LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/08 ts. 8-9
  • Isagwe ya Lefatshe—E Laolwa ke Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Isagwe ya Lefatshe—E Laolwa ke Mang?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Isagwe ya Lefatshe—E mo Taolong e e Siameng!
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
  • Bona Masego ka Kgosi ya Modimo e e Kaelwang ke Moya!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tumelo le Isagwe ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go Boela Paradaiseng Gape
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 8/08 ts. 8-9

Isagwe ya Lefatshe—E Laolwa ke Mang?

MAKASINE wa National Geographic wa October 2007 o ne wa re: “Go gotela ga moya o o mo loaping ke teko e kgolo e rona batho re kileng ra lebana le yone.” Makasine oo o ne wa re, gore re tle re kgone go rarabolola bothata joo, re tlhoka go “tsaya kgato ka bonako—mme re dira jalo ka go supa gore re na le boikarabelo jo re iseng re ko re nne le jone re le setšhaba kgotsa mofuta wa ditshedi.”

A batho ba ka kgona go rarabolola bothata jono ka tsela e e supang boikarabelo? Go na le mabaka a mantsi a a ka dirang gore seno se se ka sa kgonega a a jaaka: go sa kgatlhegele diphetogo, bogagapa, go itlhokomolosa dilo, le go tlhoma mogopolo mo dilong tse dingwe mme o itlhokomolosa tse dingwe, go kgaratlhega khumo mo dinageng tse di tlhabogologileng le lebaka la go bo batho ba le dimilione ba na le boikutlo jwa gore ba batla go tswelela ba tshela ka tsela e ba ntseng ba tshela ka yone e leng selo se se tla dirang gore go dirisiwe maatla a magolo a motlakase.

Moporofeti mongwe wa bogologolo wa Modimo o re thusa go leba ka tsela e e tshwanetseng bokgoni jwa rona jwa go ka rarabolola mathata a rona a boitsholo, a bosetšhaba, le a puso. O ne a kwala jaana: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Hisitori ya batho e e utlwisang botlhoko e bontsha gore mafoko ao a boammaaruri. Mme gompieno, le fa go na le diphetogo tse dikgolo tsa saense le tsa thekenoloji re lebana le matshosetsi a a neng a sa lebelelwa e bile e le a a raraaneng thata. Ka gone, re ka tlhomamisega jang gore isagwe e tla nna botoka?

Gone ke boammaaruri gore go buiwa thata ka go rarabolola bothata jwa go fetoga ga tlelaemete le matshosetsi a mangwe, mme ga go a dirwa mo gontsi ka seno. Ka sekai, ditšhaba di ile tsa tsiboga jang ka 2007 fa Northwest Passage e ne e bulwa lekgetlho la ntlha gore e dirisiwe? Makasine wa New Scientist o araba seno ka gore: “Ba ne ba itlhaganelela ka tsela e e tlhabisang ditlhong go ikgapela dikarolo tse di tlogetsweng e le gore ba epe oli le gase mo go yone.”

Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, Baebele e ile ya bolelela pele ka nepo gore batho ba tla fitlha mo seemong se ba tla bong ba ‘senya lefatshe,’ ka sone. (Tshenolo 11:18) Ga go na pelaelo gore lefatshe le tlhoka moeteledipele yo o botlhale le yo o nang le maatla a go fitlhelela dilo tse batho ba di eletsang le babusiwa ba ba tla ineelang mo go ene. A go na le moeteledipele wa dipolotiki kgotsa moitsesaense yo o tlhoafetseng e bile a na le bokgoni yo o ka kgonang go tsaya seemo seo? Baebele e araba jaana: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene.”—Pesalema 146:3.

Isagwe ya Lefatshe—E mo Taolong e e Siameng!

Go na le Moeteledipele a le mongwe fela yo o ka kgonang go rarabolola mathata a lefatshe le lebaneng le one ka katlego. Baebele e ile ya bolelela pele jaana ka ene: “Moya wa ga Jehofa [Modimo] o tla nna mo go ene, moya wa botlhale le wa go tlhaloganya, moya wa kgakololo le wa thata, moya wa kitso le wa go boifa Jehofa . . . O tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo, . . . mme o tla bolaya moikepi ka moya wa dipounama tsa gagwe.”—Isaia 11:2-5.

Motho yoo ke mang? Ga se ope fa e se Jesu Keresete, yo ka lorato a ileng a re ntshetsa botshelo jwa gagwe. (Johane 3:16) Modimo o file Jesu yo gone jaanong e leng sebopiwa sa semoya, taolo le maatla a gore a buse lefatshe.—Daniele 7:13, 14; Tshenolo 11:15.

Selo se sengwe se se dirang gore Jesu a tshwanelege ke ka go bo a na le kitso e ntsi ka popo ya Modimo, e leng kitso e a ileng a nna le yone pele a tla mo lefatsheng. Tota e bile, mo dingwageng tse dintsintsi tse di fetileng, fa Modimo a ne a bopa lobopo, Jesu e ne e le “modiri [wa gagwe] yo o setswerere.” (Diane 8:22-31) A ko o akanye ka seo: Jesu, ene yo o ileng a thusa go bopa lefatshe le sengwe le sengwe se se tshelang mo go lone, o tla etelela pele mo go baakanyeng tshenyo e e bakilweng ka ntlha ya boeleele jwa batho.

Ke bomang ba ba tla busiwang ke Keresete? E tla bo e le batho ba ba pelonomi tota le ba ba siameng ba ba itseng Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa mme ba ikobela Jesu Keresete jaaka Mmusi. (Pesalema 37:11, 29; 2 Bathesalonika 1:7, 8) Jesu o ne a re “ba tla rua lefatshe,” le le tla bong le fetotswe go nna paradaise.—Mathaio 5:5; Isaia 11:6-9; Luke 23:43.

O ka dira jang gore le wena o itumelele go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Baebele? Jesu ka boene o araba jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Ee, polanete ya rona e ka nna ya bo e lebega e le mo kotsing, mme ga go na pelaelo gore e tla tswelela e le legae la batho. Go na le moo, kotsi e lebane batho ba ba tswelelang ba senya popo ya Modimo le ba ba ganang go ikobela Jesu Keresete. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba go kgothaletsa gore o dire gore o nne le kitso e e ka dirang gore o bone botshelo jo bo sa khutleng.

[Lebokoso mo go tsebe 8]

SE SAENSE E KA SE KGONENG GO SE DIRA

Le fa dimilione tsa batho di itse ka dikotsi tse di leng gone fa ba dirisa diokobatsi go ijesa monate, ba senya ditlhaloganyo le mebele ya bone ka go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, le go goga motsoko. Mo go bone botshelo ga se mpho e e tswang kwa Modimong. (Pesalema 36:9; 2 Bakorintha 7:1) Maswabi ke gore, e re ka batho ba le bantsi ba sa tseye lefatshe e le mpho e e tswang kwa Modimong, ba dira dilo tse di bakang mathata a tikologo.

Ka jalo, tharabololo ke eng? A e ka fitlhelwa mo saenseng le mo thutong ya lefatshe? Nnyaa le e seng. E re ka bothata jono e le jwa semoya go tla tlhokega tharabololo ya semoya. Baebele e dumelana le ntlha eno. Ka gone, e solofetsa gore go tla tla nako e ka yone batho ba se “[kitlang ba] utlwisa botlhoko le fa e le go senya” mo lefatsheng ka gonne lefatshe le tla “tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:9.

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Mo pusong ya ga Keresete batho ba ba siameng ba tla nna le seabe mo go direng gore lefatshe lotlhe e nne paradaise

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela