LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 6/8 ts. 19-23
  • A Thelebishene E go Fetotse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Thelebishene E go Fetotse?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Moraedi Yo Mogolo
  • Thelebishene le Maitsholo
  • Dijo tsa Ditoro Fa Di Bapisiwa le Ditiragalo tsa Mmatota
  • Motšhine O O Tlhotlheletsang
  • Bana ba Lebokose
  • Ke Ka Kgona Jang go Laola Tsela E Ke Lebelelang TV ka Yone?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Laola Thelebishene E Ise E Nne Yone E go Laolang
    Tsogang!—1991
  • Go Laola Tsela ya go Lebelela Thelebishene
    Tsogang!—2006
  • Go Dirisa Thelebishene ka Kelotlhoko
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 6/8 ts. 19-23

A Thelebishene E go Fetotse?

‘MOTSWEDI wa tshedimosetso kaga lefatshe.’ Ke kafa thelebishene e ileng ya tlhalosiwa ka gone. Mo bukeng ya Tube of Plenty—The Evolution of American Television, mokwadi Erik Barnouw o bolela gore mo masimologong a bo 1960, “bontsi jwa batho bo ne bo setse bo tsaya [thelebishene] e le motswedi wa bone wa tshedimosetso kaga lefatshe. Go ne go lebega e neela pono ya lefatshe lotlhe. Ba ne ba tshepa gore e ba fa tshedimosetso e e boammaaruri ebile e feletse.”

Lefa go ntse jalo, pono e o e neelwang ke thelebishene, lesedi, kana letlhakore le o le bonang, di laolwa ke batho bao ba tlhagisang mananeo a ditshwantsho a thelebishene. Dilo tse di ntseng jalo di bopa ka tsela e e boitshegang kafa o ikutlwang ka gone mmogo le diphetso tsa gago kaga seo o se lebeletseng. Le eleng dikgaso tsa dikgang le dipego tsa nnete tseo di sa yeng ka maikutlo a batho gotlhelele le tsone di ka dirisiwa fela jalo, go sa kgathalesege gore bao ba di dirisang ba ka tswa ba sena maikaelelo ape a a ntseng jalo.a

Moraedi Yo Mogolo

Lefa go ntse jalo, gantsi batho ba ba laolang thelebishene ba a bo ba leka ba sa dikadike gore ba tlhotlheletse babogedi. Ka sekai, babapatsi ba na le kgololesego e e batlang e le e e feletseng ya gore ba dirise didirisiwa tsotlhe tse di gogelang tseo di leng mo thateng ya bone go di dirisa gore ba go raele gore o nne le moya wa go batla go reka. E ka nna mmala. Mmino. Batho ba maratwagolejwa. Dilo tse di tsosang keletso ya go tlhakanela dikobo. Mafelo a mantlentle. Dilo tseo ba ka di dirisang di dintsi, mme ba di dirisa ka botswerere.

Mongwe yo o kileng ya ne e le mokaedi wa tsa papatso o ne a kwala jaana kaga dingwaga tse 15 tseo a di nnileng mo lephateng leo: “Ke ithutile gore go ka kgonega gore o dirise metswedi ya dikgang [e e tshwanang le thelebishene jaana] gore o buele ka tlhamalalo mo ditlhogong tsa batho mme go tswa foo, jaaka ramaselamose yo o nang le nonofo e e fetang ya motho fela, o bo o tlogela dikakanyo mo teng ga tsone eleng dikakanyo tse di ka dirang gore batho ba dire dilo tseo ba neng ba ka se ke ba akanye le go akanya go di dira.”

Go ne go setse go bonala ka bo 1950 gore thelebishene e na le nonofo e e boitshegang jaana mo bathong. Madirelo mangwe a ditlolamolomo ao a neng a bona R125 000 ka ngwaga a ne a simolola go bapatsa mo thelebisheneng ya U.S. E ne ya re mo dingwageng tse pedi, thekiso ya gola thata ya fitlha kwa go R11 750 000 ka ngwaga! Banka nngwe e ne ya re ka tshoganetso fela morago ga e sena go bapatsa ditirelo tsa yone mo lenaneong lengwe la thelebishene le le ratwang ke basadi ya gobelelwa madi a a bewang mo bankeng a a kana ka R37 500 000.

Gompieno, ka kakaretso Moamerika o lebelela mananeo a papadi a feta 32 000 ngwaga mongwe le mongwe. Dipapatso tseo di sola maikutlo molemo ka go a tlhotlheletsa ka tsela e e raelang. Jaaka fa Mark Crispin Miller a ne a kwala mo go Boxed In—The Culture of TV: “Ke boammaaruri gore re tlhotlhelediwa go dira dilo ke seo re se lebelelang. Dipapatso tse di tsenelelang mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi di re tlhotlheletsa di sa kgaotse.” O oketsa ka go re, tlhotlheletso eno, “e kotsi lebaka la konokono la seno e le ka gonne gantsi go bokete go e bona mme ka jalo ga e kitla e retelelwa go fitlhelela re ithuta kafa re ka e lemogang ka gone.”

Mme lefa go ntse jalo thelebishene e rekisa se se fetang ditlolamolomo, maikutlo a sepolotiki, le dilo tsa setso fela. Gape e rekisa maitsholo—kana go tlhoka maitsholo.

Thelebishene le Maitsholo

Ke batho ba sekae bao ba neng ba ka gakgamala fa ba utlwa gore tlhakanelodikobo e bontshiwa kgapetsakgapetsa go ya pele mo thelebisheneng ya Amerika. Patlisiso nngwe eo e neng ya gatisiwa mo go Journalism Quarterly ka 1989 e ne ya fitlhela gore mo diureng tse 66 tsa nako ya fa thelebishene e lebeletswe ke batho ba le bantsi, go ne go na le makgetlo a le 722 a go neng go na le boitshwaro jwa kafa dikobong mo go one, ekane go buiwa sengwe se se amanang najo, go buiwa kaga jone, kana bo bontshiwa totatota. Dikai tsa seno di ne di akaretsa go kgoma mo go tsosang keletso ya tlhakanelodikobo le yone tlhakanelodikobo ka boyone, go phaphamisa dirwe tsa bonna le bosadi, bosodoma, le go tlhakanela dikobo le ba o atamalaneng nabo ka losika. Ka kakaretso go ne go na le makgetlo a le 10,94 ura nngwe le nngwe!

United States ga e nosi mo kgannyeng eno. Mananeo a thelebishene ya Fora a ditshwantsho a bontsha ka tlhamalalo tlhakanelodikobo ya mokgwa o o sa tlwaelegang wa go batla go utlwisa botlhoko. Mo thelebisheneng ya Italy go bontshiwa batho ba itsola diaparo ka iketlo. Thelebishene ya bosigogare ya Spain e bontsha mananeo a ditshwantsho a a bontshang bothubaki le go tsosa dikeletso tsa go tlhakanela dikobo. Di dintsi ga se tseno fela.

Bothubaki ke mofuta o mongwe wa boitsholo jo bo maswe mo thelebisheneng. Kwa United States, mokanoki mongwe wa thelebishene wa makasine wa Time erile bosheng jaana a baka “dilo tse di tshegisang mme di boifisa” tseo di neng di le mo setlhopheng sengwe sa mananeo a a tshosang. Motseletsele oo o ne o na le dikarolo tseo mo go tsone batho ba neng ba kgaolwa ditlhogo, ba segwa dirwe tsa mmele, ba kokotelwa mo dikoteng, le go tsenwa ke moya wa bodimona. Gone ke boammaaruri, bothubaki jo bontsi jo bo bontshiwang mo thelebisheneng ga bo tshose thata jalo—ebile go motlhofo gore motho a se ka a bo tsaya ka masisi. E ne ya re bosheng jaana fa go ne go bontshiwa thelebishene ya mafatshe a Bophirima mo motseng mongwe o o kwa thoko kwa Côte d’Ivoire, kwa Afrika Bophirima, monnamogolo mongwe yo o neng a akabetse o ne a botsa jaana a sena mafoko: “Ke ka ntlha yang fa basweu ba aga ba tlhabana ka dithipa, ba hulana ka ditlhobolo le go itaana ka mabole ka metlha jaana?”

Gone ke boammaaruri, karabo ke gore barulaganyi le baetleetsi ba thelebishene ba batla go bontsha babogedi seo babogedi ba batlang go se bona. Bothubaki bo ngoka babogedi. Tlhakanelodikobo le yone fela jalo. Ka jalo thelebishene e bontsha selekanyo se se lekaneng sa nngwe le nngwe ya tsone—mme lefa go ntse jalo eseng go le gontsi ka bonako, babogedi ba ka tla ba tenega. Jaaka fa Donna McCrohan a ne a tlhalosa seno mo go Prime Time, Our Time: “Bontsi jwa mananeo a a tumileng a ditshwantsho a akaretsa matlhapa a le mantsi ka mo go ka kgonegang ka gone, tlhakanelodikobo, bothubaki, kana yone kgang e e bontshiwang; mme go tswa foo, fa mananeo ano a setse a fitlhile mo selekanyong sa dilo tseno se go tlwaelegileng go ema ka sone, a a se tlola go fitlhelela batho ba tlwaela go tlola selekanyo jalo. Kgabagare, setšhaba se iketleeletsa selekanyo se sesha.”

Ka sekai, kgang ya bosodoma e kile ya ne e lejwa e le go tlola “selekanyo” sa dilo tse di siameng mo thelebisheneng. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re fela fa babogedi ba setse ba bo tlwaetse ba bo ba iketleeletsa go amogela se se fetang seo. Mokwadi mongwe wa dikgang wa Fora o ne a re: “Gompieno ga go na morulaganyi ope wa mananeo yo le ka motlha a ka bontshang bosodoma e le sengwe se se duleng mo tseleng . . . Go na le moo se se duleng mo tseleng ke setšhaba mmogo le go gana ga sone dilo tse di rileng.” Erile ka 1990 mo thelebisheneng ya Amerika, go ne ga bontshiwa phatlalatsa e le lantlha ‘lenaneo la thelebishene la bosodoma’ mo ditoropong di le 11. Lenaneo leo le ne la bontsha dikarolo tse mo go tsone banna ba neng ba robetse mmogo mo bolaong. Morulaganyi wa lenaneo leo la ditshwantsho o ne a bolelela makasine wa Newsweek gore dikarolo tse di ntseng jalo di ne di dirilwe ke basodoma ba di diretse go “bolaya maikutlo a setšhaba gore batho ba tle ba lemoge gore re tshwana fela le mongwe le mongwe.”

Dijo tsa Ditoro Fa Di Bapisiwa le Ditiragalo tsa Mmatota

Bakwadi ba patlisiso nngwe e e begilweng go Journalism Quarterly ba ile ba bontsha gore ereka thelebishene e le monka e sekeng e bontsha ditlamorago tsa go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang, “go tswelela e tlhatlhelela batho ka dikakanyo tse di tsosang maikutlo a tlhakanelodikobo” go tshwana fela le go tswa letsholo la go neela batho tshedimosetso e e phoso. Ba ne ba tsopola patlisiso e nngwe eo e neng ya konela ka go re mananeo a thelebishene a neela molaetsa ono segolobogolo: Tlhakanelodikobo ke ya balekane ba ba sa nyalanang, mme ga go na ope yo e ka mo tsenyang bolwetsi.

A o itse lefatshe le ntse jalo? Tlhakanelodikobo e e dirwang pele ga lenyalo mme go sena go ima ga bana ba dingwaga tsa bolesome kana malwetsi a a anamisiwang ka tlhakanelodikobo? Bosodoma le go tlhakanela dikobo le batho ba bong bongwe le bongwe fela mme go sena poifo ya go tsenwa ke AIDS? Bothubaki le tshenyako tseo mo go tsone bagaka ba tswang ba fentse mme dikebekwa di nyenyefaditswe—mme lefa go ntse jalo se se gakgamatsang e le gore gantsi ga ba gobale ka bobedi jwa bone? Thelebishene e bontsha lefelo leo mo go lone ditiro di relelang fela go sena ditlamorago dipe gotlhelele. Melao ya segakolodi, ya boitsholo, le ya boikgapo e emisediwa ke molao wa go batla go ikgotsofatsa kwantle ga go dia nako.

Go phepafetse he, gore thelebishene ga se “motswedi wa tshedimosetso kaga lefatshe”—bobotlana e seng wa lefatshe la mmatota. Ebile tota, buka nngwe ya bosheng jaana eo eleng kaga thelebishene e bidiwa The Unreality Industry, (Madirelo A Dilo Tse Eseng tsa Mmatota). Bakwadi ba yone ba bolela gore thelebishene e “fetogile sengwe sa dilo tse di maatla go gaisa mo matshelong a rona. Diphelelo tsa seo ke gore thelebishene ga e tlhalose dilo tse eleng tsa mmatota fela, mme lefa go ntse jalo selo sa botlhokwatlhokwa mme ebile se tshwenya ke gore, thelebishene e tlosa pharologanyo ka boyone, eleng molelwane ka boone, eo eleng teng fa gare ga dilo tsa mmatota le tseo eseng tsa mmatota.”

Mafoko ano a ka utlwala e le go tshosa fela go go sa reyeng sepe mo bathong bao ba akanyang gore tlhotlheletso ya thelebishene e ka se ba dire sepe. Bangwe ba bolela gore, ‘Ga ke dumele sengwe le sengwe seo ke se bonang.’ Gone ke boammaaruri, re ka nna ra bo re na le tshekamelo ya go se tshepe thelebishene. Mme lefa go ntse jalo baitseanape ba tlhagisa gore mokgwa ono wa go nna le dipelaelo tse di itlelang fela o ka nna wa se ka wa re sireletsa mo ditseleng tse di boferefere tseo thelebishene e di dirisang mo maikutlong a rona. Jaaka fa mokwadi mongwe a ne a tlhalosa: “Lengwe la maano a a atlegang thata a thelebishene ke gore le ka motlha ga e ke e bo e upolola gore totatota e ama jang tsela eo tlhaloganyo ya rona e dirang ka gone.”

Motšhine O O Tlhotlheletsang

Go ya ka 1990 Britannica Book of the Year, Baamerika, ka kakaretso, ba lebelela thelebishene diura tse supa le metsotso e le mebedi letsatsi le letsatsi. Phopholetso nngwe e e dirilweng ka kelotlhoko go na le eo e a re ke mo e ka nnang diura tse pedi ka letsatsi, mme lefa go ntse jalo seo e ntse e ka nna dingwaga tse supa tsa botshelo jotlhe jwa motho a lebeletse thelebishene! Go lebelela thelebishene ka nako e ntsi jalo go ne go ka tlhoka jang go ama batho?

Ga se gantsi go lebegang go gakgamatsa fa re bala kaga batho bao ba nang le bothata jwa go bona pharologanyo fa gare ga thelebishene le dilo tsa mmatota. Patlisiso nngwe eo e neng ya gatisiwa go lekwalopaka lwa Borithane lwa Media, Culture and Society e ne ya fitlhela gore thelebishene eleruri e tlhotlheletsa batho bangwe gore ba nne le “pono e nngwe kaga lefatshe la mmatota,” e ba dira gore ba akanye gore dilo tseo ba eletsang gore e ka bo e le tsa mmatota ke tsone dilo tsa mmatota. Dipatlisiso tse dingwe, jaaka tseo di kgobokantsweng ke U.S. National Institute of Mental Health, go lebega di ema diphitlhelelo tseno nokeng.

Ereka thelebishene e tlhotlheletsa dikakanyo tse di anameng tse di malebana le dilo tsa mmatota, e ne e ka tlhoka jang go tlhotlheletsa matshelo ka boone a batho le ditiro tsa bone? Jaaka fa Donna McCrohan a kwala jaana mo go Prime Time, Our Time: “Fa lenaneo lengwe le le lejwang e le leo le a phalang otlhe la ditshwantsho le tlola meila kana ditekanyetso tsa mafoko a re ka a dirisang, re ikutlwa re gololesegile le go feta gore le rona re e tlole. Ka tsela e e tshwanang, re a tlhotlheletsega fa . . . go nna matlhomatlho e le selo se se amogelesegang, kana fa motsayakarolo mongwe yo o maatla a bolela malebana le kafa a dirisang di-condom ka teng. Mo lekgetlong lengwe le lengwe, thelebishene e dira—ka bonya ka bonya—jaaka seipone seo se re bontshang batho bao re ka dumelang gore re bone, mme ka jalo ka kakaretso re bo re fetoga bone batho bao.”

Eleruri, motlha wa thelebishene o ne wa nna gone ka nako e le nngwe fela le go gola ga boitsholo jo bo maswe le bothubaki. A ke go diragalela gongwe fela go go sa reyeng sepe? Go ka seke go reye jalo. Patlisiso nngwe e ne ya bontsha gore dipalo tsa bokebekwa le bothubaki mo mafatsheng mangwe a le mararo di ne tsa oketsega fela fa thelebishene e sena go tlisiwa mo go nngwe le nngwe ya dinaga tseno. Koo thelebishene e tseneng teng pele, dipalo tsa bokebekwa di ne tsa gola teng pele.

Se se gakgamatsang ke gore, thelebishene ebile ga e dire jaaka selo sa boitlosobodutu sa go itapolosa jaaka ba le bantsi ba akanya. Dipatlisiso tseo di neng tsa dirwa go dirisiwa batho ba le 1 200 mo lobakeng lwa dingwaga tse 13 di ile tsa fitlhela gore mo gare ga mefuta yotlhe ya dilo tsa boitlosobodutu, go lebelela thelebishene e ne e le sa bofelo mo go tsone se se neng se ka lapolosa batho. Go na le moo, e ne e atisa go dira gore babogedi ba sale ba nyemile moko mme lefa go le jalo ba tshwenyegile mo mogopolong ebile ba sa kgone go tlhoma mogopolo mo go se ba se dirang. Go e lebelela ka nako e telele ke gone segolobogolo go neng go dira gore batho ba sale ba sulafetse maikutlo go feta fa ba ne ba simolola go e lebelela. Phapaanong le seo, go bala go ne go dira gore batho ba sale ba lapologetswe, ba ikutlwa botoka, ebile ba kgona go tlhoma mogopolo botoka mo go seo ba se dirang!

Mme lefa go ntse jalo go sa kgathalesege gore go bala buka e e monate go ka tswa go aga go le kana kang, thelebishene, legodu le le boferefere leo la nako e ka nna ya dira motlhofo fela gore batho ba tlhokomologe dibuka. E ne ya re fa thelebishene e ne e tsena mo New York City lantlhantlha, dilaeborari tsotlhe e ne ya re go ise go ye kae tsa bega kwelotlase mo dibukeng tse di adimiwang. Gone ke boammaaruri, seno ga se reye gore batho ba tloga ba lesa go bala. Lefa go ntse jalo, ga twe batho gompieno ga ba sa tlhole ba le pelotelele fa ba bala, go bolelwa gore ba felelwa ke kgatlhego fa ba sa tlhatlhelelwa ka ditshwantsho tse ba di bonang ka matlho tse di phatsimakang. Dipalopalo le dipatlisiso di ka nna tsa se ka tsa supela dipelaelo tse di ntseng jalo tse di sa tlhamalalang. Lefa go ntse jalo, re latlhegelwa ke eng malebana le botho jwa rona le go ikgalemela ga rona fa re ikaega ka go gobelelwa ka iketlo ka boitlosobodutu jwa thelebishene joo bo diretsweng gore, motsotso o mongwe le o mongwe o o fetang, bo gape tlhokomelo lefa e ka nna ka selekanyo se se khutshwane go le kana kang?

Bana ba Lebokose

Lefa go ntse jalo, kgang eno e e amanang le thelebishene e nna e e potlakileng eleruri fa go tliwa kafa baneng. Ka kakaretso, sengwe le sengwe seo thelebishene e ka nnang ya se dira mo batsading, kwantle ga pelaelo e ka se dira mo baneng—mme fela e se dira go feta moo mo go bone. Kana gone, go motlhofo mo baneng gore ba dumele mo dilong tse e seng tsa mmatota tseo ba di bonang mo thelebisheneng. Pampiri ya dikgang ya Jeremane e go tweng Rheinischer Merkur/Christ und Welt e ne ya tsopola patlisiso nngwe ya bosheng jaana eo e neng e bolela gore gantsi bana “ga ba kgone go bona pharologanyo fa gare ga dilo tsa mmatota le tseo ba di bonang mo thelebisheneng. Ba tsaya gore seo ba se bonang mo dilong tse e seng tsa mmatota ke karolo ya dilo tsa mmatota.”

Dipatlisiso tse di fetang 3 000 kgakala tseo di dirilweng ka masomesome a dingwaga di ile tsa ema nokeng phetso ya gore mananeo a bothubaki mo thelebisheneng a ama bana le bana ba dingwaga tsa bolesome ka tsela e e sa siamang. Makgotla a a itsegeng a a tshwanang le American Academy of Pediatrics, National Institute of Mental Health, le American Medical Association otlhe a dumela gore mananeo a bothubaki a thelebishene a lere borumolang le boitshwaro jo e seng jwa setho mo baneng.

Dipatlisiso di ile tsa tlhagisa diphelelo tse dingwe tse di tshwenyang. Ka sekai, go nona mo go feteletseng ga bana go ile ga nyalanngwa le go lebelela thelebishene mo go feteletseng. Go lebega go na le dilo di le pedi tse di bakang seno. (1) Nako e e senngwang go sa dirwe sepe fa pele ga lebokose e tseela nako e e ka bong e senngwa mo go tshamekeng sebaka. (2) Batho ba ba rekisang mo thelebisheneng ba dira tiro ya go rekisetsa bana dijo tse di mafura tse di senang mosola o o kalo mo go otleng mmele e le tiro eo matswela a yone a ka swelwang molemo fela go sa iwe kgakala. Dipatlisiso tse dingwe di ile tsa akantsha gore bana bao ba lebelelang thelebishene mo go feteletseng ba nna le maduo a a kwa tlase kwa sekolong. Lemororo go ganetsanwa thata ka phetso eno, makasine wa Time e ne ya re bosheng jaana wa bega gore dingaka tsa tlhaloganyo le barutabana ba le bantsi ba pega thelebishene molato wa go bo go na le kwelotlase e kgolo mo bokgoning jwa bana jwa go bala le mo maduong a bone a kwa sekolong.

Mme gape, nako ke ntlha ya botlhokwa. Ka kakaretso ngwana wa Moamerika fa a tla go aloga mo sekolong se segolwane, o a bo a sentse diura di le 17 000 a le fa pele ga thelebishene fa kwa sekolong gone a sentse diura di le 11 000. Mo baneng ba le bantsi, go lebelela thelebishene ke yone tiro ya konokono ya fa ba itapolositse mme fa gongwe ke yone fela tiro ya konokono ya bone. Buka ya The National PTA Talks to Parents: How to Get the Best Education for Your Child e akgela gore sephatlo sa bana botlhe ba lokwalo lwa botlhano (bana ba dingwaga tse some) ba senya metsotso e le mene ka letsatsi ba bala kwa gae, mme lefa go ntse jalo ba senya e le 130 ba lebeletse thelebishene.

Sa bofelo, gongwe ke ba sekae fela bao ba neng ba ka ganela ka tlhoafalo gore thelebishene e tlisetsa bana mmogo le batsadi dikotsi tsa mmatota. Mme lefa go ntse jalo seo se raya eng? A batsadi ba tshwanetse ba thibela go lebelelwa ga thelebishene mo lapeng? A batho ka kakaretso ba tshwanetse ba itshireletsa mo tlhotlheletsong ya yone ka go e latlha kana go e baya mo setorong?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo se se reng “Can You Really Believe the News?” (A Tota O Ka Dumela Dikgang?) mo tokololong ya August 22, 1990, ya Awake!

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 21]

“Ke ka ntlha yang fa basweu ba aga ba tlhabana ka dithipa, ba hulana ka ditlhobolo le go itaana jaana?”

[Setshwantsho mo go tsebee 23]

Tima thelebishene, mme o bulele dibuka

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela