Babadi ba a Botsa
A Modimo o Amogela go Nyala Lefufa?
Nnyaa; molao o Modimo a neng a o tlhoma kwa Edene ka lenyalo la ntlha e ne e le wa gore monna a nyale mosadi a le mongwe fela. Moragonyana Jesu Keresete o ne a gatelela molao oo gape mo balateding ba gagwe.—Genesise 2:18-24; Mathaio 19:4-6.
A banna ba pele ga motlha wa Bokeresete ba ba jaaka Aborahame, Jakobe, Dafide le Solomone ba ne ba se na basadi ba bantsi? Mme gone, Baebele ya reng ka manyalo ao? E senola mathata le dikgotlhang tse di neng tsa nna gone mo lelapeng la ga Aborahame le Jakobe ka ntlha ya go nyala lefufa. (Genesise 16:1-4; 29:18–30:24) Moragonyana Molao wa Modimo o ne wa laela kgosi nngwe le nngwe jaana: “A se ka a ikokeletsa basadi, gore pelo ya gagwe e se ka ya fapoga.” (Duteronome 17:15, 17) Solomone o ne a itlhokomolosa taelo eo ka go nyala basadi ba feta 700! Ka maswabi, pelo ya ga Solomone e ne ya katogela kgakala le Jehofa ka ntlha ya tlhotlheletso e e bosula ya basadi ba gagwe ba bantsi. (1 Dikgosi 11:1-4) Eleruri Baebele ga e kgothaletse go nyala lefufa.
Go ntse go le jalo, bangwe ba ka nna ba ipotsa gore ke eng fa Modimo a ne a letlelela batho ba gagwe go nyala lefufa. Akanya ka seno: A o kile wa tlogela fanitšhara ka nako nngwe mo ntlong le fa o itse gore o tshwanetse go reka e nngwe e ntšha, gongwe o akanya gore ga go utlwale go e ntsha kgotsa o bona gore ga e ise e nne nako ya gore o e ntshe? Gone ke boammaaruri gore dikakanyo tsa Modimo di feta tsa rona kgakala. (Isaia 55:8, 9) Le fa go ntse jalo, re ka lemoga mabaka a le mmalwa a a utlwalang a go bo a ile a letlelela go nyala lefufa ka nakwana.
Se lebale gore kwa Edene, Jehofa o ne a solofetsa “losika” lo kgabagare lo neng lo tla nyeletsa Satane. Moragonyana, Aborahame o ne a bolelelwa gore o tla nna rre wa setšhaba se segolo le gore Losika lo lo boleletsweng pele lo tla tswa mo losikeng lwa gagwe. (Genesise 3:15; 22:18) Satane o ne a ikemiseditse go thibela Losika loo gore lo se ka lwa goroga. Ka jalo, o ne a ikemiseditse go nyeletsa setšhaba sa bogologolo sa Iseraele. Gangwe le gape o ne a raela Baiseraele gore ba leofe gore Modimo a se ka a ba amogela le go ba sireletsa.
Gore Jehofa a kgone go thusa Baiseraele go tila dirai tsa ga Satane, gangwe le gape o ne a ba romelela baporofeti ba gagwe go ya go ba tlhagisa fa ba ne ba simolola go tlola melao ya gagwe e e siameng. Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore ka dinako tse dingwe batho ba gagwe ba tla palelwa ke go ikobela le e leng melao ya botlhokwa, e e jaaka o o kgatlhanong le kobamelo ya medingwana. (Ekesodo 32:9) Fa ba ne ba ka palelwa ke go ikobela molao wa botlhokwa jalo, ba ne ba ka kgona jang go tlotla molao o o neng o le kgatlhanong le go nyala lefufa? E re ka Jehofa a ne a tlhaloganya tsela e batho ba itshwarang ka yone, o ne a lemoga gore e ne e ise e nne nako e e siameng ya go thibela mokgwa oo o o neng o setse o na le lobaka lo loleele o dirwa mo metlheng eo. Fa a ka bo a ile a o thibela ka nako eo, Satane a ka bo a ile a bona mokgwa o o bonolo wa go raela Baiseraele gore ba dire boleo.
Go letlelela ga Modimo go nyala lefufa ka nakwana go ne go na le melemo e mengwe. Go ne ga thusa setšhaba seo gore se ate ka bonako. Go oketsega ga batho go ne ga tlhomamisa gore setšhaba seo se tswelela se le teng go fitlha Mesia a goroga. Gape go nyala lefufa go ka tswa go ile ga sireletsa basadi bangwe ka tsela e e rileng, jaaka gore ba nne le bonno ka metlha e e kotsi.
Le fa go ntse jalo, se lebale gore Jehofa ga se ene a simolotseng mokgwa oo. O ne a o letlelela ka nakwana, a o laola gore batho ba se ka ba sotliwa. (Ekesodo 21:10, 11; Duteronome 21:15-17) Fa Jehofa a ne a swetsa go fedisa mokgwa ono wa gore baobamedi ba gagwe ba nyale lefufa, o ne a dirisa Morwawe go gatelela gape molao wa lenyalo o o neng o tlhomilwe kwa Edene. Ka jalo, Jesu o ne a iletsa balatedi ba gagwe go nyala lefufa. (Mareko 10:8) Morago ga moo, boammaaruri jono bo ne jwa utlwala sentle le go feta: Molao wa ga Moshe o ne o le molemo ka nako ya one, mme “Molao wa ga Keresete” one o mosola le go feta.—Bagalatia 6:2.