Lebokoso la Dipotso
◼ A phuthego e tshwanetse go nna le mmapa o o feletseng wa tshimo mo Holong ya Bogosi?
Ee, mmapa o o feletseng wa tshimo o tshwanetse go direlwa foreime le go bewa mo leboteng la Holo ya Bogosi. Mmapa ono ga o a tshwanelwa go pegwa mo lomating lwa dikitsiso. O tshwanetse wa bontsha melelwane yotlhe ya tshimo e e abetsweng phuthego le melelwane ya tshimo nngwe le nngwe le nomoro ya yone. Go tshwanetse ga bontshiwa melelwane ya tshimo ya diphuthego tsotlhe tse di dirisang Holo e le nngwe ya Bogosi. Seno se tla thusa baboledi le batho ba ba sa tswang go kgatlhega go bona gore ba nna mo tshimong efe ya phuthego. Go bontsha mafelo a Thuto ya Buka ya Phuthego mo mmapeng le gone go tla thusa botlhe go itse kwa thuto ya buka e ba abetsweng kwa go yone e leng teng. Mmapa ono o tshwanetse go nna le tshedimosetso e e mo nakong ka metlha.
Go baya mmapa o o ntseng jalo mo pontsheng go gakolola baboledi botlhe gore, fa go kgonega, go ka nna molemo gore mongwe le mongwe a nne le tshimo ya gagwe. Mmapa ono o thusa batho ba ba batlang go tlhopha tshimo e e bapileng le magae a bone. Ka dinako tse dingwe seno se ka boloka nako kwa dipokanong tsa tirelo, ka go thusa motshwari gore a kaele setlhopha sengwe le sengwe sa baboledi ka bonako mo lefelong le ba abetsweng go dira mo go lone.
Gape mmapa o neela bosupi jwa gore phuthego e rulaganyeditswe go rera molaetsa wa Bogosi ka botlalo mo tshimong ya yone.—Luke 9:6.