Modimo o Ile a Nthusa go Fenya Diteko Tsa Me
Jaaka go boletse Vazir Asanov
Ke ne ka tlola mo bolaong, ka bofelela Baebele mo lethekeng mme ka apara ka bonako. Pele ga ke tswa ka fensetere, ke ne ka dira sephuthelwana ka diaparo mme ka di baya mo bolaong jwa me ka di khurumetsa ka kobo gore go lebege e kete ke sa ntse ke robetse. Ke ne ka sianela kwa Holong ya Bogosi, ke rapela gore Modimo a nthuse. Seo se diragetse ka 1991 fa ke ne ke le dingwaga di le 14.
KE NE ka tsholelwa mo lelapeng la Se-Kurd mo toropong nngwe kwa ntlheng e e kwa borwa jwa se gone jaanong e itsegeng e le Kazakhstan, e ka nako eo e neng e le nngwe ya direpaboliki di le 15 tsa Soviet Union. Batsadi ba me le ba losika ba ne ba nkgodisa ka tsela ya gore ke dumele gore ke tla nna moeteledipele le mogolodi wa batho ba gaetsho mo isagweng. Ke ne ka simolola go nna le letlhoo le legolo jaana ka baba ba Ba-Kurd, mo e leng gore ke ne ke iketleeditse go bolaya gore ke tle ke golole batho ba gaetsho mo kgatelelong.
Kwa bofelong jwa bo1980, nna, mmè le nnake re ne ra simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, rre o ne a re iletsa go kopanela le Bakeresete. Gone mme, ke ne ka tswelela go ithuta. Mo lelapeng la Se-Kurd, go sa ikobele tlhogo ya lelapa ke selo se se sa dirweng gotlhelele. Ke ne ke rata rre mme ke ne ke rata le boammaaruri jwa Baebele jo ke neng ke bo ithuta.
Go Ganediwa Kwa Gae le Kwa Sekolong
Ka nako nngwe, morutabana wa me o ne a bona kgatiso ya makasine wa Tora ya Tebelo mo kgetsaneng ya me ya sekolo mme a bolelela batsadi ba me ka gone. Ka ntlha ya go galefa, Rre o ne a mpetsa botlhoko jaana mo e leng gore ke ne ka tswa madi ka dinko. O ne a goa a re: “A o sa ntse o tswelela pele ka bodumedi jono?”
Morago ga foo, Rre o ne a itsise gore ga a tlhole a ntsaya jaaka morwawe. A bo go ne go utlwisa botlhoko jang go utlwa seo! Ka nako e tshwanang, bontsi jwa bana ba ke neng ke na le bone mo tlelaseng ba ne ba simolola go nkatoga mme ba bangwe ba ne ba nkgoba ba sa iphitlhe. Barutabana ba me ba ne ba fokotsa maduo a me mme gantsi ba ne ba ntshotla ka ntlha ya tumelo ya me ka nako ya dithuto mo tlelaseng, ba leka go ntshokolola gore ke dumele mo tumelong ya bone ya go latola Modimo.
Le fa ke ne ke ganediwa jalo, ke ne ke sa ntse ke leka go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete le go bolelela ba bangwe ka tumelo ya me e ntšha. Nakonyana morago ga foo, Rre o ne a utlwa gore ke sa ntse ke tswelela go kopanela le Basupi le go bala Baebele. Ka Sontaga mongwe, ke ne ka simolola go batla seipato sa go tswa mo ntlong gore ke ye kwa pokanong. Rre o ne a dira gore ke ye go robala gone ka nako eo. O ne a bolela jaana a nitame: “Bona fa, Sontaga mongwe le mongwe ka nako eno o tshwanetse wa bo o robetse.” O ne a ntshosetsa ka gore go tla nna le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko fa nka se dire jalo mme ke ne ke tlhomamisegile gore o ne a tla diragatsa se a se bolelang.
Ke ne ka ikuela mo go Jehofa Modimo wa boammaaruri ka thapelo ke ntse ke lela, gore a nolofatse pelo ya ga Rre mme ga a ka a fetoga. Ke ne ka gakologelwa kafa Baiseraele ba neng ba gatelelwa ka teng kwa Egepeto. Dilo tse rre a neng a di dira di ne di nkgopotsa Faro, yo o neng a gana go tlogela Baiseraele gore ba ye go obamela Jehofa.—Ekesodo 5:1, 2.
Go Dira Ditshwetso
Ka Sontaga mongwe ke ne ka swetsa go ya pokanong. Pelo ya me e ne e itaya ka ntlha ya go tlhobaela fa ke ntse ke le mo dikobong ke rapela Jehofa ka tidimalo. Fa batsadi ba me ba tsena mo phaposing ya me, ke ne ka dira e kete ke robetse. Rre o ne a bolela jaana ka boipelo: “Bona gore morwaake o kutlo jang.” O ne a nkatla mme a tsamaya ka tidimalo. Ke ne ka tswelela ke rapela ka tlhoafalo.
Ka bonako fa batsadi ba me ba sena go tswa mo phaposing ya me, jaaka ke tlhalositse kwa tshimologong, ke ne ka tlola mo bolaong, ka tsaya ditlhako tsa me kafa tlase ga bolao mme ka tswa ka fensetere. Diura tse pedi kwa diponakong di ne tsa feta ka bonako mme ke ne ke ipotsa gore go tla direga eng fa ke fitlha kwa gae. Ke ne ka itumela gore, le fa gone Mmè a ne a bone gore e ne e se nna mo bolaong mme e ne e le diaparo tsa me, ga a ka a bolelela Rre sepe. Le fa go ntse jalo, o ne a ntlhagisa gore a ka se tlhole a mo fitlhela dilo tse di ntseng jalo.
Ka 1992, ke ne ka bolelela batsadi ba me gore tsala nngwe ya me e ne e na le moletlo o o kgethegileng o e neng e tshwanetse go ya kwa go one mme o ne a ntaleditse gore ke tsamaye le ene. Totatota, tiragalo e e kgethegileng e ke neng ke rulagantse go ya kwa go yone, e ne e le kopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa toropong ya Taraz, e e neng e le dikilometara tse di ka nnang 100 go tloga kwa gae kwa Karatau. Ke ne ke ya go kolobediwa koo, go bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa. Ke ne ka kopa Mmè gore a nka tsaya kgamelo ya dipeo tsa sonobolomo kwa bobolokelong. Ke ne ka gadika dipeo tseo mme ka di rekisa kwa mmarakeng mme ke ka tsela eo ke kgonneng go nna le madi a a lekaneng a go ya kopanong.
Fa ke boa, Rre o ne a mpotsa gore a ke ile ka itumelela go tsamaya le tsala ya me. Ke ne ka mo tlhomamisetsa gore ke ile ka itumela tota. Ke ne ke utlwa gore Jehofa o ne a ntshegetsa, ka gonne Rre ga a ka a mpotsa dipotso tse dingwe gape ka kgang eo. Ke ratile thata mafoko ano a ga Diane 3:5, 6 a a reng: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”
Ke Koafala mo Semoyeng
Go ganediwa ke Rre ga go a ka ga nthibela go kolobediwa. Fa ke ntse ke tswelela go kopanela le Basupi, Rre o ne a mpetsa ka tsela e e setlhogo, ka nako ya fa ba bangwe ba le gone le fa re ne re le rosi. Ke ne ke nyenyefadiwa le go gatelelwa mo e ka nnang letsatsi le letsatsi mme gantsi ke ne ke lela. Ka nako eo Kazakhstan e ne ya amogela boipuso go tswa go Soviet Union, mme batsadi ba me le ba losika ba ne ba nkgothaletsa gore ke leke go fitlhelela mekgele e e siameng ka go nna radipolotiki. Ba ne ba akanya gore ke itima tshono mo botshelong.
Nkgonne o ne a fitlheletse mekgele e mentsi mo metshamekong mme gantsi Rre o ne a mpolelela gore ke etse sekao sa gagwe. Go ya kwa bofelong jwa 1994, ke ne ka nna le seabe mo metshamekong. E re ka ke na le bokgoni jwa tlholego, go ise go ye kae ke ne ka amogela dikgele le go bakiwa ka ntlha ya bokgoni jwa me mo kgweleng ya dinao le mo dijiminasitiking. Ke ne ka simolola go ithuta le molao gore ke tle ke kgone go thusa go sireletsa Ba-Kurd. Ke ne ka ba ka kgatlhegela le dipolotiki mme ka akanya ka go tlhoma phathi ya basha ya Se-Kurd. Rre o ne a simolola go nkakgola.
“O Fentse Papa”
Ke ne ke koafetse semoyeng mme ke tlogetse go bala Baebele le go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ikgomotsa ka gore ke tla direla Jehofa gape fa ke godile. Ka lekgetlho lengwe Rre o ne a mpotsa gore a ke sa ntse ke kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka mo araba ka gore, “Nnyaa. O fentse Papa. A o itumetse jaanong?” Fa Rre a utlwa seno, o ne a itumela thata. O ne a bolela jaana ka boipelo: “Jaanong, kgabagare o morwaake!”
Ke ne ke sa ye dipokanong ka dingwaga di le pedi le fa gone ka dinako tse dingwe ke ne ke batla go ya. Mme go tlhabiwa ke ditlhong go ile ga nthibela go ya. Ke ne ke akanya gore batho kwa phuthegong ba ka se ka ba tlhaloganya seemo sa me.
Ka nako e e tshwanang, ke ne ke tlhomamisegile gore ga go na sepe se se botoka go gaisa go direla Jehofa. Gantsi ke ne ke a tle ke ipolelele gore, ‘Gone mme, ke rata Jehofa!’ Rre o ne a simolola go nkgatelela gore ke bone thuto ya kwa yunibesithing. Ke ne ka ineela mme ka ba ka solofetsa gore ke tla fetsa sekolo ka dikirii. Le fa go ntse jalo, mo pelong ke ne ke solofela gore fa ke fitlha kwa yunibesithing kwa Almaty, toropo nngwe e kgolo e e tlhabologileng kwa borwa jwa Kazakhstan, ke ne ke tla kopana le Basupi.
Diphetogo Tsa Maemo Tse di Itumedisang
Ka bonakonyana fela fa ke sena go simolola go ithuta kwa yunibesithing, ke ne ka kopana le Basupi ba babedi fa ba ntse ba le mo bodireding mo seterateng sengwe sa Almaty. Ba ne ba nkatamela mme ba mpotsa potso e e reng, “O akanya gore ke mang yo o busang lefatshe?”
Ke ne ka araba ka gore, “Ke Satane Diabolo, mmaba wa ga Jehofa le wa batho botlhe.” (2 Bakorintha 4:3, 4) Ke ne ka ba tlhalosetsa gore ke ne le Mosupi yo o kolobeditsweng mme ke ne ke tsidifetse.
Go ya kwa bofelong jwa 1996, ke ne ka simolola gape go ithuta Baebele le Basupi. Fa ke sena go ithuta ka makgetlho a le mmalwa, keletso ya me ya go direla Jehofa e ne ya boa yotlhe mme ke ne ka simolola go nna le seabe mo ditirong tsotlhe tsa Basupi kwa Almaty. Ka September 1997, ke ne ka simolola go nna mmulatsela, modiredi wa nako e e tletseng.
Ngwaga morago ga foo, Rre o ne a tla go nketela. Ke ne ka mo tabogela mme ra tlamparelana. O ne a nkopa maitshwarelo ka ntlha ya dilo tse a neng a di dirile ka dingwaga tseo tsotlhe. O ne a bolela gore o ne a sa ntlhaloganye e bile a sa tlhaloganye le tumelo ya me. Ke ne ka re: “Papa, ke go rata thata.”
A bo ke ne ka itumela jang ne fa Rre a ne a amogela dikgatiso tsa Baebele mme a kopa Baebele, a bolela gore o batla go e bala go tswa kwa tshimologong go fitlha kwa bofelong! Ngwaga morago ga foo, o ne a tla go nketela gape, mo lekgetlhong leno a na le Mmè. Kwa Holong ya Bogosi, batho ba ditšhaba tse di farologaneng ba ne ba tla go ba dumedisa le go ikitsise mo go bone. Seno se ne sa kgatlha Rre thata mme o ne a simolola go bala dikgatiso tsa Basupi ka kgatlhego e kgolo.
Masego a Magolo
Ka September 2001, ke ne ka nyala mosetsana yo montle wa Mo-Russia yo o bidiwang Yelena. O nnile Mosupi yo o kolobeditsweng fa e sa le ka 1997 mme a simolola go nna mmulatsela ka May 2003. Ka boitumelo, re ne ra utlwa gore batsadi ba me ba ne ba simolotse go ithuta Baebele le Basupi mme ba ne ba gatela pele semoyeng. Go bua boammaaruri ke ne ke sa dumele se ke neng ke se utlwa, go fitlha Rre a mpolelela ka boene. O ne a mpolelela mo founong gore Jehofa ke Modimo o o osi wa boammaaruri!
Ke itumela thata go bo mono mo Almaty ke nnile le tshono ya go ithuta Baebele le batho ba ba tswang kwa mafelong a mantsi go akaretsa le kwa China, Iran, Pakistan, Siria le Turkey. Bosheng jaana, moruti mongwe wa kwa Iran o ne a nkopa gore ke ithute Baebele le ene ka puo ya gagwe ya Seperesia. Monna mongwe yo e kileng ya bo e le mojenerale wa kwa Afghanistan o ne a itumela thata ka se a neng a se ithutile ka Jehofa. Mme ke ne ka itumela thata go ithuta le motho mongwe yo o neng a tswa kwa Siria ka puo ya me ya Se-Kurd mmogo le go ithuta le batho ka Se-Kazakh le Se-Russia le dipuo tse dingwe tse ke neng ke di bua fa ke ne ke sa ntse ke gola.
Gone jaanong, nna le Yelena, re mo go nngwe ya diphuthego tse di fetang 35 tsa Basupi ba ga Jehofa mo Almaty e e dirisang puo ya Se-Kazakh. Ngwaga o o fetileng, nna le Yelena re ne ra nna le tshiamelo ya go direla ka nakwana kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e sa tswang go wediwa go agiwa, e e gaufi le Almaty.
Nako nngwe, ke ne ka rutiwa go tlhoa mme Jehofa o ne a nthuta go rata. Ke tlhatswegile pelo gore le ka motlha ga re a tshwanela go tlhotlheletsega go tlogela go itumedisa Jehofa, tota le e leng fa re gatelelwa ke ba losika le ditsala ba ba nang le maitlhomo a a siameng. (Bagalatia 6:9) Gone jaanong ke itumetse thata go bo nna le mosadi wa me re “na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.”—1 Bakorintha 15:58.
[Mafoko a a mo go tsebe 13]
Mmè o ne a ntlhagisa gore a ka se tlhole a fitlhela Rre dilo tse di ntseng jalo
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Holo ya Bogosi ya kwa Karatau, e ke neng ke kopanela mo go yone fa ke ne ke le mosha
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Batsadi ba me, ba gone jaanong ba ratang tiro ya rona
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Nna le Yelena ka letsatsi la rona la lenyalo
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Ke na le Yelena, mo kagong e ntšha ya lekala gaufi le Almaty