PINA 130
Lo Itshwarelane
E e Gatisitsweng
1. Ka ’rato Jehofa
O ne a ntsha Morwawe
Gore a re swele rotlhe
Le go re fa botshelo.
Ruri fa re ikwatlhaya,
O tla re itshwarela
Fa re kopa ka leina
La ga Jesu Kresete.
2. Fa re etsa Mmopi
Ka go itshwarelana,
Le go bontshana lorato,
O tla re itshwarela.
Re sa boloke sekgopi,
Mme re itshokelana;
Gape re bontshana tlotlo,
Le go kgatlhegelana.
3. Kutlwelobotlhoko
Ke nonofo’e molemo.
E re thusa go nna batho
Ba ba ratang kagiso.
Fa re etsa Jah Modimo
Ka go nna le lorato,
Re tla kgona go’itshwarela;
Re tla nna ka kutlwano.
(Bona le Math. 6:12; Baef. 4:32; Bakol. 3:13.)