LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/11 ts. 29
  • Botlhale jo bo Thusang Pelo le Botsogo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botlhale jo bo Thusang Pelo le Botsogo
  • Tsogang!—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Jehofa o Aba Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Dibela Pelo ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Bapala Pelo e e Amogelwang ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Buka ya Bibela ya bo 20—Diane
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 8/11 ts. 29

Botlhale jo bo Thusang Pelo le Botsogo

“Pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi sa senama.”—DIANE 14:30.

“Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi.”—DIANE 17:22.

● Mafoko ao a a motlhofo mme a nonofile a ne a buiwa ke Kgosi Solomone wa Iseraele dingwaga tse di ka nnang dikete di le tharo tse di fetileng.a A mme gone a boammaaruri? Ba tsa kalafi ba motlha wa gompieno ba a reng?

Fa go bapisiwa batho ba ba ritibetseng le batho ba ba galefileng, lokwalopaka lwa Journal of the American College of Cardiology lo bolela jaana: “Dipatlisiso tsa bosheng di bontsha kamano e e kotsi fa gare ga go galefa le go sa nne botsalano le CHD [coronary heart disease] (bolwetse jwa ditshika tsa pelo).” Ka jalo, Journal e bolela jaana: “Go atlega go thibela le go alafa CHD go ka akaretsa . . . e seng fela kalafi e e tlwaelegileng le melemo mme gape le go kgona go laola tlhaloganyo o tlhomile mogopolo mo bothateng jwa go galefa le go sa nne botsalano.” Ka bokhutshwane fela, re ka re pelo e e ritibetseng e dira gore motho a nne le botsogo jo bo siameng, fela jaaka Baebele e bolela.

Boikutlo jo bo siameng jo bo tshwanang le jono bo nna gone fa motho a itumetse. Dr. Derek Cox, yo e leng modiredi wa tsa boitekanelo kwa Scotland, o ne a bolela jaana mo pegong nngwe ya BBC News: “Fa o itumetse go ka direga gore mo isagweng o se ka wa nna le malwetse a mantsi fa o bapisiwa le batho ba ba sa itumelang.” Yone pego eo e ne ya bolela jaana: “Gape batho ba ba itumetseng ba sireletsegile thata mo malwetseng a a jaaka bolwetse jwa pelo le seterouku.”

Ke eng fa botlhale jwa ga Solomone—re sa akaretse jwa bakwadi ba bangwe ba Baebele—bo sa ntse bo le mosola le gompieno? Karabo e motlhofo. “Modimo a tswelela a naya Solomone botlhale le tlhaloganyo ka selekanyo se segolo thata.” (1 Dikgosi 4:29) Mo godimo ga moo, botlhale joo bo kwadilwe ka puo e batho botlhe ba e tlhaloganyang gore ba solegelwe molemo botlhe. Mme ke mahala!

Ke eng o sa dire gore go bala Baebele e nne selo se o se dirang letsatsi le letsatsi? Jaaka batho ba le dimilione ba lemogile ka boitumelo gore “fa botlhale bo tsena mo pelong ya gago le kitso e nna monate mo moyeng wa gago, bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse, temogo e tla go dibela.” (Diane 2:10, 11) A seo ga se kgothatse?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Gantsi lefoko “pelo” mo Baebeleng le kaya motho yo o ka fa gare yo o feletseng, go akaretsa maikutlo a gagwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela