Dira Gore Bana ba Gago ba Simolole Botshelo Sentle
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA CANADA
◼ Pego nngwe mo lokwalodikgannyeng lwa The New York Times e ne ya re: “Thelebishene e ka nna sedirisiwa se se molemo thata sa go ruta.” Le fa go ntse jalo “go nna fela fa pele ga thelebishene ba sa dire sepe ka diura tse dintsi, go ka lapisa mebele le ditlhaloganyo tsa bana” go dira gore ba fetiwe ke ditshono tsa go itirela dilo ka bobone, go ithuta le go tlotla le batho ba bangwe.
Lokwalodikgang loo lo ne lwa bolela gore, morago ga gore babatlisisi ba kwa Kokelong ya Bana ya kwa Seattle, kwa Washington kwa U.S.A. ba dire dipatlisiso mo baneng ba le 2 500 ba ba lebelelang thelebishene, “ba ne ba fitlhela gore fa bana ba ngwaga o le mongwe go ya go ba dingwaga di le tharo ba lebelela thelebishene thata, fa ba nna le dingwaga di le supa gantsi ba nna le mathata a go tsepamisa mogopolo.” Bana ba ba ntseng jalo ba ne ba nna dikgoka e bile ba fela pelo mme gape ba ne ba sa kgone go tlhoma mogopolo mo selong se le sengwe ka lobaka lo loleele. Go ya ka moithutatlhaloganyo wa tsa thuto yo o bidiwang Dr. Jane M. Healy, “batsadi ba le bantsi ba bana ba bone ba fitlhetsweng ba na le bokoa jwa go se kgone go tlhoma mogopolo mo selong se le sengwe, ba ne ba lemoga gore bothata jono bo ne bo tokafala fa ba ne ba dira gore bana ba bone ba se ka ba lebelela thelebishene thata.”
Batsadi ba ka dira eng go fokotsa nako e bana ba bone ba e senyang ba lebeletse thelebishene? Pego eo e ne ya neela dikakantsho tse di latelang: Tlhoma ditekanyetso tsa gore ngwana wa gago o tla lebelela thelebishene leng le gore ka nako e e kana kang letsatsi le letsatsi. Tila go dira gore thelebishene e nne yone e tlhokomelang ngwana wa gago. Go na le moo, dira gore ngwana wa gago a nne le seabe ka mo go ka kgonegang mo go direng ditiro dingwe tse di dirwang mo gae. Tlhopha dithulaganyo tse ngwana wa gago a ka di lebelelang, mme o bo o tima thelebishene fa di fela. Fa go kgonega, lebelela dithulaganyo tse o di tlhophileng le ngwana wa gago mme lo bo lo tlotla ka se lo se bonang. Sa bofelo, fokotsa nako e wena o lebelelang thelebishene ka yone.
Go godisa bokgoni jwa bana jwa go itirela dilo le jwa go dirisana le ba bangwe sentle go tlhoka nako, go ikemisetsa le boikgapo. Diphelelo tse di molemo tsa gone ga se matsapa a bophiri. Boammaaruri jwa seno bo supiwa ke seane sa bogologolo se se reng: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.” (Diane 22:6) Karolo ya botlhokwa ya thapiso eo e akaretsa go ruta ngwana mekgwa e mentle ya boitshwaro.
Basupi ba ga Jehofa ba atlegile mo go diriseng buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo gore ba rute bana ba bone mekgwa e e siameng. Ee ruri, puisano e e molemo le e e lorato ya batsadi le bana ba bone fa ba sa ntse ba le bannye e tla dira gore ba nne le matswela a a nnelang ruri. Ga go na sepe se se itumedisang go feta fa batsadi ba bona bana ba bone ba gola mme e nna bagolo ba ba tlotlegang le ba ba nang le boikarabelo.