LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g00 8/8 ts. 18
  • Go Dirisa Thelebishene ka Kelotlhoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dirisa Thelebishene ka Kelotlhoko
  • Tsogang!—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Thelebishene E go Fetotse?
    Tsogang!—1991
  • Go Laola Tsela ya go Lebelela Thelebishene
    Tsogang!—2006
  • Ke Ka Kgona Jang go Laola Tsela E Ke Lebelelang TV ka Yone?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Laola Thelebishene E Ise E Nne Yone E go Laolang
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2000
g00 8/8 ts. 18

Go Dirisa Thelebishene ka Kelotlhoko

PEGO nngwe ya Not in the Public Interest—Local TV News in America, e e rulagantsweng ke setlhopha sengwe se se tlhatlhobang metswedi ya dikgang kwa United States e akgetse ka gore thelebishene ke yone “mmegadikgang yo mogolo, ke yone e e salang le bana le e e tlhotlheletsang maikutlo a setšhaba. Re nna re dikologilwe ke thelebishene . . . Fela jaaka mosi wa motsoko, e mo moweng.” Mme fela jaaka go hema mosi wa motsoko go le kotsi, go leba dithulaganyo tsa thelebishene tse di sa tlhophiwang ka kelotlhoko diura di le dintsi le gone go na le ditlamorago tse di kotsi—segolobogolo mo baneng.

Pego yone eno fa e bua ka tlolomolao le thubakanyo tsa mo thelebisheneng, e bolela gore “dipatlisiso di le makgolokgolo di bontshitse gore go leba ditshwantsho tse di tletseng thubakanyo go tlhotlheletsa go ithuta ga bana ka tsela e e sa siamang, ba nna dikgoka le go tlhoka kutlwelobotlhoko.” American Medical Association e boletse ka 1992 gore “thubakanyo ya mo thelebisheneng e tshosetsa boitekanelo jwa basha ka tsela e e kotsi.”

O ka laola jang dithulaganyo tse di sa siamang tsa thelebishene gore di se ka tsa tlhotlheletsa bana ba gago? Pego eno e na le lenaane la dintlhana tse di tserweng mo dikakantshong tsa mekgatlho e le mmalwa ya boitekanelo jwa setšhaba, kaga gore o ka dirisa jang thelebishene ka kelotlhoko. Dingwe tsa dintlhana tseo di akaretsa tse di latelang.

◼ Rulaganya o bo o lekanyetse nako e o e dirisetsang go leba thelebishene. Tlhoma dinako tse bana ba gago ba ka e lebelelang ka tsone. O se ka wa baya thelebishene mo dikamoreng tsa bana.

◼ Baya mmapa fa thoko ga thelebishene gore bana ba tle ba kgone go leba mafelo a ba a bonang fa ba e lebeletse.

◼ Leba thelebishene le bana ba gago gore o tlhalose dilo tse di jaaka pharologanyo gareng ga tlhamane le boammaaruri. Bana ba bantsi ba dingwaga tse di kafa tlase ga di le lesome ga se ka metlha ba kgonang go farologanya dilo tseno.

◼ Tlosa thelebishene mo lefelong le le mo pepeneneng mo legaeng la gago. Tsenya thelebishene mo kobotlong e e nang le ditswalo. Go tla dira gore go se nne motlhofo go e bulela le go nna ba tswa mo seteisheng se sengwe sa yone go ya go se sengwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela