LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/08 ts. 24-25
  • Kwa Nageng ya Dibata Tsa Metsi a a Bolelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kwa Nageng ya Dibata Tsa Metsi a a Bolelo
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jeoloji ya Lefelo Leo
  • A Kolobetso e Tswa mo Moetlong wa Bajuda wa go Tlhapa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Mesele ya Roma—Ditiro Tsa Boenjenere Tsa Roma
    Tsogang!—2014
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2008
  • Ba Ne Ba Gakgamadiwa Ke Se Ba Ileng Ba Se Bona
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 3/08 ts. 24-25

Kwa Nageng ya Dibata Tsa Metsi a a Bolelo

DINGWAGA tse di fetang 2 000 tse di fetileng, Ba-Celt ba ne ba tlhoma lefelo lengwe gaufi le metswedi e mmalwa ya metsi mme ba ne ba le bitsa Ak-Ink, se se kayang “Metsi a Mantsi.” Gompieno Ak-Ink e bidiwa Budapest—motsemogolo wa Hungary mme e bile e le nngwe ya ditoropo tsa bogologolo thata kwa Yuropa. Baagi ba batswakwa ba bogologolo ba ne ba rata go thuma mo metsweding ya metsi a a bothitho, a a neng a lapolosa e bile a kokobatsa le ditlhabi.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., karolo eno ya Yuropa e ne e laolwa ke puso ya Baroma. Baroma ba ne ba atolosa kgaolo eno ba bo ba aga le kampa ya masole koo, e ba neng ba e bitsa Aquincum. Go dumelwa gore leina leno le ka tswa le kaya metsi ka Se-Celtic kgotsa le tswa mo mafokong a Selatine aqua quinque, a a rayang “metsi a matlhano.” Baroma ba ne ba aga mesele ya metsi, ditsela tsa go tsamaisa leswe le dibata tse di mo mafelong a go neng go sa tsene mongwe le mongwe mo go one le a batho botlhe. Ka jalo, dibata tsa kwa Budapest di na le hisitori e telele.

Makgolokgolo a dingwaga morago ga gore Mmusomogolo wa Baroma o we, metswedi ya metsi a bothitho e ne ya simolola go dirisiwa thata gape. Mo lekgolong la bo15 la dingwaga, bakwadi ba ne ba bua bontle ka metswedi ya metsi a a bothitho e e gaufi le motsemogolo wa Hungary, ka jalo seno se ne sa dira gore toropo eno e etelwe thata. Go bolelwa gore Kgosi Matthias Corvinus yo o neng a busa Hungary go tloga ka 1458 go ya go 1490, o ne a golaganya motswedi o a o ratang wa metsi a a bothitho e leng, Rácz Bath le ntlo ya segosi ka phashiti e e ruletsweng. Ka jalo motswedi ono o ne o kgona go dirisiwa go sa kgathalasege gore maemo a bosa a ntse jang.

Mo lekgolong la bo16 le la bo17 la dingwaga, Ba-Turkey ba ne ba gapa karolo e kgolo ya Hungary, go akaretsa le motsemogolo wa yone. Ba ne ba aga dibata tsa mowa wa metsi a a fisang le dibata tsa metsi a a bolelo mme tsoopedi ke karolo e e botlhokwa mo meetlong ya go tlhapa ya Bamoseleme e bile ke karolo e e botlhokwa ya boitlosobodutu jwa batho ba kwa Turkey. Dibata tsa Ba-Turkey e ne e le matangwana a go thumela a a ruletsweng a a dikologilweng ke ditepisi. Metsi a teng a ne a fitlha mo legetleng. Dibata tsa go tlhapela le mafelo a go ikhutsa a ne a dikologilwe ke matamo a go thuma e bile a ne a dirisiwa ke banna le basadi ka go refosana. Dingwe tsa dibata tseo di sa ntse di dirisiwa le gompieno.

Ka 1673 buka nngwe e e buang ka go tsaya loeto e tlhalosa dibata tsa kgaolo e jaanong e itsegeng e le Budapest di le gareng ga tse di ntle thata kwa Yuropa ka go bo “go na le metswedi ya metsi a a bothitho le ka ntlha ya go kgona go alafa malwetse, le ka ntlha ya bogolo jwa dikago tsa dibata tseno le bontle jwa tsone.” Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, go ne ga nna le mefuta e e oketsegileng ya metswedi ya metsi fa go ne go simolola go nna le dibata tsa mowa wa metsi a a bolelo kgotsa di-sauna tsa Se-Finland. Fa nako e ntse e ya, kwa Budapest go ne ga agiwa gape le di-sauna, dikamore tsa metswedi ya metsi a a bolelo, dikamore tsa mowa o o fisang, le matamo a a nang le metsi a a tsididi mo mafelong ano.

Jeoloji ya Lefelo Leo

Dimilione tse di ka nnang 70 tsa dilitara tsa metsi, di pumpunyega go tswa mo metsweding ya metsi a a bolelo a le 123 le mo metsweding ya metsi a a bogalaka a le 400 kwa Budapest. Metsi a mantsi ano a tswa kae? Karabo e ka bonwa ka go sekaseka jeoloji ya lefelo leno.

Noka ya Danube, e e elelang go kgabaganya Budapest e kgaoganya dithabana tsa Buda tse di leng kwa bophirima, go tswa mo dipoeng tsa Pest tse di sephaphathi e bile di le kwa tlase tse di leng kafa botlhaba jwa yone. Nako nngwe bogologolo, lewatle le ne le khurumeditse kgaolo eno ka metsi mme la tlogela masalela a maje a kalaka le dolomite. Maje ano a ne a ribegeditswe ke dileyara tsa letsopa, marlstone, motlhaba le malatlha.

Diphatla tse di leng mo boalong jwa lefatshe, di dira gore pula e kgone go tsenelela kwa tengteng, koo matlapa a a tletseng ka diminerale a a mogote a gotetsang metsi. Ka ntlha ya kgatelelo metsi ano, a a tswang e le mowa wa metsi a a fisang a pumpunyega a tswa mo diphatleng kgotsa mo megobeng.

Seemo seno sa jeoloji ga se fitlhelwe fela kwa Budapest mme se fitlhelwa gape le go ralala Hungary. Ka ntlha ya seno, mafelo a le mantsi a naga eno a na le metsi a a tletseng ka diminerale le dibata tse dikgolo tse dintle tsa metsi a go dumelwang a alafa.a

Metswedi ya metsi a a bolelo ga e bolo go anaanelwa thata mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Mme e bile go ne ga buiwa ka go bonwa ga metswedi eno mo nageng ya Seir e e fa gare ga Lewatle le le Suleng le Kgogometso ya Aqaba, ka nako ya ditlhogo tsa lotso tsa mo Baebeleng.—Genesise 36:24.

Batho ba sa ntse ba na le mo gontsi go ithuta ka tsela e polanete e re tshelang mo go yone e raraaneng ka yone. Tota Modimo o theile jang metheo ya lefatshe le gone o dirile jang dilo tseno tsotlhe tse di gakgamatsang tse di leng mo go lone? Go akanya ka dipotso tseno go dira gore batho ba ba boifang Modimo ba gakgamale thata, fa ba bona botlhale jo bo ka se kang jwa lekanngwa le bope jwa Mmopi.—Jobe 38:4-6; Baroma 1:20.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi fano.

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Bata ya metsi a a bothitho mo Hoteleng ya Gellért

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Dibata tsa Rudas, tse di neng tsa agiwa ke Ba-Turkey

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Dibata tsa Széchenyi ka nako ya mariga

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

All photos: Courtesy of Tourism Office of Budapest

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela