A Saense e Supile Gore Ga go Na Modimo?
MOFILOSOFI wa Moboritane e bong Antony Flew o ne a tlotlwa ke balekane ba gagwe ka dingwaga di ka nna 50 ka gonne e le molatolamodimo. Kgatiso ya gagwe e e bidiwang “Theology and Falsification ya 1950 e ne ya nna kgatiso ya filosofi e e neng ya gatisiwa thata mo lekgolong la [bo20] la dingwaga.” Ka 1986 Flew o ne a bidiwa “mongwe wa batshwayadiphoso ba bagolo ba ba neng ba ganetsa tumelo ya gore go na le Modimo kgotsa medimo.” Ka jalo, ka 2004 batho ba le bantsi ba ne ba tshoga fa Flew a ne a itsise gore o fetotse tsela e a lebang dilo ka yone.
Ke eng se se dirileng gore Flew a fetole mogopolo? Lebaka le legolo e ne e le saense. O ne a tlhatswega pelo gore lobopo, melao ya tlholego le botshelo ka bojone ga bo a ka jwa nna gone ka phoso. A tshwetso eo e a utlwala?
Melao ya Tlholego e Nnile Gone Jang?
Paul Davies yo e leng mankge wa fisikisi e bile e le mokwadi o ne a tlhalosa gore saense e dira tiro e ntle mo go tlhaloseng dilo tse re di bonang ka matlho tse di jaaka pula. Mme a re: “Fa go tliwa mo . . . dipotsong tse di jaaka e e reng, ‘Ke eng fa go na le melao ya tlholego?’ saense ga e tlhalose sentle. Dilo tse di fitlheletsweng ke saense ga di a thusa go araba dipotso tseno: bontsi jwa dipotso tse tota di tshwenyang thata ga di ise di arabiwe fa e sa le tlhabologo e simologa mme di sa ntse di re tshwenya le gompieno.”
Ka 2007 Flew o ne a kwala jaana: “Ntlha ya botlhokwa ga se fela gore dilo tsa tlholego di tlhomame, go na le moo, go tlhomama gono go tsamaisana sentle le dipalo, go direga mo lobopong lotlhe e bile ‘go a amana.’ Einstein o ne a re ke ‘bosupi jo bo bonalang sentle jwa botlhale.’ Potso e re tshwanetseng go e ipotsa ke gore go tlile jang gore tlholego e nne ka tsela eno. Ruri eno ke potso e baitsesaense ba ba jaaka Newton, Einstein le Heisenberg ba ileng ba e botsa—le go e araba. Karabo ya bone e ne e le gore ke Mogopolo wa Modimo.”
Eleruri, bontsi jwa baitsesaense ba ba tlotlegang thata ga ba tseye gore go dumela mo go reng go na le Mosimolodi yo o botlhale ke selo se se sa tsamaisaneng le saense. Kafa letlhakoreng le lengwe, ga go utlwale gotlhelele go bolela gore lobopo, melao ya lone le botshelo ke dilo tse di itiragaletseng fela. Dilo tse di diregang letsatsi le letsatsi di re bolelela gore dilo tse di tlhamilweng—segolobogolo dilo tse di dirilweng ka tsela e e raraaneng—di dirilwe ke mongwe.
O Tla Tlhopha Tumelo Efe?
Le fa setlhopha se sesha sa balatolamodimo se bolela gore saense ke yone e e tshegetsang tumelo ya bone, boammaaruri ke gore tumelo ya bolatolamodimo kgotsa ya go dumela mo modimong ga di a theiwa mo saenseng fela. Tsotlhe di akaretsa tumelo—bolatolamodimo ke go dumela gore dilo di itiragaletse fela ga di na bokao; ba ba dumelang mo modimong ba dumela gore go na le Mosimolodi yo o botlhale. Porofesa wa mathemetiki wa kwa Yunibesithing ya Oxford kwa Engelane e bong John Lennox o ne a bolela gore setlhopha seno se sesha sa balatolamodimo se buelela kgopolo ya gore “ditumelo tsotlhe tse di dumelang mo modimong di dumela fela mo go ene di se na mabaka.” Mme o oketsa jaana: “Re tlhoka go gatelela fela thata gore ba phoso.” Ka jalo potso ke gore: Ke tumelo efe e e ka supiwang e le boammaaruri—ya bolatolamodimo kgotsa ya ba ba dumelang mo bodumeding? Ka sekai, akanya kafa botshelo bo simologileng ka gone.
Batho ba ba dumelang gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe, ba dumela gore kgang ya gore botshelo bo simologile kae ke masaitseweng—le fa go na le dikgopolo tse dintsi tse di ganetsanang le seo. Molatolamodimo yo mosha yo o di gogang kwa pele e bong Richard Dawkins, o bolela gore ka ntlha ya dipolanete tse dintsi tse di leng gone mo lobopong, botshelo bo ne bo tshwanetse go tlhaga golo gongwe. Mme baitsesaense ba le bantsi ba ba tlotlegang ga ba tlhomamisege ka seno. Porofesa wa Cambridge e bong John Barrow a re go dumela mo “go iphetogeleng ga botshelo le tlhaloganyo go nna tse dingwe” ga go kgone go tlhalosa “kgato nngwe le nngwe ka botlalo. Go na le ditsela di le dintsi tse botshelo bo ka se kgoneng go iphetogela mo tikologong e e raraneng le e e sa bo siamelang, mo go rayang gore e ne e tla bo e le boikgogomoso go akanya gore fa fela go na le khabone e e lekaneng le nako e e lekaneng, sengwe le sengwe se ka kgonega.”
Mme gape gakologelwa gore botshelo ga se selo se se dirilweng fela ka dielemente tse di farologaneng tsa dikhemikale. Go na le moo, bo theilwe mo tshedimosetsong e e raraaneng ya maemo a a kwa godimo thata, e e tsentsweng mo khouteng ya DNA. Ka jalo, fa re bua ka tshimologo ya botshelo, gape re bua ka tshimologo ya tshedimosetso ya thutotshelo. Ke motswedi ofe o le mongwe wa tshedimosetso o re itseng ka one? Ka bokhutshwane fela ke botlhale. A go ka itiragalela fela gore go nne le tshedimosetso e e raraaneng, e e jaaka thulaganyo ya khomputara, mokgwa wa go dira dipalo wa algebra, buka ya tshedimosetso kgotsa le e leng resepe ya kuku? Ruri go ka se itiragalele fela. Le fa go ntse jalo, fa go tliwa mo tseleng e di raraaneng ka yone le tsela e di dirang ka yone, ga go epe ya dilo tseno e e ka bapisiwang le tshedimosetso e e tsentsweng mo khouteng ya dijini ya dilo tse di tshelang.
Dilo di Itiragaletse Fela—A Seno se Tsamaisana le Saense?
Paul Davies o tlhalosa gore go ya ka balatolamodimo, “lobopo lo ntse jaaka re lo bona, ka tsela ya masaitseweng mme go itiragaletse fela gore go nne le botshelo mo go lone. Balatolamodimo ba re fa lo ka bo lo le ka tsela e nngwe, batho ba ka bo ba seyo mme ba ka se kgone go tlotla ka kgang eno. Lobopo lo ka tswa lo dumalana ka tsela e e sa lemotshegeng kgotsa lo sa dumalane, kgang ke gore ga lo a bopiwa, ga lo na boikaelelo e bile ga go na lebaka lepe fela ka lone—le le ka dirang tlhaloganyo mo go rona.” Davies o tlhalosa jaana: “Mosola wa boikutlo jono ke gore go motlhofo go bo buelela—go motlhofo jaana mo e leng gore e ka nna seipato se se utlwalang” sa go tila boammaaruri.
Mo bukeng ya gagwe ya Evolution: A Theory in Crisis, moithuti wa dimolekhule e bong Michael Denton o ne a swetsa ka gore kgopolo ya gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe “e ntse jaaka molaomotheo wa go ithuta dinaledi go na le gore e nne kgopolo e e masisi . . . ya saense.” Gape o ile a bolela gore thuto ya ga Darwin ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe ke nngwe ya ditlhamane tse dikgolo tsa motlha wa rona.
Boammaaruri ke gore, go bonala e le tlhamane fela go bolela gore sengwe le sengwe se itlhagetse ka bosone fela. Akanya ka seno: Moithutamarope o bona leje le le batlileng le na le dintlha tse di lekanang tse nnè. A ka nna a re popego eo e nnile teng ka boyone fela, e leng selo se se ka tswang se utlwala. Mme morago o bona leje le le betlilweng sentle e le popego ya tlhogo le magetla a motho, tse di bopegileng sentle. A o tla re popego eno e nnile gone ka boyone fela? Nnyaa. Tlhaloganyo ya gagwe e e berekang sentle e mmolelela gore, ‘Mongwe o dirile seno.’ Ka go dirisa mabaka a a tshwanang, Baebele ya re: “Ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) A o dumalana le mafoko ao?
Lennox o kwala jaana: “Fa kitso ya rona ka lobopo lwa rona e ntse e oketsega, kgopolo ya gore go na le Modimo yo e leng Mmopi, yo o dirileng lobopo ka boikaelelo, e nna kgopolo e e utlwalang sentle e e tlhalosang lebaka la go bo re le mono.”
Ka maswabi, sengwe sa dilo tse di dirang gore batho ba nyatse go dumela mo Modimong ke bosula jo bo dirwang ka leina la gagwe. Ka ntlha ya seo, batho bangwe ba ile ba swetsa ka gore go ka nna botoka mo bathong fa go se na bodumedi. Wena o akanya eng?