LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/08 ts. 16-19
  • Diroboto—Di Gatetse Pele go le Kana Kang Gompieno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Diroboto—Di Gatetse Pele go le Kana Kang Gompieno?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Diroboto di se Dirang
  • Diroboto di Tshwana le Batho go le Kana Kang?
  • Go Tweng ka Isagwe?
  • Motlhami wa Diroboto o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe
    Tsogang!—2013
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2008
  • Kafa re ka Itumedisang Modimo ka Gone
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Selopo sa Tlou
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 9/08 ts. 16-19

Diroboto—Di Gatetse Pele go le Kana Kang Gompieno?

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA JAPANE

DIROBOTO. O akanya ka eng fa o utlwa lefoko leo? Batho bangwe ba akanya gore diroboto di botsalano—ke balekane kgotsa bathusi ba ba molemo. Ba bangwe ba go tsaya e le kgang e e tshosang gore mo isagweng metšhini eno e e nang le botlhale jo bogolo, gongwe e ka tsaya boemo jwa batho. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba bantsi ba tsaya diroboto e le dilo tse di itlhametsweng fela ke ba saense go na le go akanya gore ke dilo tsa mmatota.

Go tweng ka gompieno? Go ya ka diphopholetso tse di dirilweng mo patlisisong nngwe ke International Federation of Robotics ka 2006, go na le mo e ka nnang diroboto di le milione tse di dirisiwang mo madirelong, mme mo e ka nnang sephatlo sa tsone di kwa Asia. Ke ka ntlha yang fa di tlhokega go le kana kana?

Se Diroboto di se Dirang

Akanya ka modiri yo o berekang ka metlha, yo le ka motlha a se kang a ngongorega mme a bereka diura di le 24 ka letsatsi, malatsi a le supa ka beke a sa lape. Ee, diroboto tse di berekang kwa madirelong di dira jalo fa di ntse di dira dikarolo dingwe tsa dikoloi, didirisiwa tsa motlakase le tse di dirisiwang mo lelapeng. Diroboto di tshwanela leina la tsone le le tswang mo lefokong la Se-Czech la robota le le kayang “go patelediwa go bereka boima.” Go fopholediwa gore mo madirelong mangwe a go dirwang dikoloi mo go one ka 2005, go ne go dirisiwa roboto e le nngwe mo boemong jwa batho bangwe le bangwe ba le lesome!

Le fa go ntse jalo, diroboto ga di tlhole di dirisiwa mo madirelong fela. Gone jaanong di tsenngwa sedirisiwa sengwe se se kgonang go ka lemoga mantswe a batho, di-gyroscope (e leng sedirisiwa se se dirang gore di kgone go itsamaisa), sedirisiwa se se kgonang go boloka tshedimosetso ya tlhaeletsano, Global Positioning Systems, le disensara tse dintsi tse di akaretsang tse di kgonang go utlwa mogote, maatla, ultrasound, dikhemikale le marang. Diroboto tse di maatla di kgona go dirisediwa ditiro tse dintsi tse mo dingwageng di le mmalwa fela tse di fetileng go neng go akanngwa gore di ka se kgone go di dira. Akanya ka dikai dingwe.

◼ Tirelo. Kwa kokelong nngwe ya kwa Great Britain, roboto nngwe e e berekang mo khemising e e tsentsweng matsogo e kgona go tsaya le go naya batho melemo ka ponyo ya leitlho. Tirelo ya Poso ya kwa United States e na le diroboto tse dintsi tse di dirisediwang go tlhaola dilo, go tsholetsa le go paka diterei tse di nang le dilwana. Diroboto tse di nang le matsogo a e keteng noga di a dirisa go fitlhelela mafelo a a pitlaganeng—a a jaaka mo teng ga diphuka tsa sefofane—go tlhatlhoba kgotsa go baakanya sengwe.

◼ Go Nna Tsala. Kwa legaeng lengwe le go tlhokomelwang batsofe mo go lone kwa Japane, balwetse ba ba tsofetseng ba refosana go solasola lenyibi le lennye la roboto le le ntle le le le boboa. Lenyibi leno la roboto le kgona go tsiboga fa le amiwa, go tsibogela lesedi, modumo, themperetšha le e leng tsela e le tshwarwang ka yone. Le kgona go itshwara ka tsela e phologolo eno e itshwarang ka yone mme le tsiboge ka go kuruetsa, go bonyabonya matlho le go tshikinya mafafa a lone. Batho bangwe ba dumela gore roboto eno ya lenyibi e kgona go kgotsofatsa keletso e motho a nang le yone ya go batla go nna le tsala mme e dirisiwa e le tsela nngwe ya kalafi.

◼ Tsa Kalafi. Roboto nngwe e e nang le matsogo a le mararo e eme gaufi le molwetse. Dimetara di se kae go tswa foo, ngaka e e arang e tsentse tlhogo mo sekirining sa console go bona setshwantsho sa pelo ya molwetse go tswa mo matlhakoreng a mararo. Ngaka e laola matsogo a roboto fa e ntse e sega le go roka valve ya pelo e e sa direng sentle. Thulaganyo eno e dira gore motho a segiwe go le gonnye fela ka gonne roboto e na le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go sa dire phoso mo go se e se dirang, mme seo se fokotsa botlhoko mo mmeleng, se fokotsa go tshologa ga madi e bile motho o kgona go fola ka bonako.

◼ Mo Lelapeng. Tobetsa konopo fela mme roboto e e bopegileng jaaka disiki e tla simolola go phepafatsa dikhapete tsa gago. Roboto eno e kgona go phepafatsa mafelo a magolo ka go nna e dikologa e ntse e tila mabota mme kgabagare e bo e “ithuta” gore phaposi eo e ntse jang. E kgona go utlwa gore ditepisi di fa kae mme e bo e di tila. Roboto e ema ka boyone fa e fetsa mme e bo e ya go ntšhafatsa maatla a yone. Gone jaanong go dirisiwa diroboto tseno tse di phepafatsang tse di fetang dimilione tse pedi.

◼ Lefaufau. Roboto nngwe e e tsamayang ka maotwana a le marataro e e bidiwang Spirit e sekaseka lebala la Mars. Ka go dirisa didirisiwa le dithulusu tse di tlhomeletsweng mo letsogong la yone, roboto eno e tlhatlhoba gore mmu le mafika a ntse jang. Ka go dirisa khamera e e ageletsweng mo go yone, roboto eno e e bidiwang Spirit e ile ya tsaya ditshwantsho tse di fetang 88 500 tsa Mars, go akaretsa le tsa lebala la polanete eno, dikhuti, maru, ditsuatsue tsa lerole le go phirima ga letsatsi. Ke nngwe ya diroboto tse di dirisiwang gone jaanong kwa Mars.

◼ Go Phuruphutsa le go Namola. Kafa tlase ga mokoa wa matlakala a a tswang mosi wa ditshipi tse di tshopaganeng le konkereite e e thubagantsweng tsa World Trade Towers tse di ileng tsa phutlhama, go na le diroboto di le 17 tse di phuruphutsang le go namola, tse di batlang bafalodi. Fa e sa le ka nako eo, go dirilwe diroboto tse di botoka thata jaaka e e bontshitsweng fa tlase fano.

◼ Kafa Tlase ga Metsi. Baitsesaense ba dirisa metšhini e e kgonang go bereka e le kafa tlase ga metsi go dira dipatlisiso ka lewatle, e leng lefelo le le setseng mo lefatsheng le go iseng go dirwe dipatlisiso mo go lone. Diroboto tseno ga di laolwe ke batho mme di a itsamaisa. Ditiro tse dingwe tse di dirwang ke diroboto tseno tse di berekang kafa tlase ga metsi di akaretsa tiro ya go batla le go ribolola dilo, go sekaseka dikheibole tsa tlhaeletsano, go batla maruarua kwa a leng teng le go gogola dithunyi tse di ka tswang di le mo lewatleng.

Diroboto di Tshwana le Batho go le Kana Kang?

Ka makgolokgolo a dingwaga, batho ba ne ba eletsa go dira diroboto tse di tshwanang le batho. Mme a bo seno se ile sa nna boima thata jang ne! Lokwalopaka lwa Business Week lwa re: “Tiro e e raraaneng ya go dira dikhomputara tse di nang le bokgoni jo bogolo, go aga meago e e matlhatlhaganyane, tota le e leng go aga ditoropo tse dintsintsi ga se sepe fa go bapisiwa le go dira metšhini e e nang le bokgoni jwa go tsamaya jaaka motho, bokgoni jwa go bona, go dupelela, go utlwa le go ama, le tse di nang le botlhale jo bo batlang bo lekana le jwa motho.”

Ka sekai, akanya ka tiro e e lebegang e le motlhofo ya go dira roboto e e kgonang go tsamaya jaaka motho. Morago ga dingwaga tse di telele di le 11 tse di neng di tlhoka matsapa a magolo a go batlisisa le go tlhama—morago ga go dirisa didolara di le dimilione di le dintsi—baenjeniri ba Bajapane ba ne ba fitlhelela mokgele oo o o gakgamatsang wa botegeniki ka September 1997. Fa e sa le ka nako eo, go ile ga dirwa diroboto tse di tshwanang le batho tse di kgonang go palama ditepisi, go taboga, go bina, go rwala dilwana ka terei, go kgorometsa kolotsana le e leng go ikemisa fa di wele!

Go Tweng ka Isagwe?

Go tla direga eng ka diroboto mo isagweng? Gone jaanong U.S. National Aeronautics and Space Administration e dira roboto e e tshwanang le motho e e tla yang kwa lefaufaung, e e tla kgonang go dira ditiro tse di kotsi kwa lefaufaung. Bill Gates yo e leng mongwe yo o eteletseng pele mo go tsa botegeniki jwa dikhomputara, a re go ka direga gore “diroboto di tla nna le seabe se se botlhokwa go thusa le go nna ditsala tsa batho ba ba tsofetseng.”

Ka mo go tshwanang, pego nngwe e e ntshitsweng ke puso ya kwa Japane e bonela pele gore ka 2025 diroboto di tla bo di nna le batho e le batlhokomedi, di thusa ka go godisa bana le go dira ditiro tsa lelapa. Babatlisisi ba solofetse gore ka 2050 ba tla bona setlhopha se e leng sa diroboto fela se tshameka kgwele ya dinao mme se bo se fenya setlhopha sa batho mo motshamekong oo. Mme gape go solofelwa gore mo masomeng a se kae a dingwaga, go tla dirwa metšhini e e tla bong e na le botlhale jo bo gaisang jwa batho.

Le fa gone diponelopele tseno di ka tswa di dumelwa thata jang, ga se mongwe le mongwe yo o nang le tsholofelo ya gore dilo tseo tota di tla diragala. Malebana le dikgwetlho tsa botegeniki tse ba lebaneng le tsone, mmatlisisi mongwe wa dilo tse di dirwang gore di nne le botlhale jo bo tshwanang le jwa batho e bong Jordan B. Pollack o ne a bolela jaana: “Re nyaditse thata tsela e dilo tsa tlholego di raraaneng ka yone.”

Ga re tlhomamisege gore diroboto di tla tokafala go le kana kang. Le fa go ntse jalo, re tlhomamisega ka selo seno se le sengwe: Ka dinako tsotlhe ke batho fela ba ba tla nnang le bokgoni jwa go bontsha lorato, botlhale, tshiamo le maatla. Ka ntlha yang? Baebele e bontsha sentle gore go farologana le dibopiwa tse dingwe, ke motho fela yo o bopilweng mo setshwanong sa Modimo. (Genesise 1:27) Batho ba na le maikutlo, ga se metšhini e e dirang dilo go ya kafa e laetsweng ka teng. Ba kgona go itirela ditshwetso, ba kgona go akanya e bile ba na le bokgoni jwa go obamela Modimo. E kete lebaka leno le ka re tlhotlheletsa gore re atamalane gautshwane le Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo!—Jakobe 4:8.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Courtesy Aaron Edsinger

Courtesy OC Robotics

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Courtesy AIST

© 2008 Intuitive Surgical, Inc.

Courtesy iRobot Corp.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Top: NASA/JPL-Solar System Visualization Team; left: NASA/JPL/Cornell University

© The RoboCup Federation

Greg McFall/NOAA/Gray’s Reef National Marine Sanctuary

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

© 2007 American Honda Motor Co., Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela