LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • sn pina 106
  • Go Nna Tsala ya ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna Tsala ya ga Jehofa
  • Opelelang Jehofa
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna Tsala ya ga Jehofa
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • Modimo o go Laletsa Gore o Nne Tsala ya Gagwe
    O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
  • Jehofa—A Ke Mongwe Yo O Mo Itseng Fela Kana Ke Tsala ya Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ke ka Ntlha Yang ke sa Kgone go Nna le Ditsala?
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Opelelang Jehofa
sn pina 106

Pina 106

Go Nna Tsala ya ga Jehofa

E e Gatisitsweng

(Pesalema 15)

1. Tsala’a ’go ke mang Jah?

Yo’o mo amogelang?

O amogela basiami,

Ba ba go ikanyang.

Botlhe ba ba reetsang

Lefoko la gago,

Ba’a ikanyega, ba siame,

O a ba rata Jah.

2. Tsala’a ’go ke mang Jah?

Yo o mo laletsang?

Ke mang yo o go’itumedisang?

O itsiwe ke mang?

Ke yo o go tlotlang,

A go ikobela,

A ikanyega go tswa pelong,

A le boammaaruri.

3. Re tla kwa go wena,

Ka mathata’a rona.

Re atamalana le wena,

Gonne re go rata,

Botsala jwa ’go Jah,

Re’a bo anaanela.

Ga re kitla re nna le tsala

E e gaisang wena.

(Bona le Pes. 139:1; 1 Pet. 5:6, 7.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela