LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/07 ts. 26-27
  • Kgosi e e Fitlheletseng go le Gontsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgosi e e Fitlheletseng go le Gontsi
  • Tsogang!—2007
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dira Gore go Nne le Rekoto e e Kwalwang
  • Go Itsise Batho Leina la Modimo ka Seswahili
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A o Bua ‘Puo e e Itshekileng’ ka Thelelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Fenya Sekgoreletsi sa Bogologolo
    Tsogang!—2016
  • Go Simolola Tshimo ya Puo e Sele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2007
g 12/07 ts. 26-27

Kgosi e e Fitlheletseng go le Gontsi

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA CAMEROON

IBRAHIM NJOYA e ne e le kgosi ya bo17 ya Ba-Bamum, e leng morafe o mogolo wa batho ba ba nnang mo lebaleng la bophirima jwa Cameroon. O nnile kgosi go tloga ka 1889 go fitlhela a swa ka 1933, jaaka go bontshitswe ke lenaane la babusi, ba go busa ga bone go simologileng mo lekgolong la bo14 la dingwaga. Ka nako ya puso ya ga Njoya, Bafora le Bajeremane ba ne ba leka go dira kgaolo eno kolone.

Go tswa fela fa a sa le mosha Njoya o ne a itshupa a le botlhale thata e bile e le motho yo o ratang go itse dilo, gape a rata go nna le batho ba ba botlhale le ba ba ratang go dira diphetogo le ba ba nang le mekgele e e tshwanang le ya gagwe. Ntlo ya segosi e ntle e a neng a e aga, e e leng mo setshwantshong se se kwa tlase e bontsha bokgoni jo a neng a na le jone mo go tsa kago. Gape go dumelwa gore o ne a tlhama motšhine wa go sila mmidi, o o bonwang fano. Mme se se lemotshegang le go feta ke go tlhabolola ga gagwe mokgwa wa go kwala puo ya se-Bamum.

Go Dira Gore go Nne le Rekoto e e Kwalwang

Mo mafelong a lekgolo la bo19 la dingwaga, hisitori ya morafe wa Ba-Bamum e ne ya fetisediwa mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe ka molomo. Njoya o ne a lemoga bothata jo bo neng bo ka nna gone jwa go tlogela dintlha dingwe kgotsa go di oketsa. O ne a itse puo ya Searabia ka gonne o ne a newa dibuka tsa Searabia ke barekisi le bagwebi ba ba neng ba kgabaganya lefatshe la gagwe. Gongwe o ne a itse ka mokwalo wa se-Vai, o ka nako eo o neng o dirisiwa go ralala kgaolo eno e e tletseng bojang. Ka jalo o ne a rulaganya mokgwa wa go kwala puo ya gagwe.

Njoya o ne a simolola go dirisa matshwao a le makgolo, a e neng e le ditshwantsho tse di nang le bokao jo bo rileng. Ka mokgwa ono barutwana ba gagwe ba ne ba tshwanetse go tshwara ka tlhogo se letshwao lengwe le lengwe le se emelang. Fa dingwaga di ntse di ya, ka thuso ya batlhokomedi ba gagwe ba ba ikanyegang, o ne a nolofatsa mokgwa ono. Ba ne ba fokotsa palo ya matshwao ano ka go dirisa dinoko tsa mafoko. Ka go kopanya palo e e rileng ya matshwao, kgotsa ditlhaka mo mokwalong wa gagwe o mosha, o ne a kgona go bopa mafoko. Ka jalo mmadi o ne a tshwanelwa ke go tshwara ka tlhogo ditlhaka tse mmalwa fela le kafa di bidiwang ka teng. Fa Njoya a fetsa ka mokgwa ono o mosha wa go kwala o o neng o bidiwa A-ka-u-ku, go ne go na le ditlhaka tse 70.

Njoya o ne a kgothaletsa gore mokwalo wa se-Bamum o dirisiwe ka gore o rutiwe kwa sekolong le gore o dirisiwe mo dikarolong tsotlhe tsa puso. O ne a laela gore go kwalwe hisitori e e kgatlhang ya tatelano ya losika lwa segosi le ka ga naga ya gagwe. Ka ntlha ya seno, e ne e le lekgetlo la ntlha batho ba kwa Bamum ba kgona go bala ka ga setso sa bone, melao, le meetlo ya bone. Njoya o ne a ba a dira gore go kwalwe lenaane la dilo tse di tla dirisiwang go dira melemo ya kalafi go dirisiwa mokwalo o mosha ono wa se-Bamum. Go na le mekwalo e e fetang 8 000 ya ntlhantlha e e sa ntseng e bolokilwe mo dilong tse e leng segopotso mo ntlong ya kgosi.

Mosola wa thulaganyo e ntšha eno ya go kwala o ne wa bonala sentle morago ga go goroga ga Bajeremane ba ba neng ba dira naga eno kolone ka 1902. Le fa Njoya a ile a solegelwa molemo ke ikonomi, o ne a sa dumalane le sengwe le sengwe sa balaodi ba Bajeremane. Ka jalo o ne a dirisa mokgwa o mosha o a neng a o tlhamile, o Bajeremane ba neng ba sa o tlhaloganye. Bamum e nnile teng lobaka lo lo kana kang?

Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I (1914-18), Bajeremane ba ne ba sa tlhole ba laola puso ya ga Njoya. Kgabagare, lekgotla le lesha le le neng le sa tswa go tlhamiwa la Kgolagano ya Ditšhaba le ne la laela gore kgaolo ya Bamum e laolwe ke Fora. Le fa Njoya a ne a rata go utlwa dikakanyo tsa ba bangwe, o ne a sa ntse a ipela ka boswa jwa gagwe e bile a batla go bo boloka le go tlhabolola setso sa batho ba gagwe. Seno se ne sa dira gore a emelane le puso ya Bafora ya bokolone. Fela jaaka dikgosi dingwe di ne di sa rate mebuso ya bokolone, ka 1931 Bafora ba ne ba mo ntsha mo bogosing. Dingwaga tse pedi morago ga foo Njoya o ne a swa a isitswe botshwarwa.

Bafora ba ne ba thibela go dirisiwa ga dibuka tsa Ba-Bamum kwa sekolong, e re ka Njoya a ne a sa tlhole a le gone go ka rotloetsa tiriso ya dibuka tseno, di ne tsa se ka tsa tlhola di dirisiwa mme tsa lebalwa ke bontsi jwa batho ba Ba-Bamum. Fa barongwa ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba goroga, ba ne ba simolola go ithuta puo e e buiwang ke Ba-Bamum mme ba simolola go dira gore e kwalwe e le gore e dirisiwe kwa dikolong. Go farologana le Njoya, ba ne ba dirisa ditlhaka tse dintsi tse di tswang mo puong ya Seroma le difonotiki tsa yone.

Bosheng jaana go ile ga dirwa maiteko a go tsosolosa dibuka tsa se-Bamum. Mmusi mongwe wa Mamoseleme e bong Ibrahim Mbombo Njoya, o butse sekolo mo ntlong ya kgosi e rragwemogolo a neng a e agile. Mo sekolong seno bana ba rutiwa mokgwa ono wa go kwala e le gore o se ka wa nyelela.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Letlapa le le bontshang losika lwa segosi lwa Ba-Bamum fa e sa le ka lekgolo la bo14 la dingwaga go fitlha gompieno, le kwadilwe ka ditlhaka tsa Seroma kafa molemeng le mokwalo wa se-Bamum kafa mojeng

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

All photos: Courtesy and permission of Sultan Ibrahim Mbombo Njoya, Foumban, Cameroon

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela