Pina 11
Go Ipedisa Pelo ya ga Jehofa
E e Gatisitsweng
1. Jah re dirile maikano;
A go dira thato ya ’go.
Gonne ka go dira jalo,
Re’ipedisa pelo ya ’go.
2. Motlhanka yo’o boikanyego,
O re nonotsha semoyeng,
Re newa dijo ka nako,
Re tla dira thato ya ’go.
3. Re neye moya wa gago,
Gore re nne re’ikanyege
Le go go baka ka metlha,
Re’ipedise pelo ya ’go.
(Bona le Math. 24:45-47; Luke 11:13; 22:42.)