ka teng—di ganetsana le Genesise 1:1? Nnyaa. Baebele ga e tlhalose gore “magodimo le lefatshe” di na le dingwaga di le kae. Saense ga e ganetse temana eno ya Baebele.

      Malatsi a Popo A ne A le Maleele go le Kana Kang?

      Go tweng ka boleele jwa malatsi a popo? A a ne a le boleele jwa diura di le 24 tsa mmatota? Bangwe ba bolela gore e re ka Moshe—mokwadi wa Genesise—moragonyana o ne a bua ka letsatsi le le tlang morago ga malatsi a le marataro a popo fa a ne a bua ka Sabata ya beke le beke, ka jalo letsatsi lengwe le lengwe la popo e tshwanetse ya bo e le boleele jwa diura tse 24 tsa mmatota. (Ekesodo 20:11) A mafoko a a mo go Genesise a tshegetsa ntlha eno?

      Nnyaa ga a e tshegetse. Boammaaruri ke gore lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “letsatsi” le ka raya boleele jo bo farologaneng jwa nako, e seng diura di le 24 fela. Ka sekai, fa Moshe a ne a sobokanya ditiro tsa Modimo tsa popo, o ne a bua ka malatsi otlhe a le marataro jaaka e kete ke letsatsi le le lengwe. (Genesise 2:4) Mo godimo ga moo, ka letsatsi la ntlha la popo, “Modimo a simolola go bitsa lesedi Motshegare, mme lefifi lone a le bitsa Bosigo.” (Genesise 1:5) Fano, karolo ya nako ya diura di le 24 e tlhalosiwa ka lefoko “letsatsi.” Eleruri ga go na mabaka mo Dikwalong a gore motho a ka ikakanyetsa fela ka boene gore letsatsi lengwe le lengwe la popo le ne le le boleele jwa diura di le 24.

      Gone mme malatsi a popo a ne a le boleele jo bo kana kang? Mafoko a a mo go Genesise kgaolo 1 le 2 a bontsha gore go ne go buiwa ka boleele jo bo sa tshwaneng jwa dinako.

      Dilo Tse di Bopilweng di Tlhaga Kgato ka Kgato

      Moshe o ne a kwala pego ya gagwe ka Sehebera, mme o ne a kwala a lebile dilo jaaka motho yo o emeng mo godimo ga lefatshe. Mabaka ano a mabedi, le go itse gore lobopo lo nnile gone pele dipaka kgotsa “malatsi” a popo a nna teng, a thusa go rarabolola kgang e e amanang le pego ya popo. Jang?

      Fa o tlhatlhoba pego ya Genesise ka kelotlhoko o tla bona gore ditiragalo tse di simolotseng ka “letsatsi” lengwe di ile tsa fetela kwa letsatsing le lengwe kgotsa a mangwe a a latelang. Ka sekai, pele ga “letsatsi” la ntlha la popo le simolola, lesedi le le neng le tswa mo letsatsing le le neng le setse le le teng le ne le sa kgone go fitlha mo lefatsheng, gongwe e le ka ntlha ya maru a a kitlaneng. (Jobe 38:9) Ka “letsatsi” la ntlha, selo seno se se neng se thibela lesedi la letsatsi go fetela mo lefatsheng se ne sa simolola go tloga, mme seo sa thusa gore lesedi le kgone go feta mo loaping.a

      Ka “letsatsi” la bobedi go bonala loapi lo ile lwa tswelela lo apoga, lo dira gore go nne le sebaka se se bulegileng fa gare ga maru a a kitlaneng a a kwa godimo le lewatle kwa tlase. Ka “letsatsi” la bonè loapi lo ne lo setse lo apogile thata jaana mo e leng gore letsatsi le ngwedi di ne di kgona go bonala “mo phuthologong ya magodimo.” (Genesise 1:14-16) Ka mafoko a mangwe, fa motho a lebile seno a le mo lefatsheng, letsatsi le ngwedi di ne tsa simolola go bonala. Dilo tseno di ne tsa direga kgato ka kgato.

      Pego ya Genesise e bontsha gore fa loapi lo ntse lo apoga, ditshedi tse di fofang—go akaretsa le ditshenekegi le ditshedi tse di diphuka—di ile tsa simolola go bonala ka “letsatsi” la botlhano. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore ka “letsatsi” la borataro, Modimo o ne a sa ntse “a bopa sebatana sengwe le sengwe sa naga le sebopiwa sengwe le sengwe se se fofang sa magodimo ka mmu.”—Genesise 2:19.

      Go bonala sentle gore puo e e dirisiwang mo Baebeleng e dira gore re kgone go swetsa ka gore go ka tswa go ile ga direga dilo tse dikgolo mo pakeng, kgotsa “letsatsi” lengwe le lengwe la popo, di direga kgato ka kgato go na le gore di direge ka nako e le nngwe fela, gongwe e bile tse dingwe di fetela kwa ‘letsatsing’ le lengwe la popo.

      Go ya Ka Mefuta ya Tsone

      A go tlhaga kgato ka kgato gono ga dijalo le diphologolo go bontsha gore Modimo o ile a dirisa mokgwa wa go iphetogela ga dilo ka botsone go dira ditshedi tse dintsintsi tse di farologaneng? Nnyaa. Pego e bontsha sentle gore Modimo o ile a bopa dimela le diphologolo tsa “mefuta” yotlhe. (Genesise 1:11, 12, 20-25) A “mefuta” eno ya ntlhantlha ya dimela le diphologolo e bopilwe ka tsela e e dirang gore e kgone go tlwaelana le maemo le go fetofetoga le maemo a tikologo? Ke eng se se laolang gore “mefuta” e e farologaneng e felela kae ka diphetogo tsa yone? Baebele ga e re bolelele. Le fa go ntse jalo, e bolela gore ditshedi di ne tsa ‘nyeuma kafa mefuteng ya yone.’ (Genesise 1:21) Mafoko ano a bontsha gore go ka nna le diphetogo tse di rileng mo “mofuteng” o le mongwe, mme go na le fa di felelang teng. Rekoto ya dilo tsa bogologolo le dipatlisiso tsa segompieno tse di dirilweng di tshegetsa kgang ya gore mefuta ya konokono ya dimela le diphologolo ga ya fetoga go le kalo mo nakong e telele e e fetileng.

      Go farologana le se Batataladi bangwe ba se bolelang, Genesise ga e rute gore lobopo, go akaretsa le lefatshe le dilo tsotlhe tse di tshelang mo godimo ga lone, di ile tsa bopiwa ka nako e khutshwane mo dingwageng tse di sa tswang go feta. Go na le moo, se Genesise e se buang go tlhalosa tsela e lobopo lo bopilweng ka yone le go nna teng ga botshelo mo lefatsheng se tsamaisana le dilo tse dintsi tse di lemogilweng ke ba saense.

      Ka ntlha ya ditumelo tsa bone tsa filosofi, baitsesaense ba le bantsi ga ba dumalane le kgopolo ya Baebele ya gore Modimo o bopile dilo tsotlhe. Le fa go ntse jalo, se se kgatlhang ke gore mo bukeng ya bogologolo ya Baebele e leng Genesise, Moshe o ile a kwala gore lobopo lo nnile le tshimologo le gore botshelo bo ile jwa tlhaga kgato ka kgato, ka iketlo, mo lobakeng lo loleele. Go tlile jang gore Moshe a bo a nnile le tshedimosetso e e dumalanang le saense jalo dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng? Go na le tlhaloso e le nngwe fela e e utlwalang. Ene yo o nang le maatla le botlhale jwa go bopa magodimo le lefatshe o tshwanetse a bo a ile a naya Moshe kitso e e mo nakong jalo. Seno se dira gore mafoko a Baebele a gore e “tlhotlheleditswe ke Modimo” a nne boammaaruri le go feta.—2 Timotheo 3:16.

      [Ntlha e e kwa tlase]

      a Mo tlhalosong ya se se diragetseng ka “letsatsi” la ntlha, lefoko la Sehebera le le diriseditsweng go kaya lesedi ke ʼohr, lesedi ka kakaretso; mme malebana le “letsatsi” la bonè, lefoko le le dirisitsweng ke ma·ʼohrʹ, le le rayang motswedi wa lesedi.

      A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

      ◼ Modimo o bopile lobopo dingwaga di le kana kang tse di fetileng?—Genesise 1:1.

      ◼ A lefatshe le ile la bopiwa ka malatsi a le marataro a lengwe le lengwe le neng le le diura di le 24 fela?—Genesise 2:4.

      ◼ Go tla jang gore dibuka tsa ga Moshe malebana le tshimologo ya lefatshe di bo di dumalana sentle le saense?—2 Timotheo 3:16.

      [Mafoko a a mo go tsebe 19]

      Genesise ga e rute gore lobopo lo ile lwa bopiwa ka nakwana e khutshwane malobanyana jaana

      [Mafoko a a mo go tsebe 20]

      “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.”—Genesise 1:1

      [Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

      Universe: IAC/RGO/David Malin Images

      [Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

      NASA photo

  • Nka Femela Jang Se ke Se Dumelang ka Popo?
    Tsogang!—2006 | September
    • Basha ba Botsa Jaana . . . 

      Nka Femela Jang Se ke Se Dumelang ka Popo?

      “Fa mo tlelaseng go ne go tlotliwa ka thuto ya gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe, thuto eno e ne e utlwala e ganetsana le dilo tsotlhe tse ke di rutilweng. E ne e tlhalosiwa e le boammaaruri mme seo se ne se ntshosa.”—Ryan, 18.

      “Fa ke ne ke le dingwaga di ka nna 12, morutabana wa me o ne a dumela thata mo kgopolong eno ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe. O ne a bile a na le letshwao la ga Darwin mo koloing ya gagwe! Seo se ne sa dira gore ke se ka ka kgona go tlhalosa se ke se dumelang malebana le popo ka kgololesego.”—Tyler, 19.

      “Ke ne ke tshogile thata fa morutabana wa me wa thutoloago a ne a re thuto ya rona e e latelang e tla nna kaga thuto ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe. Ke ne ke itse gore ke tla tshwanelwa ke gore ke tlhalose mo tlelaseng gore nna ke eme fa kae mo kganetsanong eno.”—Raquel, 14.

      GONGWE le wena, jaaka Ryan, Tyler, le Raquel, o ikutlwa o tshoga fa go tlotliwa mo tlelaseng ka kgang ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe. O dumela gore Modimo “o bopile dilo tsotlhe.” (Tshenolo 4:11) O kgona go bona bosupi jwa gore dilo di dirilwe ke motho mongwe yo o botlhale gongwe le gongwe mo o lebang teng. Mme dibuka tsa thuto di bontsha gore re ne re le sengwe se sele pele mme ra fetoga go nna batho, mme le morutabana wa gago a rialo. Wena o mang gore o ganetsane le “baitse”? Mme bana ba o nang le bone mo tlelaseng ba tla reng fa o simolola go bua ka . . . Modimo?

      Fa e le gore dipotso tse di ntseng jalo di a go tshwenya, wela makgwafo! Ga se wena fela yo o dumelang mo go reng dilo di bopilwe. Boammaaruri ke gore, tota le baitse ba saense ba le bantsi ga ba amogele kgopolo ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe. Mme le barutabana ba le bantsi ga ba amogele kgopolo eo. Kwa United States, baithuti ba le 4 mo go ba le 5 ba dumela mo Mmoping—go sa kgathalesege se dibuka tsa thuto di se bolelang!

      Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke tla reng fa ke tshwanelwa ke go femela tumelo ya me ka popo?’ Tlhomamisega gore le fa o ka tswa o le ditlhong, o ka kgona go ikemela. Le fa go ntse jalo, o tla tlhoka gore o ipaakanyetse.

      Itlhatlhobe go Bona Gore Dilo Tse o di Dumelang di Boammaaruri go le Kana Kang!

      Fa e le gore o godisiwa ke batsadi ba Bakeresete, o ka nna wa bo o dumela fela mo go reng dilo di bopilwe ka gonne ke se o se rutilweng. Le fa go ntse jalo, jaaka fa o ntse o gola, o batla go obamela Modimo ka ‘maatla a gago a go akanya’ o na le motheo o o nonofileng malebana le dilo tse o di dumelang. (Baroma 12:1) Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore ba ‘tlhomamise dilo tsotlhe.’ (1 Bathesalonika 5:21) O ka dira seno jang fa go tla mo kgannyeng ya popo?

      Sa ntlha, akanya ka se Paulo a neng a se kwala malebana le Modimo: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng.” (Baroma 1:20) O ntse o akantse ka mafoko ao, sekaseka mmele wa motho, lefatshe, lobopo lotlhe le mawatle. Tlhatlhoba botshelo jwa ditshenekegi, dimela le jwa diphologolo—sengwe le sengwe se se ka tswang se kgatlha wena. Go tswa foo, o dirisa ‘maatla a gago a go akanya’ ipotse gore, ‘Ke eng se se dirang gore ke dumele gore go na le Mmopi?’

      Go araba potso eo, Sam wa dingwaga di le 14 o dirisa sekai sa mmele wa motho. A re: “Mmele o na le dilo tse dintsi e bile o raraane mme dikarolo tsa one tsotlhe di bereka mmogo ka tsela e e gakgamatsang. Go ka se ka ga direga gore mmele wa motho o bo o iphetogetse fela ka boone go tswa mo sengweng se sele!” Holly wa dingwaga di le 16 o dumalana le ene. A re: “Fa e sale go lemogiwa gore ke na le bolwetse jwa sukiri, ke ile ka ithuta go le gontsi malebana le tsela e mmele wa motho o berekang ka yone. Ka sekai, go a gakgamatsa go bona kafa lobete—serwe se senye se se iphitlhileng kafa morago ga mala—se dirang tiro e kgolo ka teng ya go dira gore madi le dirwe tse dingwe di bereke sentle.”

      Basha ba bangwe ba leba kgang eno ka tsela e nngwe. Jared wa dingwaga di le 19 a re: “Mo go nna selo se segolo se e leng bosupi ke kgang ya gore re na le keletso ya go batla go itse ka dilo tsa semoya e bile re kgona go anaanela dilo tse dintle mme gape re na le keletso ya go batla go ithuta. Dilo tseno ga di botlhokwa gore motho a tshele, jaaka batho ba ba dumelang mo go reng re simolotse re le ditshedi tse dingwe pele ga re fetoga go nna batho ba tla batla go dira gore re dumele. Tlhaloso e le nngwe fela e e dirang tlhaloganyo mo go nna ke gore re beilwe mono ke mongwe yo o neng a batla gore re itumelele botshelo.” Tyler yo o umakilweng kwa tshimologong le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. A re: “Fa ke akanya ka seabe sa dimela mo go thuseng gore re tshele le tsela e e raraaneng e di dirilweng ka yone, ke tlhatswega pelo gore go na le Mmopi.”

      Go motlhofo thata go bua ka popo fa e le gore o ile wa tlhatlhoba kgang eno ka kelotlhoko e bile o tlhatswegile pelo tota gore ke boammaaruri. Ka jalo, jaaka Sam, Holly, Jared le Tyler, iphe nako ya go sekaseka bontle jwa tiro ya Modimo. Mme o “utlwe” se dilo tseno di go se “bolelelang.” Ga go pelaelo gore le wena o tla ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo—gore ga se fela go nna gone ga Modimo mme gape le dinonofo tsa gagwe di “lemogiwa [ka bonako] ka dilo tse di dirilweng.”a

      Itse se Totatota Baebele e se Rutang

      Mo godimo ga go tlhatlhoba dilo tse Modimo a di dirileng gore o tle o kgone go femela kgang ya popo o tlhoka gape go itse gore totatota Baebele e ruta eng ka kgang eno. Ga o tlhoke go dira kgang ka dilo tse Baebele e sa di umakeng ka tlhamalalo. Akanya ka dikai di se kae.

      ◼ Buka ya me ya thuto ya saense e bolela gore lefatshe le thulaganyo ya masedi a tlholego di ile tsa nna teng ka dingwaga di le dibilione di le dintsi. Baebele ga e bue sepe ka gore lefatshe le thulaganyo ya masedi a tlholego di na le dingwaga tse kae. Tota e bile se e se buang se tsamaisana le kgopolo ya gore lobopo lo ka tswa lo ile lwa nna teng dingwaga di le dibilione pele ga tshimologo ya “letsatsi” la ntlha la popo.—Genesise 1:1, 2.

      ◼ Morutabana wa me a re lefatshe le ka se ka la bo le bopilwe ka malatsi a le marataro fela. Baebele ga e tlhalose gore “letsatsi” lengwe le lengwe mo malatsing a le marataro a popo e ne e le nako ya diura di le 24 tsa mmatota. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona tsebe 18-20 mo makasineng ono.

      ◼ Tlelase ya rona e ile ya tlotla ka dikai di le mmalwa tse di bontshang kafa diphologolo le batho ba ileng ba nna ba fetoga ka teng fa nako e ntse e tsamaya. Baebele ya re Modimo o bopile dilo tse di tshelang go ya “kafa mefuteng ya yone.” (Genesise 1:20, 21) Ga e tshegetse kgopolo ya gore botshelo bo tswa mo dilong tse di sa tsheleng kgotsa gore Modimo o ile a dirisa sele e le nngwe go dira gore dilo tse dingwe tsotlhe di tswe mo go yone. Le fa go ntse jalo, mo teng ga “mofuta” o le mongwe go a kgonega go nna le mefuta e mentsintsi e e farologaneng. Ka jalo Baebele e a dumela gore phetogo e ka nna teng mo gare ga “mofuta” mongwe le mongwe.

      Tlhomamisega ka Dilo Tse o di Dumelang!

      Ga o tlhoke go ikutlwa o sa gololesega kgotsa o tlhabiwa ke ditlhong ka gonne o dumela mo popong. Fa o akanya ka bosupi jo bo leng gone, go a utlwala tota—ee, go dumalana le saense—go dumela gore re dirilwe ke motlhami yo o botlhale. Boammaaruri ke gore kgopolo ya gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe—e seng kgopolo ya popo—ke yone e e batlang gore o nne le tumelo e ntsi thata e o se nang bosupi jwa yone, e bile e batla gore o dumele mo dikgakgamatsong le fa go se na yo o di dirang. Tota e bile, fa o sena go sekaseka ditlhogo tse dingwe mo makasineng ono wa Tsogang! ga go na pelaelo gore o tla bo o tlhatswegile pelo gore go na le bosupi jo bo tshegetsang kgang ya popo. Mme fa o sena go sekaseka kgang eno ka kelotlhoko o dirisa maatla a gago a go akanya, o tla ikutlwa o itshepa tota go ka femela se o se dumelang mo tlelaseng.

      Ke se Raquel, yo o umakilweng pelenyana, a ileng a se lemoga. A re: “Go ile ga ntsaya malatsi a se kae gore ke lemoge gore ga ke a tshwanela go didimala malebana le se ke se dumelang. Ke ne ka naya morutabana wa me buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?, ke tshwaile dintlha dingwe tse ke neng ke batla gore a di ele tlhoko. Moragonyana, o ne a mpolelela gore buka eno e dirile gore a nne le pono e nngwe ka kgopolo eno ya gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe, mme mo nakong e e tlang o tla akanyetsa tshedimosetso eo fa a ruta ka kgang eno!”

      [Ntlha e e kwa tlase]

      a Basha ba le bantsi ba ile ba solegelwa molemo ke go sekaseka tshedimosetso e e mo dikgatisong tse di jaaka Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? le Is There a Creator Who Cares About You? Dibuka tseno ka bobedi di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

      DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

      ◼ Ke ditsela dife tse di motlhofo tse o ka di dirisang go tlhalosa tumelo ya gago malebana le popo kwa sekolong?

      ◼ O ka bontsha jang kanaanelo ya gago mo go ene yo o bopileng dilo tsotlhe?—Ditiro 17:26, 27.

      [Lebokoso mo go tsebe 27]

      “GO NA LE BOSUPI JO BONTSINTSI”

      “O ka thusa jang mosha yo o godisitsweng a dumela mo Mmoping mme a rutiwa kwa sekolong gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe?” Potso eno e ne ya bodiwa morutabana mongwe yo o rutang thutotshelo ya ditshedi tse di nnyennye yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a araba jang? “O tshwanetse wa tsaya seo e le tshono ya gore o iponele bosupi ka bowena jwa gore Modimo o teng—e seng fela ka go bo seo e le se o se rutilweng ke batsadi ba gago mme e le ka go bo wena ka bowena o itlhatlhobetse bosupi jwa gone mme o bo dumela. Ka dinako tse dingwe fa barutabana ba kopiwa gore ba ‘ntshe bosupi’ jwa gore dilo di iphetogetse fela ka botsone go nna tse dingwe, ga ba kgone go dira jalo mme seo se dira gore ba lemoge gore ba dumela kgopolo eo fela ka go bo ba ile ba rutiwa jalo. Le wena o ka wela mo bothateng joo malebana le se o se dumelang ka Mmopi. Ke ka lebaka leo go leng botlhokwa gore o iponele bosupi ka bowena gore tota Modimo o teng. Go na le bosupi jo bontsi. Ga go thata go bo bona.”

      [Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]

      KE ENG SE SE GO TLHATSWANG PELO?

      Fa tlase fano, kwala dilo tse tharo tse di tlhatswang wena pelo gore go na le Mmopi:

      1. ․․․․․

      2. ․․․․․

      3. ․․․․․

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela