LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/07 ts. 6
  • 2. E Bua Boammaaruri e Bile e a Ikanyega

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 2. E Bua Boammaaruri e Bile e a Ikanyega
  • Tsogang!—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele—A Tota e “Tlhotlheleditswe ke Modimo”?
    Tsogang!—2017
  • A Baebele ke Buka e e Nang le Botlhale Jwa Batho?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Baebele—Buka E e Sa Tshwaneng le Epe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Buka ya Bibela ya bo 32—Yona
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2007
g 11/07 ts. 6

Mabaka a go Ikanya Baebele

2. E Bua Boammaaruri e Bile e a Ikanyega

Botshepegi bo thaya motheo wa go ikanngwa. Motho yo o itsegeng a tshepega a ka dira gore o mo ikanye mme fa a ka go bolelela maaka le e leng ka lekgetlho le le lengwe fela, o ka nna wa se ka wa tlhola o mo ikanya.

BAKWADI ba Baebele e ne e le batho ba ba tshepegang ba ba neng ba kwala ba sa fitlhe sepe. Go bua boammaaruri ga bone go bontsha gore dilo tse ba di kwadileng di boammaaruri.

Diphoso le makoa.

Bakwadi ba Baebele ba bua ka ditlhaelo le makoa a bone ba sa fitlhe sepe. Moshe o ne a bua ka phoso e a ileng a e dira e e mmaketseng ditlamorago tse di masisi. (Dipalo 20:7-13) Asafe o ne a tlhalosa ka nako ya fa a ne a iphitlhela a eletsa botshelo jwa katlego ya batho ba ba boikepo. (Pesalema 73:1-14) Jona o ne a bua ka go tlhoka kutlo ga gagwe le boikutlo jwa gagwe jo bo sa siamang tse a neng a na le tsone mo tshimologong fa Modimo a ne a tlhomogela baleofi ba ba ikwatlhayang pelo. (Jona 1:1-3; 3:10; 4:1-3) Mathaio o ne a tlhalosa a sa tlhabiwe ke ditlhong kafa a ileng a tlogela Jesu ka teng mo bosigong jo Jesu a neng a tshwarwa ka jone.—Mathaio 26:56.

Bakwadi ba Dikwalo tsa Sehebera ba ile ba senola go nnela go ngongorega le go tsuologa ga batho ba gabone. (2 Ditirafalo 36:15, 16) Bakwadi ga ba ka ba tlogela ope, le e seng babusi ba setšhaba. (Esekiele 34:1-10) Ka kgololesego e e tshwanang, makwalo a baaposetoloi a ne a bega mathata a a masisi a Bakeresete bangwe ba neng ba na le one, go akaretsa le bangwe ba ba nang le maikarabelo, mmogo le diphuthego dingwe tsa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.—1 Bakorintha 1:10-13; 2 Timotheo 2:16-18; 4:10.

Bakwadi ba Baebele ba ba jaaka Jona ba ile ba kwala ka diphoso tsa bone ka namana

Go bua boammaaruri jo bo se nang mafoko a a forang.

Bakwadi ba Baebele ga ba a ka ba itlhokomolosa dilo tse ba bangwe ba ka tswang ba ne ba akanya gore ke boammaaruri jo bo tlhabisang ditlhong. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba dumela kwantle ga go tlhabiwa ke ditlhong gore ba ne ba sa ratiwe ke batho ba ba ba dikologileng e bile ba ne ba ba tseela kwa tlase jaaka dieleele le batho ba ba tlhabisang ditlhong. (1 Bakorintha 1:26-29) Bakwadi ba ile ba bolela gore baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba tsewa e le “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela.”—Ditiro 4:13.

Bakwadi ba Efangele ga ba a ka ba bua dilo tse di tla kgatlhang batho ka Jesu. Go na le moo, ba ne ba bega ka boikanyegi gore o ne a tsholetswe mo maemong a a kwa tlase le mo lelapeng le le humanegileng, le gore ga a ka a ithuta kwa dikolong tsa maemo tsa motlha wa gagwe, e bile bontsi jwa bareetsi ba gagwe ba ne ba gana molaetsa wa gagwe.— Mathaio 27:25; Luke 2:4-7; Johane 7:15.

Ga go na pelaelo gore Baebele e re neela bosupi jo bontsi jwa gore e kwadilwe ke batho ba ba ikanyegang. A go ikanyega ga bone go dira gore o ba ikanye?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela