LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • nwt ts. 2022-2023
  • B1 Molaetsa O o Mo Baebeleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • B1 Molaetsa O o Mo Baebeleng
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Morago ga 4026 B.C.E.
  • 1943 B.C.E.
  • Morago ga 1070 B.C.E.
  • 29 C.E.
  • 33 C.E.
  • Mo e ka nnang ka 1914 C.E.
  • Mo nakong e e tlang
  • Boporofeti Jwa Bogologolo Jo bo Go Amang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Jehofa o Senola Boikaelelo Jwa Gagwe
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Losika Lwa Noga—Lo Senolwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Utlwana ga Bibela Yotlhe
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
B1 Molaetsa O o Mo Baebeleng

B1

Molaetsa O o Mo Baebeleng

E e Gatisitsweng

Jehofa Modimo ke ene a tshwanetseng go busa ka gonne tsela e a busang ka yone e siame. O tla diragatsa se a se ikaeletseng ka lefatshe le batho.

Adame le Efa ba na le noga kwa Tshimong ya Edene

Morago ga 4026 B.C.E.

“Noga” ya re tsela e Jehofa a busang ka yone ga e a siama. Jehofa o solofetsa gore go tla nna le “losika,” lo lo tla tšhwetlang tlhogo ya noga eno e e bidiwang Satane. (Genesise 3:1-5, 15) Le fa go ntse jalo, Jehofa o letla batho gore ba ipuse ba laolwa ke noga eno.

Aborahame o utlwa tsholofetso ya Modimo

1943 B.C.E.

Jehofa o bolelela Aborahame gore “losika” lo lo solofeditsweng e tlile go nna mongwe wa ditlogolwana tsa gagwe.—Genesise 22:18.

Kgosi Dafide

Morago ga 1070 B.C.E.

Jehofa o bolelela Kgosi Dafide gore “losika” lo lo solofeditsweng lo ne lo tla tswa mo baneng ba gagwe mme moragonyana a bo a bolelela Solomone morwawe se se tshwanang.—2 Samuele 7:12, 16; 1 Dikgosi 9:3-5; Isaia 9:6, 7.

Fa Jesu a ne a kolobediwa

29 C.E.

Jehofa o itsise gore Jesu ke “losika” lo lo solofeditsweng lo lo tla busang e le Kgosi mo setulong sa bogosi sa ga Dafide.—Bagalatia 3:16; Luke 1:31-33; 3:21, 22.

Fa Jesu a ne a swa

33 C.E.

Noga, e leng Satane, e gobatsa “losika” lo lo solofeditsweng ka nakwana ka go dira gore Jesu a bolawe. Jehofa o tsosa Jesu gore a ye go tshela kwa legodimong mme o amogela boleng jwa botshelo jwa ga Jesu jo bo itekanetseng. Seo se dira gore ditlogolwana tsa ga Adame di itshwarelwe maleo mme di kgone go tshelela ruri mo nakong e e tlang.—Genesise 3:15; Ditiro 2:32-36; 1 Bakorintha 15:21, 22.

Satane o latlhelwa mo lefatsheng jaaka go tlhalositswe mo go Tshenolo

Mo e ka nnang ka 1914 C.E.

Jesu o latlhela noga, e leng Satane, mo lefatsheng ka nakwana.—Tshenolo 12:7-9, 12.

Jesu o ntse mo setulong sa bogosi, o busa lefatshe jaaka go tlhalositswe mo go Tshenolo

Mo nakong e e tlang

Jesu o golega Satane dingwaga di le 1 000 go tswa foo o a mo fedisa a mo tšhwetla tlhogo ka tsela ya tshwantshetso. Jehofa o diragatsa se a neng a se ikaeletse ka lefatshe le batho go tswa kwa tshimologong, leina la gagwe le a itshepisiwa mme tsela e a busang ka yone e a tlotlomadiwa.—Tshenolo 20:1-3, 10; 21:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela