LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 66
  • Dihele ke Eng? Baebele E a Re Dihele ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dihele ke Eng? Baebele E a Re Dihele ke Eng?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • A dihele ke lefelo lengwe le batho ba otlhaiwang kwa go lone ka bosakhutleng?
  • Setshwantsho sa ga Jesu sa monna wa mohumi le Lasaro se kaya eng?
  • A dihele di raya gore motho ga e sa tlhole e le tsala ya Modimo?
  • A go na le mongwe yo o kileng a gololwa kwa diheleng?
  • Ke Bomang ba ba Yang Kwa Diheleng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Diragetseng ka Molelo wa Dihele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Tota Dihele ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Thuto ya Maaka 2: Baikepi ba Bogisiwa Kwa Diheleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 66
Setshwantsho sa bodumedi se bontsha batho ba bogisiwa mo molelong wa dihele.

Dihele ke Eng? Baebele E a Re Dihele ke Eng?

Karabo ya Baebele

Dithanolo dingwe tsa Baebele tse di jaaka King James Version di dirisa lefoko “dihele” mo ditemaneng dingwe. (Pesalema 16:10; Ditiro 2:27a) Fela jaaka setshwantsho sa bodumedi se o se bonang mo setlhogong seno, batho ba le bantsi ba dumela gore dihele ke lefelo lengwe le le nang le molelo o o tukelang ruri kwa batho ba ba bosula ba otlhaiwang gone. A mme seo ke se Baebele e se rutang?

Se se mo setlhogong seno:

  • A dihele ke lefelo lengwe le batho ba otlhaiwang kwa go lone ka bosakhutleng?

  • Setshwantsho sa ga Jesu sa monna wa mohumi le Lasaro se kaya eng?

  • A dihele di raya gore motho ga e sa tlhole e le tsala ya Modimo?

  • A go na le mongwe yo o kileng a gololwa kwa diheleng?

  • Ditemana tsa Baebele tse di buang ka dihele kgotsa Lebitla

  • Puo ya ntlha ya mafoko a Baebele

  • Thuto ya molelo wa dihele

A dihele ke lefelo lengwe le batho ba otlhaiwang kwa go lone ka bosakhutleng?

Nnyaa. Mafoko a ntlha a a ranotsweng go tswa mo dithanolong tsa Baebele tsa bogologolo e le “dihele” (Ka Sehebera, “Sheole”; Ka Segerika, “Hadese”) a raya “Lebitla.” Baebele e bontsha gore batho ba ba mo “Lebitleng” ga ba tshele.

  • Baswi ga ba utlwe sepe e bile ga ba utlwe botlhoko. “Ga go na tiro, kakanyo, botlhale, kgotsa kitso kwa diheleng.” (Moreri 9:10, Douay-Rheims Version) Ga go na batho ba ba goang ba le mo kutlobotlhokong kwa diheleng. Go na le moo Baebele e a re: “E kete batho ba ba bosula ba ka tlhabiwa ke ditlhong, e kete ba ka didimadiwa mo lebitleng [diheleng, Douay-Rheims].”​—Pesalema 31:17; (30:18, Douay-Rheims); Pesalema 115:17.

  • Modimo o atlholetse batho loso ka ntlha ya boleo, e seng go ba bogisa mo diheleng. Modimo o ile a bolelela monna wa ntlha e bong Adame gore fa a sa ikobele melao ya gagwe o tla swa. (Genesise 2:17) Ga a ka a bua sepe ka go fisiwa ga batho mo diheleng. Morago ga gore Adame a leofe, Modimo o ile a mo atlhola ka go re: “O tla boela mo loroleng ka gonne o lorole.” (Genesise 3:19) O ne a ka se tlhole a nna teng. Fa e le gore Modimo o ne a tla isa Adame kwa diheleng, A ka bo a ile a tlhalosa jalo. Modimo ga a fetola katlholo ya go sa ikobele melao ya gagwe. Morago ga lobaka lo loleele Adame a sena go leofa, Modimo o ile a tlhotlheletsa mokwadi wa Baebele go kwala jaana: “Dituelo tsa boleo ke loso.” (Baroma 6:23) Ga go tlhokege katlholo e nngwe mo godimo ga eo ka gonne, “yo o suleng o itshwaretswe boleo jwa gagwe.”​—Baroma 6:7.

  • Modimo o tlhoile thuto ya gore batho ba tlhokofadiwa kwa diheleng. (Jeremia 32:35) Kgang eno ga e dumalane le se Baebele e se rutang gore “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Modimo o batla gore re mo obamele ka go bo re mo rata, e seng ka gonne re tshaba gore re tla bogisiwa kwa diheleng.​—Mathaio 22:36-38

  • Batho ba ba siameng ba ile diheleng. Dibaebele tse di dirisang lefoko “dihele” di bontsha gore banna ba ba ikanyegang ba ba jaaka Jakobe le Jobe, ba ne ba tla ya diheleng morago ga gore ba swe. (Genesise 37:35; Jobe 14:13) Go bontshiwa gore fa Jesu Keresete a ne a sule, le ene o ne a le kwa diheleng. (Ditiro 2:31, 32) Seno se raya gore fa lefoko “dihele” le dirisiwa mo Baebeleng le kaya Lebitla.b

Setshwantsho sa ga Jesu sa monna wa mohumi le Lasaro se kaya eng?

Setshwantsho seno se ile sa dirisiwa ke Jesu mme se kwadilwe mo go Luke 16:19-31. Setori ke ditshwantsho tse di rutang ka boitshwaro le kafa Modimo a lebang dilo ka gone. Setori sa monna wa mohumi le Lasaro ga se pego ya mmatota e e diragatseng. (Mathaio 13:34) Go ithuta mo go oketsegileng ka setshwantsho seno, bona setlhogo se se reng “Who Were the Rich Man and Lazarus?”

A dihele di raya gore motho ga e sa tlhole e le tsala ya Modimo?

Nnyaa. Thuto ya gore baswi ba a itse gore ga e sa tlhole e le ditsala tsa Modimo, ga e tsamaisane le thuto ya Baebele e e rutang ka tlhamalalo gore baswi ga ba itse sepe gotlhelele.​—Pesalema 146:3, 4; Moreri 9:5.

A go na le mongwe yo o kileng a gololwa kwa diheleng?

Ee. Baebele e bua ka batho ba le 9 ba ba neng ba ya Lebitleng (le le ranotsweng e le “dihele” mo Dibaebeleng tse dingwe) mme ba ne ba tsosiwa mo baswing.c Fa e le gore ba ne ba itse se se diragalang ka nako ya fa ba ne ba le kwa diheleng, ba ka bo ba ile ba bua ka se ba se boneng. Ga go na ope o o ileng a bua ka go bogisiwa mo diheleng kana sepe fela. Lebaka? Jaaka Baebele e ruta, ba ne ba sa utlwe sepe, jaaka e kete ba ne ba “robetse” boroko jo bo tseneletseng.​—Johane 11:11-14; 1 Bakorintha 15:3-6.

a Bontsi jwa dithanolo tsa Dibaebele tsa bosheng ga di dirise lefoko “dihele” mo go Ditiro 2:27. Go na le moo dingwe di dirisa lefoko “lebitla,” (New Century Version); “lefelo la baswi,” (New International Version); “baswi” (The Passion Translation). Dithanolo dingwe di ile tsa tsaya lefoko “Hadese” fela jaaka le ntse.​—Holman Christian Standard Bible, NET Bible, New American Standard Bible, English Standard Version.

b Bona lebokoso “Puo ya ntlha ya mafoko a Baebele.”

c Bona 1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:32-37; 13:20, 21; Mathaio 28:5, 6; Luke 7:11-17; 8:40-56; Johane 11:38-44; Ditiro 9:36-42; Ditiro 20:7-12.

Ditemana tsa Baebele tse di buang ka dihele kgotsa Lebitla

Jobe 14:13: “E kete o ne o ka mpoloka mo Lebitleng [“dihele,” Douay-Rheims Version], . . . wa bo wa mpeela nako mme wa nkgakologelwa!”

Tlhaloso: Monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a itse gore dihele (Lebitla) di tla mo golola mo botlhokong le gore Modimo o tla mo tsosa.

Pesalema 145:20: “Jehofa o disa botlhe ba ba mo ratang, mme o tla nyeletsa botlhe ba ba bosula.”

Tlhaloso: Modimo o tla nyeletsa, kgotsa o tla fedisa ba ba dirang bosula. Modimo ga a ka ke a ba isa diheleng e le gore a ba bogise.

Moreri 9:10: “Gonne ga go na tiro kgotsa go dira dithulaganyo kgotsa kitso kgotsa botlhale kwa Lebitleng [“diheleng,” Douay-Rheims Version], kwa o yang gone.”

Tlhaloso: Ba ba mo Mabitleng kgotsa mo diheleng ga ba utlwe sepe e bile ga ba boge. Mo godimo ga moo, batho ba Baebele e buileng ka bone ba akaretsa le ba ba siameng.

Ditiro 2:31: “O ne a bonelapele tsogo ya ga Keresete, gore moya wa gagwe ga o kitla o tlogelwa mo diheleng.”​—King James Version

Tlhaloso: Fa Jesu Keresete a ne a sule, o ne a le kwa diheleng (Lebitleng).

Baroma 6:23: “Dituelo tsa boleo ke loso.”

Tlhaloso: Katlholo ya boleo ke loso e seng go bogisiwa mo diheleng.

Tshenolo 20:13: “Loso le dihele di ne tsa ntšha baswi ba ba mo go tsone.”—King James Version.

Tlhaloso: Ba ba mo diheleng ba sule. Ba tla tshela gape fa baswi ba tsosiwa.

Tshenolo 20:14: “Loso le dihele di ne tsa latlhelwa mo letšheng le le tukang molelo.”​—King James Version.

Tlhaloso: Fa batho ba sena go tsosiwa, dihele (Lebitla) di tla nyelediwa ka bosakhutleng jaaka e kete di fisitswe ka molelo. Go tswa foo, loso le boleo tse di bakilweng ke Adame di tla bo di sa tlhole di le teng.​—Baroma 5:12.

Puo ya ntlha ya mafoko a Baebele

Jaaka lenaane le le latelang le bontsha, baranodi ba Baebele ba tlhakantse batho tlhogo ka go dirisa lefoko “dihele” le le tswang mo puong ya ntlha ka ditlhaloso tse di farologaneng. Go lebega e kete ba ne ba batla gore babadi ba dumele gore batho ba ba bosula ba tla bogisiwa ka bosakhutleng ba sa swe.

  • Sheole (Sehebera שְׁאוֹל) Hadese (Segerika ᾅδης)

    Tlhaloso: Lebitla le le tlwaelegileng la batho.​—Pesalema 16:10; Ditiro 2:31

    Dithanolo: Lebitla, dihele, khuti (King James Version); lefelo la baswi (New International Version)

  • Gehena (Segerika γέεννα)

    Tlhaloso: Go fedisiwa gotlhelele.​—Mathaio 5:30

    Dithanolo: Gehena; dihele (King James Version, New International Version)

  • Tatarase (Segerika ταρταρόω)

    Tlhaloso: Boemo jo bo kwa tlasetlase jo madimona, e leng baengele ba ba bosula ba latlhelwang mo go jone.​—2 Petere 2:4

    Dithanolo: Tatarase; dihele(King James Version, New International Version); Dihele tse di kwa tengteng (Douay-Rheims Version)

  • Apoleia (Segerika ἀπώλεια)

    Tlhaloso: Tshenyego.​—Mathaio 7:13

    Dithanolo: Tshenyego; dihele (Good News Bible)

  • Pyr (Segerika πῦρ)

    Tlhaloso: Molelo wa mmatota kana wa tshwantshetso.​—Luke 17:29; Jude 23

    Dithanolo: Molelo; molelo wa dihele(God’s Word Translation)

Hisitori ya molelo wa dihele

Tshimologo ya thuto ya maaka: Baegepeto ba bogologolo ba ne ba dumela mo molelong wa dihele. Buka e e buang ka baswi ya Ȧm-Ṭuat (Amduat), e borahisitori ba akanyang gore e kwadilwe ka dingwaga tsa bo 1600 B.C.E., e tlhalosa gore “ba ba fologelang mo khuting ya molelo; . . . ga ba ka ke ba kgona go tswa mo molelong oo.”​—The Egyptian Heaven and Hell.

E ne e sa rutwe ke Bakeresete ba bogologolo: “Mo Tesetamenteng e ntšha, ga re fitlhele gope mo go tlhalosiwang gore [Bakeresete ba bogologolo] ba ne ba ruta ka molelo wa dihele.”​—A Dictionary of Christian Theology.

Go tsena ga filosofi ya Segerika: “Go simolola mo magareng a dingwaga tsa bo200 [C.E.] Bakeresete ba ba neng ba na le katiso ya filosofi ya Segerika, ba ile ba simolola go batla go ntsha maikutlo a bone ka se ba se dumelang . . . Ba ne ba dumalana thata le Filosofi ya Platonism [thuto ya ga Plato].” (Encyclopædia Britannica) Thuto eno e ne e akaretsa go tlhokofadiwa mo molelong wa dihele morago ga loso. “Mo go borafilosofi ba ba tumileng ba kwa Gerika, Plato ke ene a ileng a nna le tlhotlheletso e kgolo thata mo tseleng e dihele di lebiwang ka yone.”​—Histoire des enfers (The History of Hell).

Thuto ya dihele e ne e dirisiwa gore go lebege e kete go bogisa ba bangwe ga go molato: Ka nako ya fa batho ba sekisiwa kwa Spain, batho ba ba neng ba sa dumalane le dithuto tsa kereke ba ne ba fisiwa mo koteng, lebaka e le gore ba “utlwisiwe gore molelo wa dihele o o sa feleng o tla bo o ntse jang,” mme ba ne ba na le tsholofelo ya gore seo se ne se tla thusa batho bao go ikotlhaya pele ba swa. (The Spanish Inquisition, by Jean Plaidy) Ka tsela e e tshwanang Kgosigadi Mary wa Ntlha wa England, o ne a fisa Baporosetanta ba le 300 mo koteng, a dumela gore “e re ka meya ya baganetsi e ya go fisiwa kwa diheleng ka bosakhutleng, go a tshwanela gore a ipusolosetse ka go dira se se tshwanang ka go ba fisa ba santse ba le mo lefatsheng.”​—Universal History, go ya ka Alexander Tytler.

Diphetogo tsa bosheng: Ditlhopha dingwe tsa bodumedi di fokoditse go bua thata ka dihele, e se ka gonne ba itse gore ke thuto ya maaka mme e le fela gore ba itumedise maloko a bone. (2 Timotheo 4:3) “Batho ba batla Modimo yo o bonolo le yo o atamelesegang . . . Gompieno ga go a tlwaelega go bua ka boleo le melato.”​—Professor Jackson W. Carroll.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela