Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka August 14
Pina 114
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Akgela ka pego ya July ya tirelo ya tshimo ya phuthego ya lona. Go setse mafelobeke a mabedi fela a August, ka jalo kgothaletsa mongwe le mongwe go nna le seabe mo bodireding pele kgwedi eno e fela. Bolela thulaganyo ya mafelobeke ya dipokano tsa tirelo ya tshimo.
15 mets: “Tlhabana Tlhabano e e Molemomogolo ya Tumelo.” Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo. Tsaya dintlha tse dingwe mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 44-5, tse di malebana le ka fa batshwari ba Thuto ya Buka ya Phuthego ba rulaganyetsang ka gone ditlhopha tsa bone tirelo ya tshimo le go ela tlhoko bape fela ba ba tshwanetseng go thusiwa go nna le seabe mo bodireding jwa bone le go bega ka metlha.
18 mets: Tsela ya go Solegelwa Molemo ke go Tsena Sekolo. Rre o buisana le bana ba gagwe gore a ba thuse go lemoga lebaka la go bo thuto ya sekolo e le botlhokwa. (Bona buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang, ditsebe 133-9.) Basha ba le bantsi ba akanya gore go tsena sekolo ke kgwetlho e kgolo mo setšhabeng sa gompieno se se sa laolesegeng. Gape ba a lapisega, ba swetsa ka gore se ba se ithutang ga se na go ba tswela molemo. Rre o sekaseka melaometheo ya Dikwalo a bo a ntsha mabaka a a utlwalang a go bo go le botlhale go nna le selekanyo se se rileng sa thuto ya sekolo. O kgothaletsa bana ba gagwe go ithuta sentle le go reetsa ka kelotlhoko mo tlelaseng.
Pina 127 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka August 21
Pina 143
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Dira gore go nne le pontsho e e baakanyeditsweng sentle ya tirelo ya tshimo e e bontshang tsela ya go araba potso e e reng: “Ke goreng fa Modimo o o lorato o ka letlelela pogo go tswelela ka lobaka lo lo kana kana?” (Bona buka ya Go Fetolana, ditsebe 325-6.) Kgothaletsa mongwe le mongwe go nna le seabe mo bodireding mo mafelobekeng ano.
8 mets: “Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe.” Puo. Itsise letlha la kopano e e kgethegileng e e tlang, fa e le gore le setse le le teng, mme o kgothaletse botlhe go nna gone letsatsi lotlhe. Kgothaletsa baboledi gore ba laletse batho ba ba sa tswang go kgatlhega le baithuti ba Baebele.
25 mets: “A o Solegelwa Molemo?” Dipotso le dikarabo.
Pina 152 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka August 28
Pina 165
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola botlhe gore ba tlise dipego tsa tirelo ya tshimo ya August. Batshwari ba Thuto ya Buka ya Phuthego ba tshwanetse go tlhomamisa le mongwe le mongwe mo setlhopheng sa bone e le gore dipego tsotlhe di kopanngwe pele ga September 6. Tlotla ka dintlha tse di tshwanelang tsa lekwalo le le tswang kwa Mokgatlhong le le neng le ya kwa diphuthegong tsotlhe la July 1, 2000, le le malebana le go bega. Bega malebana le kgatelopele ya kwa tshimong e e sa abiwang. Itsise phuthego ka dithulaganyo tsa September. Botsolotsa motho a le mongwe kana ba le babedi ka katlego e ba setseng ba na le yone.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: “Dipokano di Solegela Basha Molemo.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo o o tla tshwarwang ke mogolwane. Fa lo tlotla ka serapa 8, sekaseka dilo tse di molemo tse di thusang gore motho a tlhome mogopolo le go reetsa ka kelotlhoko mo dipokanong. (Bona Tsogang! ya October 8, 1998, ditsebe 23-4.) Kgothaletsa batsadi gore ba se repise letsogo fa ba batla gore bana ba bone ba nne gone ka metlha mo dipokanong tsotlhe.—Bona maitemogelo a a mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya September 1, 1997, tsebe 25.
Pina 176 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 4
Pina 196
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Lebokoso la Dipotso. Dira gore baboledi ba bolele maitemogelo a ba nnileng le one fa ba ne ba dira bosupi jo e seng jwa tlwaelo.
10 mets: Nako ya Rona e Kgethegile. Puo ka mogolwane, e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 15, 1996, ditsebe 22-3.
20 mets: “A o A Itshoka?” Puo le motlotlo le bareetsi. Kgothaletsa botlhe gore ba akanye ka katlego e ba nnileng le yone fa ba ne ba itshoka mo bodireding jwa Bokeresete. Fa re nna le makoa mangwe, re tshwanetse go inonotsha semoyeng. Akaretsa le dintlha tse di leng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 1, 1999, ditsebe 20-1, dirapa 17-21. Kopa baboledi ba le babedi kana ba le bararo ba ba kileng ba itshoka ka boikanyegi ka dingwaga di le dintsi go bolela se ba se dirang gore ba itshoke.
Pina 206 le thapelo e e konelang.