LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/10 ts. 21-31
  • Motlotlo wa Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlotlo wa Lelapa
  • Tsogang!—2010
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A e Ne e Le Tshwetso e e Siameng?
  • O ITSE ENG KA MOAPOSETOLOI JOHANE?
  • BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO
  • TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO
  • DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2008
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2010
g 9/10 ts. 21-31

Motlotlo wa Lelapa

A e Ne e Le Tshwetso e e Siameng?

Bala Mareko 12:41-44. Jaanong lebelela setshwantsho mme o bo o kwala dikarabo mo meleng e e fa tlase fano.

1. Matlole a madi a ne a beilwe fa kae?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mareko 12:35; 13:1.

․․․․․

2. Le fa gone motlholagadi a ne a latlhetse madinyana fela a se kae, ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a kgatlhilwe ke gone?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mareko 12:28-30.

․․․․․

3. Ke ka ntlha yang fa o ka tlhomamisega gore motlholagadi ga a ka a sotlega, le fa gone a ne a latlhetse “gotlhe mo a itshedisang ka gone”?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mathaio 6:25, 31-33.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

A o akanya gore motlholagadi yono o ne a dirile tshwetso e e siameng? Ke eng fa o araba jalo? Ke eng se se tla diragalang fa o itlwaetsa mokgwa wa go aba ka bopelotshweu?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Luke 6:38; Ditiro 20:35.

O ITSE ENG KA MOAPOSETOLOI JOHANE?

4. A baeteledipele ba bodumedi ba ne ba leba Johane e le mokanoki e bile e le motho yo o setswerere mo puong?

․․․․․

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ditiro 4:13.

5. Johane o ne a neilwe tshiamelo efe e e tlhomologileng?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Tshenolo 1:1-3.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Johane o kwadile dibuka tsa Baebele di le kae? O ka etsa Johane jang?

BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 9 Go na le boitumelo jo bogolo mo go direng eng? Ditiro 20:․․․․

TSEBE 9 Barutwa ba ga Jesu ba lemogiwa ka eng? Johane 13:․․․

TSEBE 21 Kagiso ya Modimo e ka dira eng? Bafilipi 4:․․․

TSEBE 22 Jehofa o gaufi le bomang? Pesalema 34:․․․

● Dikarabo di mo tsebeng ya 21

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31

1. Mo tempeleng.

2. Motlholagadi o ne a naya Modimo sotlhe se a ka kgonang go se ntsha.

3. Modimo o solofetsa go re tlhokomela fa re baya dikgatlhego tsa gagwe kwa pele.

4. Nnyaa. Ba ne ba tsaya gore Johane ga a rutega e bile ke motho fela.

5. O ne a tlhotlhelediwa go kwala dikarolo dingwe tsa Baebele, go akaretsa le buka ya Tshenolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela