PINA 4
“Jehofa ke Modisa wa Me”
1. Jehofa Modisa wa me;
Ke tla nna ke go reetsa.
O’itse dilo tse ke di tlhokang,
Le tse ke di eletsang.
Ke nwa metsi a botshelo
Ke sireletsegile.
O nkaela ka lorato lwa ’gwe,
Go bona boikhutso.
O nkaela ka ’rato lwa ’gwe,
Go bona boikhutso.
2. Ditsela tsotlhe tsa gago,
Di ntapolosa moya.
Ke kopa o nthuse gore ke
Se ka ka di katoga.
Fa ke lebane le loso;
Ke tla nna ke go tshepa.
Ga go na sepe se nka se boifang,
Gonne o Tsala ya me.
Ga go sepe se nka se boifang,
Gonne o Tsala ya me.
3. Jehofa Modisa wa me!
Ke tla nna ke go reetsa.
O mpha maatla le boikhutso,
O’itse se ke se tlhokang.
Ke ikantse wena Mmopi
Gore o ntlhokomele.
E kete lorato lwa gago Jah,
Lo ka nkaela ka metlha.
E kete lorato lwa gago
Lo ka nkaela ka metlha.
(Bona le Pes. 28:9; 80:1.)