LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 6/8 ts. 24-25
  • Laola Thelebishene E Ise E Nne Yone E go Laolang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Laola Thelebishene E Ise E Nne Yone E go Laolang
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go E Laola
  • Morutisi wa Gago Ke Mang?
  • Ke Ka Kgona Jang go Laola Tsela E Ke Lebelelang TV ka Yone?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • A Thelebishene E go Fetotse?
    Tsogang!—1991
  • Go Laola Tsela ya go Lebelela Thelebishene
    Tsogang!—2006
  • Go Dirisa Thelebishene ka Kelotlhoko
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 6/8 ts. 24-25

Laola Thelebishene E Ise E Nne Yone E go Laolang

THELEBISHENE e ka nna le maatla a a seng kana ka sepe. Ka nako ya fa madirelo a Amerika a thelebishene a ne a rotloetsa merafe e e tlhabologang gore e nne le thelebishene, a ne a dira gore merafe eo e nne le kakanyo ya selo sengwe se se molemolemo seo se neng se tla tlisiwa ke thelebishene. Dinaga di ne di tla fetolwa go nna mafelo a borutelo, mo eleng gore le mafelo a a kwa thokothoko a ne a tla lebelela mananeo a a rutang kaga dilo tse di botlhokwa tse di tshwanang le mekgwa ya temo, tshomarelo ya mmu, le thulaganyo ya pelegi ya lelapa. Bana ba ne ba ka ithuta physics le chemistry mme ba solegelwe molemo ke go ananya dilo tsa setso le batho ba ba oketsegileng.

Gone ke boammaaruri, bontsi jwa dikakanyo tse di ntseng jalo di ile tsa nyelela fa go ne go simolola go bonala seo papadi ya thelebishene tota e leng sone—mme legale tsa se ka tsa nyelela tsotlhe. Le eleng Newton Minow, modulasetulo wa Federal Communications Commission yo o neng a bitsa thelebishene a re ke “thotobolo e kgolo,” e ne ya re mo go yone puo eo ya 1961 a dumela gore gone thelebishene e na le dilo tse dikgolo tseo e di fitlheletseng ebile go na le dilo di le dintsi tse di monate tse di ntshang bodutu tseo e nang le tsone.

Eleruri go santse go ntse jalo le gompieno. Dikgaso tsa dikgang tsa thelebishene di dira gore re nne re itse ka ditiragalo tse di diragalang mo lefatsheng. Mananeo a thelebishene a dilo tsa tlholego a re fa lesedi kaga dilo tseo re neng re ka se ke re tsamaye re di bone fa e ne e se ka yone: bontlentle jwa nonyane e go lebegang okare e shapa mo moeng, ka jaana setshwantsho sa yone se gasiwa ka mokgwa wa go bontsha ditiragalo ka bonya thata go na le jaaka di ne di direga; kana dithunya di ntse di tshikinyegatshikinyega ka tsela e e sa tlwaelegang di tserwe setshwantsho ka mokgwa wa go fefosa dilo tse di diragetseng ka iketlo, di biloga mo mmung ka mebalabala ya tsone. Go tswa foo go na le ditiragalo tsa setso, tse di tshwanang le mmino wa ballet, mmino wa symphony, le mmino wa opera. Gape go na le metshameko, mananeo a ditshwantsho, le mananeo a mangwe—mangwe a raraane ebile a a sedimosetsa, a mangwe e le a boitlosobodutu fela jo bo monate.

Go na le mananeo a a rutang a a diretsweng bana. National Institute of Mental Health e bega gore fela jaaka fa bana ba ka kgona go ithuta borumolang mo mananeong a bothubaki a thelebishene, gape ba ka ithuta go nna le botho, go nna botsalano, le go nna boikgapo ba latela dikao tse di molemo tsa thelebishene. Mananeo a a bontshang gore go tshwanetswe ga dirwa eng fa go na le kotsi a ile a bo a boloka matshelo a bana. Ka jalo, Vance Packard o kwala jaana mo go Our Endangered Children: “Batsadi ba ba tenegileng kana ba ba fedileng pelo bao ba bayang dithelebishene tsa bone mo setorong gongwe ba bo ba feteletsa dilo, kwantle ga fa e le gore ba na le seemo se se sa laolegeng ka bana ba bone.”

Go E Laola

Go phepafetse gore, ekane re bua ka bagolo kana ka bana, tharabololo ke yone eo—go e laola. A re laola thelebishene, kana thelebishene ke yone e re laolang? Jaaka fa Rre Packard a akantsha, mo go bangwe tsela e le nngwe fela ya go laola thelebishene ke go e tlosa. Mme lefa go ntse jalo ba bangwe ba le bantsi ba bone ditsela tse ba ka laolang thelebishene ka tsone mme ba ntse ba dirisa dilo tsa yone tse di mosola. Go latela dikakantsho di le mmalwa.

✔ Mo bekeng e le nngwe kana tse pedi, kwala rekoto ka kelotlhoko ya sebaka seo se tsewang ke ba lelapa la gago le lebeletse thelebishene. Tlhakanya diura kwa bokhutlong jwa lobaka loo mme o ipotse gore a go mosola go lebelela thelebishene ka nako e e kalo.

✔ Lebelela mananeo a thelebishene—eseng go lebelela thelebishene fela ka boyone. Tlhola mananeo a thelebishene mo a kwadilweng teng go bona gore a go na le sengwe se se mosola go ka se lebelela.

✔ Beela nako kwa thoko o bo o e sireletse ya gore lo kgone go tlotla jaaka lelapa ka yone le go nna mmogo.

✔ Baitseanape bangwe ba tlhagisa gore bana kana bana ba basha ba dingwaga tsa bolesome ba se ka ba letlelelwa go nna le thelebishene mo diphaposing tsa bone. Batsadi ba ka go fitlhela go le bokete go laola seo ngwana a se lebelelang.

✔ Fa e le gore o ka kgona go reka VCR (videocassette recorder), e ka thusa. Ka go hira di-videotape tse di siameng kana ka go gatisa mananeo a a nang le mosola o bo o a lebelela ka nako e e tshwanelang, o ka dirisa VCR go laola seo se leng mo thelebisheneng ya gago—le gore thelebishene e bulelwe leng. Lefa go ntse jalo, tlhagiso ke e. Fa e sa laolwe, VCR e ka nna ya oketsa nako eo e senngwang fa pele ga thelebishene kana ya bulela mananeo a boitsholo jo bo maswe tsela.

Morutisi wa Gago Ke Mang?

Motho o tshwana fela le motšhine o o ithutang. Dirwe tsa rona tsa kutlo di nna di ntse di anya tshedimosetso, di romela boboko jwa rona tshedimosetso e e seng kana ka sepe e e fetang dikarolwana tse 100 000-000 tsa yone motsotswana o mongwe le o mongwe. Re ka kgona go laola bontsi jwa tshedimosetso eo go ya bokgakaleng jo bo rileng ka go dira phetso ya gore re tla tsenya eng mo dirweng tsa rona tsa kutlo. Jaaka fa kgang ya thelebishene e bontsha seno ka mo go phepafetseng, mogopolo le moya wa motho di ka kgotlelwa ga motlhofo fela ke seo re se lebelelang jaaka mmele o ka kgotlelwa ke seo re se jang kana seo re se nwang.

Re tla ithuta jang kaga lefatshe le le re dikologileng? Re tla tlhopha metswedi efe ya tshedimosetso? Ke mang kana ke eng seo se tla nnang morutisi wa rona? Mafoko a ga Jesu Keresete a fa kgopolo e e dirang gore motho a akanye mabapi le ntlha eno: “Morutwa ga a mogolo go feta morutisi wa gagwe, mme mongwe le mongwe yo o rutuntshitsweng sentle o tla tshwana le morutisi wa gagwe.” (Luke 6:40, New International Version) Fa re senya nako e ntsi thata re dirile thelebishene morutisi wa rona, re ka nna ra simolola go e etsa—eleng ka go dirisa ditekanyetso tsa yone tsa boitsholo le ditekanyetso tse dingwe tseo e tlang ka tsone. Jaaka fa Diane 13:20 e tlhalosa: “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.”

Le eleng fa thelebishene e sa tlise batho ba ba dieleele kana ba ba nang le boitsholo jo bo maswe mo magaeng a rona, e ntse e tlhaela sengwe sa botlhokwatlhokwa. Ke lemmenyana fela la seo se supiwang mo thelebisheneng seo le go simolola se ka simololang go lebisa tlhokomelo mo sengweng se se tlhokwang ke motho mongwe le mongwe: eleng seo re se tlhokang semoyeng. Thelebishene e ka nna ya bo e kgona tota go bontsha kafa lefatshe le leng mo masweng a a hutsafatsang ka gone, mme lefa go ntse jalo e dira eng go re bolelela gore ke ka ntlha yang fa go lebega motho a sa kgone go ipusa jaana? E ka nna ya bo e kgona go re bontsha bontle jwa popo, mme lefa go ntse jalo e dira eng go re gogela kwa Mmoping wa rona? E ka kgona go re bontsha dikhutlo tse nnè tsa lefatshe, mme lefa go ntse jalo a e ka re bolelela gore a motho o tla tsamaya a tshela teng ka kagiso?

Ga go na “motswedi ope wa tshedimosetso kaga lefatshe” o o feletseng fa o sa re arabele dipotso tse di ntseng jalo tsa botlhokwa tsa semoya. Seo ke sone tota se se dirang gore Bibela e nne tlhotlhwakgolo jaana. Ke “motswedi wa tshedimosetso kaga lefatshe” go ya kafa Mmopi wa rona a lebang dilo ka gone. E diretswe gore e re thuse go tlhaloganya seo re se tshelelang mo botshelong le go re fa tsholofelo e e tiileng kaga isagwe. Dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di tshwenyang tota kaga botshelo di ka bonwa motlhofo fela mo go yone. Di mo ditsebeng tse di gapang maikutlo tsa Bibela di emetse go balwa.

Mme lefa go ntse jalo fa re sa laole thelebishene, nako re tla e bona kae?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela