LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/09 ts. 19-22
  • Monna yo o Dirileng Mmapa wa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Monna yo o Dirileng Mmapa wa Lefatshe
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Boela Gape a Ithuta ka Lefatshe
  • Kafa a Nnileng Modirammapa ka Teng
  • O Latofadiwa ka Bokgelogi
  • Atlas ya Ntlha
  • “Moithutafatshe yo Mogolo go Gaisa wa Metlha ya Rona”
  • “Insight on the Scriptures”—Saetlopedia a Ntsha ya Bibela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Aristotle
    Tsogang!—2016
  • “O Tsamayetsamaye mo Lefatsheng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 4/09 ts. 19-22

Monna yo o Dirileng Mmapa wa Lefatshe

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BELGIUM

Mo masimologong a 1544, Gerardus Mercator o ne a iphitlhela a le mo seleng ya kgolegelo e e tsididi e bile e le lefifi. O ne a akanya gore o tlile go swa. Ke ka ntlha yang fa seno se diragaletse modiradimmapa yo mogolo yono wa lekgolo la bo16 la dingwaga? Gore re tle re bone seo, mma re sekaseke pele botshelo le motlha wa gagwe.

MERCATOR o tshotswe ka 1512 kwa Rupelmonde e leng boemakepe jo bonnye gaufi le Antwerp, kwa Belgium. O ithutile kwa yunibesithing ya Louvain. Morago ga gore a aloge, o ne a ithuta dithuto tsa ga Aristotle, mme go ise go ye kae o ne a tshwenngwa ke go bo a sa kgone go bona kafa dithuto tsa ga Aristotle di tsamaisanang le tsa Baebele ka gone. Mercator o ne a kwala jaana: “Fa ke bona gore tlhaloso ya ga Moshe ya Genesise ya go simologa ga lefatshe ga e tsamaisane le ditsela di le dintsi le dithuto tsa ga Aristotle le bafilosofi botlhe ba bangwe, ke ne ka simolola go belaela gore a bafilosofi botlhe ba nepile mme ke ne ka simolola go sekaseka tlhago.”

E re ka a ne a sa batle go nna mofilosofi, Mercator o ne a tlogela go tswelela a ithuta kwa yunibesithing. Le fa go ntse jalo, o ne a fetsa botshelo jwa gagwe jotlhe a ntse a batla bosupi jwa go bontsha gore pego ya Baebele ka popo e boammaaruri.

O Boela Gape a Ithuta ka Lefatshe

Ka 1534, Mercator o ne a simolola go ithuta dipalo, dinaledi, le thutafatshe a rutiwa ke moitse wa dipalo e bong, Gemma Frisius. Mo godimo ga moo, Mercator a ka tswa a ithutile go gaba go tswa mo go Gaspar Van der Heyden, yo e leng mogabi le modiri wa mmapa wa lefatshe. Mo masimologong a lekgolo la bo16 la dingwaga, badiradimmapa ba ne ba dirisa mokwalo o mokima wa Se-Goth kgotsa mokwalo wa bontsho jo bo tseneletseng o o neng o dira gore go se ka ga nna le lefelo la go kwala tshedimosetso mo mmapeng. Le fa go ntse jalo, Mercator o ne a dirisa mokgwa o mosha wa mokwalo o o tshwaraganeng wa kwa Italy, o o neng o bidiwa italics, (mokwalo o o sekameng) mme o ne wa itshupa o le molemo mo go direng mmapa wa lefatshe.

Ka 1536, Mercator o ne a bereka le Frisius le Van der Heyden jaaka bagabi, mo go direng mmapa o o bontshang mafelo a lefatshe. Mokwalo o tshwaraganeng o montle wa ga Mercator o ne wa dira gore porojeke eno e atlege. Nicholas Crane mokwadi wa sesheng wa hisitori ya botshelo jwa ga Mercator, o ne a kwala gore le fa modirammapa mongwe “a ile a kgona go tsenya maina a mafelo a le 50 a Amerika mo mmapeng o mogolo o o lekanang le boleele jwa monna, Mercator ene o ne a o fokotsa gore o nne bophara jwa diatla tse pedi”!

Kafa a Nnileng Modirammapa ka Teng

Ka 1537, Mercator o ne a dira mmapa wa gagwe wa ntlha a le esi—mmapa wa Naga e e Boitshepo, o a ileng a o dira e le go thusa gore “ditesetamente tse pedi di tlhaloganngwe botoka.” Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, dimmapa tsa Naga e e Boitshepo di ne di dirilwe ka tsela e e phoso gotlhelele, dingwe tsa tsone di ne di na le maina le mafelo a a kwa tlase ga a le 30—a bontsi jwa one a neng a le fa go sa tshwanelang gone. Le fa go ntse jalo, mmapa wa ga Mercator one, o ne wa bontsha mafelo a a fetang 400! Mo godimo ga moo, o ne wa bontsha tsela e Baiseraele ba neng ba tsamaya ka yone fa ba ralala sekaka morago ga Khudugo. E re ka o ne o nepile, o ne wa ratiwa ke batho ba le bantsi ba ba neng ba tshela mo motlheng wa gagwe.

E re ka a ne a rotloeditswe ke go atlega ga gagwe, Mercator o ne a gatisa mmapa wa lefatshe ka 1538. Pele ga foo, batho ba ba dirang dimmapa ba ne ba sa itse go le kalo ka Amerika Bokone, ba ne ba e bitsa Naga e e Kgakala e e sa Itsiweng. Le fa gone leina “Amerika” le ne le setse le le gone, Mercator ke motho wa ntlha go le dirisetsa Amerika Bokone le Borwa.

Mercator o tshetse mo nakong e mo go yone go neng go ithutiwa ka mawatle, gape go ne ga lemogiwa mafatshe a mantsi a masha. Batsamai ka dikepe ba ne ba bega tshedimosetso e e neng e ganetsana, mme seno se ne sa dira gore tiro ya go dira dimmapa e nne boima, e re ka badiradimmapa ba ne ba tshwanetse go tlatsa diphatla tsa tshedimosetso e e seyong. Le fa go ntse jalo, ka 1541, Mercator o ne a fitlhelela mokgele wa gagwe wa go dira “mmapa wa lefatshe o o feletseng go fitlha ga jaana.”

O Latofadiwa ka Bokgelogi

Kwa Louvain, e leng kwa Mercator a neng a nna gone go ne go tletse Balutere. Ka 1536, Mercator o ne a dumalana le dithuto tsa Lutere, mme e bile go bonala mosadi wa gagwe moragonyana a ne a nna Molutere. Ka February 1544, Mercator le baagi bangwe ba kwa Louvain ba le 42, ba ne ba golegwa ka ntlha ya ditatofatso tsa gore ba kwadile “makwalo a a belaetsang.” Le fa go ntse jalo, gape e ka tswa e le ka go bo go gatisiwa ga mmapa wa gagwe wa Naga e e Boitshepo go ne go tsositse dipelaelo mo go Tapper le Latomus, ba e neng e le baithutabodumedi ba babedi ba kwa yunibesithing kwa Louvain. Banna bano ba babedi ba ne ba okametse tsheko ya moranodi wa Baebele e bong William Tyndale, yo o neng a bolawa kwa Antwerp ka 1536. Gongwe Tapper le Latomus ba ne ba tshwenyegile ka gore mmapa wa ga Mercator wa Naga e e Boitshepo, o tla rotloetsa batho gore ba bale Baebele, fela jaaka go ranolwa ga Baebele ke Tyndale go ne ga dira. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, Mercator o ne a tsenngwa mo kgolegelong mo kagong ya phemelo kwa toropong ya gaabo ya kwa Rupelmonde.

Antoinette Van Roesmaels mongwe wa batho ba ba neng ba le mo tshekong, o ne a tlhalosa gore Mercator ga a ise a ko a ye kwa dikokoanong tsa sephiri tsa Baporotesetanta tsa go bala Baebele. Le fa go ntse jalo, e re ka ene Antoinette a ne a le gone koo, o ne a fitlhiwa a ntse a tshela gore a swe ka iketlo ka ntlha ya go hupelwa. Mercator o ne a gololwa morago ga dikgwedi di le supa, mme dithoto tsotlhe tsa gagwe di ne tsa gapiwa. Ka 1552, Mercator o ne a ya kwa Duisburg, kwa Jeremane, koo a neng a fitlhela batho ba ba neng ba amogela madumedi a batho ba bangwe.

Atlas ya Ntlha

Mercator o ne a tswelela a femela pego ya Baebele ya popo. Jaaka a ne a tlhalosa o ne a dirisa nako e ntsi ya botshelo jwa gagwe a sekaseka popo yotlhe ya “magodimo le lefatshe, go tswa kwa tshimologong ya metlha go tla go fitlha mo metlheng ya gone jaanong.” Tiro eno e ne e na le tshedimosetso ka tatelano ya ditiragalo le popego ya lefatshe.

Ka 1569, Mercator o ne a gatisa lenaane la ditiragalo tse di botlhokwa thata mo hisitoring go simologa ga popo go ya pele—karolo ya ntlha ya tshobokanyo ya gagwe, e e neng e bidiwa Chronologia. Maikaelelo a gagwe e ne e le go thusa babadi go tlhaloganya gore ba tsamaya kae mo nakong le mo hisitoring. Le fa go ntse jalo, e re ka Mercator mo bukeng ya gagwe a ne a akareditse dingongorego tsa ga Luther tse di kgatlhanong le makwalo a go itshwarelwa maleo ka 1517, Chronologia e ne ya bewa mo lenaaneng la dibuka tse di thibetsweng ke Kereke ya Katoliki.

Mo dingwageng tse di neng tsa latela, Mercator o ne a dirisa nako e ntsi a torowa le go gaba dipoleiti tsa go gatisa mmapa wa gagwe wa mafelo a masha a a a boneng. Ka 1590, Mercator o ne a tshwarwa ke seterouku se se neng sa mo tlogela a sa kgone go bua e bile a golafetse letlhakore la molema, ka jalo, go ne go le boima gore a tswelele ka tiro ya gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a ikemiseditse gore a se ka a tlogela tiro ya botshelo jwa gagwe e sa fela, mme o ne a tswelela go fitlhela a tlhokafala ka 1594 a na le dingwaga di le 82. Morwawe Mercator e bong Rumold o ne a fetsa dimmapa di le tlhano tse di neng di sa fela. Dimmapa tse di feletseng tsa ga Mercator di ne tsa gatisiwa ka 1595. E ne e le dimmapa tsa ntlha tse di nang le leina atlas.

Di-Atlas (dibuka tsa mmapa wa lefatshe) tsa ga Mercator di ne di tlotla ka kgaolo ya ntlha ya Genesise, mo go tsone Lefoko la Modimo le femelwa kgatlhanong le bafilosofi, ka gore le a ikanyega e bile le boammaaruri. Mercator o ne a bitsa thuto eo a re ke “mokgele wa tiro yotlhe ya me.”

“Moithutafatshe yo Mogolo go Gaisa wa Metlha ya Rona”

Kgatiso e e godisitsweng ya Atlas e e neng ya gatisiwa ke Jodocus Hondius ka 1606, e ne ya gatisiwa ka dipuo di le dintsi mme e ne ya nna buka e e rekisiwang thata. Abraham Ortelius yo e leng modirammapa wa lekgolo la bo16 la dingwaga, o ne a tlotlomatsa Mercator ka gore ke “moithutafatshe yo mogolo go gaisa wa metlha ya rona.” Bosheng jaana, mokwadi Nicholas Crane o ne a tlhalosa Mercator a re ke “monna yo o ileng a dira mmapa wa polanete.”

Boswa jo Mercator a bo tlogetseng e sa ntse e le karolo ya botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Ka sekai, nako nngwe le nngwe fa re leba atlas kgotsa re leba Global Positioning System, re solegelwa molemo ke tiro ya ga Mercator, monna yo o tlhomologileng yo botshelo jwa gagwe jotlhe a neng a batla go itse gore o tsena kae mo popong ya Modimo.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

MERCATOR—MOITHUTI YO O TLHOAFETSENG WA BAEBELE

Mercator o ne a dumela gore lefatshe e tla nna lefelo le go tla nnang le tshiamo, kagiso le katlego mo go lone. O ne a kwala ditlhaloso tse di sa gatisiwang ka dikgaolo 1-11 tsa buka ya Baroma e mo go yone a neng a ganetsa kgopolo ya Ba-Calvin ya gore dilo di laoletswe e sa le gale. Se se kgatlhang ke gore o ne gape a ganetsana le Martin Luther, a bolela gore mo godimo ga tumelo, ditiro di botlhokwa gore motho a bone poloko. Mercator o ne a kwala mo lekwalong lengwe gore boleo “ga bo tswe kwa dipolaneteng [tepodinaleding] kgotsa mo keletsong epe fela ya tlholego e Modimo a re bopileng ka yone, mme bo bakwa ke se motho a se tlhophang.” Mo lekwalong la gagwe o ne a gana thuto e e dumelwang ya Roma Katoliki ya go fetoga ga senkgwe le beine go nna mmele le madi a ga Jesu Keresete, a bontsha gore mafoko a ga Jesu “se ke mmele wa me” ga a tshwanelwa go tsewa jaaka a ntse mme a tshwanetse go tsewa ka tsela ya tshwantshetso.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

MOKGWA WA GO DIRA MMAPA WA GA MERCATOR

A o kile wa leka go papetla letlape la namune? Ee ruri, ga go kgonege gore o ka le papetla o sa le senye. Sekai seo se bontsha mathata a batho ba ba dirang dimmapa ba lebaneng le one—go torowa kgolokwe (ya lefatshe) mo mmapeng o o sephaphathi. Mercator o ne a rarabolola bothata jono ka go simolola mokgwa o jaanong o itsiweng e le Mercator projection. Mo mokgweng ono mela ya latitude go tswa mo go ekhweita go ya kwa bokone le kwa borwa di arogantswe ka go lekalekana. Le fa mokgwa ono o sa bontshe sentle sekgala le bogolo (bogolo jang kwa bokone le kwa borwa), e nnile botswelelopele jo bo thusitseng badiradimmapa. Mmapa wa lefatshe wa ga Mercator wa mo leboteng wa 1569 e ne e le tiro ya botswerere e e neng ya dira gore a tume jaaka modirammapa. Tota e bile, mokgwa ono wa gagwe o sa ntse o dirisiwa mo dimmapeng tsa mawatle le ke Global Positioning System ya segompieno.

[Setshwantsho]

Mokgwa wa go dira mmapa wa ga Mercator o ka tshwantshanngwa le silendara e e butsweng e mo go yone lefatshe le papetleletsweng

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Mmapa wa ga Mercator wa Naga e e Boitshepo ka 1537, o ne wa bontsha mafelo a a fetang 400

[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Mmapa wa lefatshe wa ga Mercator, 1538

Ela tlhoko “AMERI CAE” mo dikontinenteng tse pedi tsa Amerika

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

Antwerpen, Stedelijk Prentekabinet

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

Both maps: From the American Geographical Society Library, University of Wisconsin-Milwaukee Libraries

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela