LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/08 ts. 20-23
  • Lebaka La go Bo Matloa A se Na Sepe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo Matloa A se Na Sepe
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Grand Banks—Tshenyo e a Simologa
  • Botlhokwa Jwa Ditlhapi Tse di Tshwarelwang Kgwebo
  • Tshenyo ya Bofelo
  • Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe mo go Tshwareng Ditlhapi
  • Ke Eng fa go Tswelelwa go Tshwarwa Ditlhapi ka Tsela e e Feteletseng?
  • Go Direla Jaaka Batshwari ba Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Tshwara Ditlhapi mo Lewatleng la Galalea
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Tshwara Batho mo Metsing a Lefatshe Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Botshelo mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele—Motshwaraditlhapi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 11/08 ts. 20-23

Lebaka La go Bo Matloa A se Na Sepe

George wa dingwaga di le 65 yo o tshwarang ditlhapi kwa lobopong lo lo ka kwa ntlheng ya bokonebotlhaba jwa Engelane a re: “Go ile ga nna le dingwaga tse di itumedisang tsa go tshwara ditlhapi le tse di sa itumediseng, mme ga ke ise ke ko ke bone bothata jwa go tshwara ditlhapi jo bo tshwanang le jo re nang le jone gone jaanong. Sengwe le sengwe se kgaritlhilwe—tlhapi ya salmon, whitefish, cod le lobster—sengwe le sengwe fela.”

GA SE George fela yo o tshwenyegileng ka seno; go na le dipego tse di sa itumediseng tse di tshwanang le tseo tse di tswang go ralala mawatle otlhe. Kwa Peru, Agustín ke kapotene wa sekepe sa boima jwa ditone di le 350 sa ditlhapi. A re: “Go tlhaela ga ditlhapi tsa sardine go simologile dingwaga di le 12 tse di fetileng. Kwa Peru ditlhapi e ne e le motlele ngwaga otlhe mme gone jaanong gantsi re nna re sa tshware sepe ka dikgwedi di le dintsi. Re ne re se nke re tshwara ditlhapi dikilometara tse di fetang 25 go tswa mo lotshitshing lwa lewatle mme gone jaanong re tsamaya sekgala sa dikilometara di le 300 gore re tle re tshware ditlhapi.”

Antonio, yo o nnang kwa Galicia, kwa Spain, a re: “Ke na le dingwaga tse di fetang 20 ke tshwara ditlhapi. Ka bonya ka bonya ke bone ditlhapi tsa mo lewatleng di fela. Re tshwara ditlhapi tse dintsi mo lewatleng go na le kafa di kgonang go ata ka teng.”

Ga go motlhofo go bona mo ditshwantshong kafa mawatle a sentsweng ka teng ke go tshwarwa ga ditlhapi ka tsela e e feteletseng, jaaka motho a ka kgona go bona tshenyo ya dikgwa tsa boboatsatsi mo ditshwantshong mme gone tshenyo ke ya mmatota fela jalo. Fa United Nations Food and Agriculture Organization e ne e ntsha tlhagiso bosheng jaana e e malebana le go tshwarwa thata ga ditlhapi e ne ya re: “Seemo se masisi thata e bile se a tlhobaetsa e re ka diperesente tse di ka nnang 75 tsa mafelo a go tshwarwang ditlhapi mo go one mo lefatsheng a dirisiwa thata e bile a dirisiwa ka tsela e e feteletseng.”

Nngwetlhanong ya batho e ikaegile thata ka tlhapi go bona poroteine e e tswang mo diphologolong. Ka jalo, sejo sengwe se se botlhokwa thata se mo kotsing ya go fela. Ga se mafelo otlhe mo mawatleng a a nang le ditlhapi. Tota e bile, bontsi jwa mafelo a a kwa garegare ga lewatle a tshwana le sekaka. Mafelo a mo go one go nang le ditlhapi tse dintsi ke a a gaufi le dintshi le mo mafelong a metsi a a tsididi a a tswang kwa tlase ga lewatle a a nang le dikotla a tlhatlogelang kwa godimo. Dikotla tseno di fepa dijalo tse e leng dijo tsa konokono tsa ditshedi tsa lewatle. Batshwaraditlhapi ba senya jang mafelo a ba tshwarang ditlhapi mo go one a ba ikaegileng ka one gore ba itshedise? Se se diragetseng mo lefelong lengwe le le rileng le go tshwarelwang ditlhapi mo go lone se re naya dikarabo dingwe.

Grand Banks—Tshenyo e a Simologa

Fa motsamaisi wa sekepe yo gape e neng e le mmatlisisi e bong John Cabota wa kwa Italy a ne a kgabaganya Atlantic go tswa kwa Engelane, o ne a bona lefelo la go tshwara ditlhapi la Grand Banks e leng lefelo la metsi a a seng boteng kwa gare ga lewatle kwa Canada mme go ne ga simologa sengwe se se tshwanang le go kgaratlhela gauta. Seno se diragetse dingwaga di le tlhano morago fela ga loeto lo lo botlhokwa lwa ga Christopher Columbus ka 1492. Go ise go ye kae makgolokgolo a batshwaraditlhapi a ne a tsena mo lewatleng la Atlantic go ya go tshwara ditlhapi kwa Grand Banks. Ga go na motho ope wa kwa Yuropa yo o kileng a bona metsi a tletse ditlhapi tsa cod jaana.

Tlhapi ya cod e ne e le tlhwatlhwakgolo fela jaaka gauta. E re ka e tseelwa kwa godimo ka ntlha ya nama ya yone e tshweu e e batlileng e se na mafura gotlhele, e sa ntse e le tlhapi e e rekwang thata mo lefatsheng. Gantsi cod ya kwa Atlantic e boima jo bo fa gare ga dikilogerama di le 1,4 le di le 9 mme dingwe tsa tsone tse di mo Grand Banks di ne di lekana le motho. Ka makgolo a mantsi a dingwaga batshwaraditlhapi ba ne ba oketsa ditlhapi tse ba di tshwarang fa ba ntse ba ithuta go tshwara ditlhapi ka matloa a a tshwarang ditlhapi a a gogwang kafa morago ga mokoro le megala e meleele ya go tshwara ditlhapi e e nang le dikgwage tse dintsintsi.

Botlhokwa Jwa Ditlhapi Tse di Tshwarelwang Kgwebo

Mo e ka nnang ka lekgolo la bo19 la dingwaga, Bayuropa bangwe ba ne ba simolola go tshwenyega ka go fela ga setoko sa ditlhapi, segolobogolo tlhapi ya herring. Le fa go ntse jalo, Porofesa Thomas Huxley, yo e leng poresidente wa British Royal Society, o ne a bolela jaana kwa International Fisheries Exhibition ya Lontone ya 1883: “Ditlhapi tseno di dintsi jaana mo e leng gore palo ya tse rona re di tshwarang e nnye thata . . . Ka jalo, ke dumela gore mafelo a a nang le ditlhapi tsa cod . . . gongwe le mafelo a mangwe a magolo a go tshwarwang ditlhapi mo go one a ka se ka a nna lolea.”

Ke batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba belaela kgopolo ya ga Huxley, tota le morago ga gore go simololwe go dirisiwa ga mekoro e e tsamaisiwang ka moya wa metsi a a fisang go tshwara ditlhapi tse di tshwarelwang kgwebo mo metsing a Grand Banks. Go batliwa ga tlhapi ya cod go ne ga oketsega, segolobogolo morago ga 1925 fa Clarence Birdseye wa kwa Massachusetts, U.S.A., a ne a simolola mokgwa wa go gatsetsa ditlhapi ka bonako. Ka ntlha ya seno, batshwaraditlhapi ba ne ba simolola go dirisa mekoro e e tsamayang ka diesel e e nang le matloa a a gogiwang kafa morago go tshwara ditlhapi tse dintsi le go feta. Mme go ne go sa ntse go tla nna le ditsela tse dingwe tsa go sa dirisiwe sentle ga mafelo ano.

Ka 1951, sekepe se se sa tlwaelegang se se neng se tswa kwa Boritane se ne sa goroga mo Grand Banks go tla go tshwara ditlhapi. Se ne se le boleele jwa dimetara di le 85 mme boima jwa sone go akaretsa le morwalo wa sone e ne e le ditone di le 2 600. Seno e ne e le sekepe sa ntlha mo lefatsheng se se neng se tshwara ditlhapi se bo se di gatsetsa ka nako eo. Se ne se na le motlhatlogo ka kwa morago mo metšhini e e nang le dikgole e neng e goga matloa a yone a magolo mme gape se ne se na le metšhini e ka boyone e neng e kgona go ntsha marapo a ditlhapi e bo e di gatsetsa. Ka go dirisa diradara sekepe seno se ne se kgona go batla ditlhapi tse dintsi bosigo le motshegare ka dibeke di le dintsi.

Ditšhaba tse dingwe di ile tsa lemoga kafa di ka itirelang lotseno ka teng mme go ise go ye kae dikepe tse dintsi di ne tsa ralala mawatle go ya go batla ditlhapi mme di ne di tshwara ditlhapi tsa ditone tse di ka nnang 200 ka ura. Dikepe dingwe di ne di le boima jwa ditone di le 8 000 mme di ne di na le matloa a a bogolo jo bo lekaneng go ka phuthela sefofane se segolo sa jete.

Tshenyo ya Bofelo

Buka ya Ocean’s End ya re: “Mo dingwageng tsa bofelo tsa bo1970, bontsi jwa batho ba ne ba sa ntse ba dumela kgopolo e e phoso ya gore bontsi jwa ditlhapi tsa lewatle bo ka se ka jwa fela.” Go ile ga nna le ditlhopha tse dingwe tsa dikepe tse dikgolo tse di ileng tsa tshwara ditlhapi mo metsing a Grand Banks go ralala dingwaga tsa bo1980. Baitsesaense ba ile ba tlhagisa gore ditlhapi tsa cod di tla tloga di fela. Mme batho ba le diketekete ba ne ba ikaegile ka mafelo ano go itshedisa mme badipolotiki ba ne ba sa batle go dira tshwetso e batho ba sa e rateng. Kgabagare ka 1992, baitsesaense ba ne ba bontsha gore mo dingwageng di le 30, ditlhapi tsa cod di ile tsa fokotsega ka diperesente tse di tshosang di le 98,9. Go tshwara ditlhapi tsa cod mo Grand Banks go ne ga ilediwa. Mme go ne go setse go le thari thata. Dingwaga di le 500 morago ga gore lefelo leno le le tletseng ka ditlhapi tse dintsi go gaisa mo lefatsheng le lemogiwe, ditlhapi tsa lone di ile tsa tshwarwa go fitlhela di fela.

Batshwaraditlhapi ba ne ba solofetse gore go ise go ye kae ditlhapi tsa cod di tla boa gape. Mme di-cod di tshela dingwaga tse di fetang 20 e bile di diega go gola. Mo dingwageng tsa fa e sale ka 1992, tsholofelo ya gore ditlhapi tseno di boe gape ga ise e diragale.

Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe mo go Tshwareng Ditlhapi

Se se diragetseng kwa Grand Banks ke sekai se se tshosang sa bothata jo bo leng teng mo kgwebong ya ditlhapi ya lefatshe lotlhe. Ka 2002, tona ya tikologo ya kwa Boritane o ne a bolela gore “diperesente di le 60 tsa mafelo a go ka bonwang ditlhapi mo go one mo lefatsheng gone jaanong a senngwa ke go tshwarwa ga ditlhapi.” Ditlhapi tsa tuna, swordfish, shark le rockfish ke mengwe ya mefuta e e mo kotsing.

Dinaga di le dintsi tse di humileng, tse di setseng di feditse ditlhapi mo mafelong a tsone a go tshwara ditlhapi, gone jaanong di batla mafelo a a kgakala a di ka tshwarang ditlhapi mo go one. Ka sekai, mabopo a Afrika a na le mafelo a go nang le ditlhapi tse dintsi mo go one. Babusi ba le bantsi ba dinaga tsa Afrika ga ba kgone go gana go naya batho makwalo a go tshwara ditlhapi ka gonne mebuso ya bone e ikaegile ka madi a a dirisiwang kwa dinageng tseno. Ga go gakgamatse go bo batho ba mafelo ano ba galefile go bo mafelo a ba tshwarang ditlhapi mo go one a se na ditlhapi.

Ke Eng fa go Tswelelwa go Tshwarwa Ditlhapi ka Tsela e e Feteletseng?

Mo mothong yo mongwe, tharabololo e ka lebega e le motlhofo—go tlogela go tshwara ditlhapi ka tsela e e feteletseng. Mme ga go motlhofo jalo. Kgwebo ya ditlhapi e tlhoka madi a mantsi a didirisiwa tsa go tshwara ditlhapi. Ka jalo, motshwaraditlhapi mongwe le mongwe o solofela gore ba bangwe ba tla tlogela tiro ya go tshwara ditlhapi gore ene a tle a tswelele. Ka ntlha ya seo, gantsi ga go na ope yo o tlogelang. Mo godimo ga moo, mebuso ke yone gantsi e tsadisang madi a mantsi mo kgwebong ya go tshwara ditlhapi, e leng se se dirang gore ba nne bontlhanngwe jwa bothata. Makasine wa Issues in Science and Technology wa re: “Gantsi dinaga di tsaya mekgele e e beilweng ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya go sireletsa mafelo a go tshwara ditlhapi e le e e tshwanetseng go ikobelwa ke ditšhaba tse dingwe mme dinaga tseo ka botsone di bo di e itlhokomolosa.”

Batho ba ba tshwarang ditlhapi e le go itlosa bodutu le bone ba na le molato. Fa lokwalopaka lwa New Scientist lo bega ka patlisiso nngwe e e dirilweng kwa United States lo ne lwa re: “Go tshwara ditlhapi e le go intsha bodutu go bakile gore diperesente di le 64 tsa mefuta ya ditlhapi di tshwarwe ka mo go feteletseng gaufi le Kgogometso ya Mexico.” E re ka batho ba ba tshwarang ditlhapi ka mabaka a go itlosa bodutu le a kgwebo ba na le tlhotlheletso e kgolo, badipolotiki ba dira se se dirang gore ba ratiwe thata go na le gore ba dire se se tla sireletsang ditlhapi.

A mafelo a go tshwarwang ditlhapi mo go one a ka sirelediwa? Boyce Thorne-Miller mo bukeng ya gagwe ya The Living Ocean a re: “Ga go na sepe se se rileng se se ka bolokang ditshedi tse di mo lewatleng go fitlha go nna le phetogo e kgolo malebana le kafa batho ba ikutlwang ka teng.” Se se itumedisang ke gore, Mmopi e bong Jehofa Modimo o tlhomile Bogosi jo bo tla tlhomamisang gore mo isagweng lefatshe lotlhe le tla babalesega.—Daniele 2:44; Mathaio 6:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

a John Cabot o ne a tsholelwa kwa Italy kwa a neng a bidiwa Giovanni Caboto gone. O ne a fudugela kwa Bristol, kwa Engelane ka dingwaga tsa bo1480 mme go tswa koo a tsaya loeto lwa gagwe ka sekepe ka ngwaga wa 1497.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Fela jaaka dikgwa tsa boboatsatsi tse di sentsweng, mawatle a mo go one go tshwarwang ditlhapi ka mo go feteletseng le one a sentswe

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

“Diperesente tse di ka nnang 75 tsa mafelo a go tshwarwang ditlhapi mo go one mo lefatsheng a dirisiwa thata e bile a dirisiwa ka tsela e e feteletseng.”—United Nations Food and Agriculture Organization

[Mafoko a a mo go tsebe 23]

Nngwetlhanong ya batho e ikaegile thata ka tlhapi go bona poroteine e e tswang mo diphologolong

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Cambodia

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Kgwebo ya go tshwara ditlhapi, Alaska

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Democratic Republic of Congo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

© Janis Miglavs/​DanitaDelimont.com

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 22]

Top: © Mikkel Ostergaard/​Panos Pictures; middle: © Steven Kazlowski/​SeaPics.com; bottom: © Tim Dirven/​Panos Pictures

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela