LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/07 ts. 29
  • Lorato Lo lo Sa Feleng Lwa Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lorato Lo lo Sa Feleng Lwa Modimo
  • Tsogang!—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
  • Tlhatlhanya ka Lorato lo lo Nnelang Ruri Lwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • A Modimo o Teng? A go Botlhokwa go Itse?
    Tsogang!—2015
  • Lorato Lwa Boammaaruri Lo A Duela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2007
g 11/07 ts. 29

Lorato Lo lo Sa Feleng Lwa Modimo

DILO tse supa tse di gakgamatsang tsa lefatshe la bogologolo di ne tsa bidiwa jalo ka gonne di ne tsa tsosa kgakgabalo mo megopolong ya batho. Le fa go ntse jalo, ke dipiramiti fela tse di setseng, mme dikago tseno ga di tlhole di le gone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, le fa Baebele e kwadilwe ke banna ba ba ikokobeditseng, ba e kwaletse mo dilong tse di senyegang, e sa ntse e le gone e bile e kwalolotswe sentle go fitlha le mo motlheng wa rona. Re ka tshepa buka eno e e tlhomologileng re sa belaele sepe.—Isaia 40:8; 2 Timotheo 3:16, 17.

Ka go dira gore dikgopolo tsa gagwe di kwalwe, Jehofa Modimo o ne a tlhomamisa gore Baebele e kwalololwa sentle kwantle ga diphoso. Mo godimo ga moo, mafoko a a motlhofo a bakwadi ba Modimo a ba dirisitseng a dira gore go nne motlhofo gore batho ba le bantsi ba ba sa rutegang ba kgone go bala Baebele ka go e tlhaloganya. (Ditiro 4:13) A seo ga se sone se o neng o ka se solofela ka Mmopi le bakwadi ba gagwe ba ba tlhotlheleditsweng? Mo godimo ga moo, go anamisiwa thata ga Baebele ke bosupi jwa gore Modimo o rata dibopiwa tsa gagwe e leng batho ka lorato lo logolo, go sa kgathalasege gore batho ba nna kae kgotsa gore ba bua puo efe. (1 Johane 4:19) Gone ke boammaaruri gore go anama thata ga Baebele ga go fokotse boleng jwa yone, go na le moo go a bo oketsa!

Diteng tsa Baebele ke bosupi jo bo oketsegileng jwa kafa Modimo a ratang batho ka teng. Jaaka re bone mo ditlhogong tse di fetileng, Lefoko la Modimo le tlhalosa gore re tswa kae, gore ke ka ntlha yang botshelo bo le bokhutshwane jaana e bile bo tletse ka matshwenyego, le gore Modimo o tla siamisa seemo seno jang ka Bogosi jwa gagwe. Gape re sekasekile kgakololo e e botlhale ya Baebele ya gore re ka itumelela jang botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang gone jaanong. (Pesalema 19:7-11; Isaia 48:17, 18) Mo godimo ga tsotlhe, re ithutile kafa Mmopi wa rona a tla itshepisang leina la gagwe ka teng ka ntlha ya thogako e e tlisitsweng ke maaka a ga Satane.—Mathaio 6:9.

Ke buka efe e nngwe e e molemo, e e buang ka dilo tse di diragalang gone jaanong, e e botlhokwa jaana, e bile e naya batho ba ba leng mo matshwenyegong tsholofelo go feta Baebele? Ee, go farologana le dilo tse supa tse di gakgamatsang tsa lefatshe la bogologolo, tse bontsi jwa tsone di neng di diretswe go galaletsa medimo ya maaka kgotsa go galaletsa banna ba ba itsegeng, Baebele yone ruri e bontsha boitshoko jwa lorato lwa ga Jehofa lo lo se nang bogagapa mo dibopiweng tsa gagwe tsa batho.

Fa e le gore ga o ise o dire jalo, ke ka ntlha yang fa o sa itlhatlhobele Dikwalo ka namana. Gone jaanong, Basupi ba ga Jehofa ba tshwara dithuto tsa mahala tsa Baebele le batho ba ba fetang dimilione tse thataro lefatshe ka bophara. Ba go tsaya e le tshiamelo go thusa batho ba ba peloephepa gore ba iponele gore Baebele tota e ka ikanngwa, e bile ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng.—1 Bathesalonika 2:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela