LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/11 ts. 18
  • “Kwalela Anton!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Kwalela Anton!”
  • Tsogang!—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2011
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2003
  • Dintlha ka Malapa a Motsadi wa Bobedi a a Atlegileng
    Tsogang!—2012
  • A go Tla Nna le Ntwa ya Lefatshe Lotlhe mo Bogautshwaneng?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 9/11 ts. 18

“Kwalela Anton!”

● Mosha mongwe wa Mosupi wa ga Jehofa yo o mo dingwageng tsa bolesome e bong Anton, o ne a nna kwa motseng o o kgakala o o bidiwang Schelkan kwa Stavropol’ Kray, kwa Russia. Fa e ne e le ngwana go ne ga lemogiwa gore o na le bolwetse jwa Duchenne muscular dystrophy, e leng bolwetse jo bo sa alafegeng jo bo senyang ditshika tsa mmele ka bonako mme gantsi bo bolaya motho pele a nna le dingwaga di le 20. Fa Anton a ne a le dingwaga di le robongwe o ne a sa tlhole a kgona go ema le go tsamaya.

Fa Yevgeny yo o neng a tsamaya le mosadi wa gagwe e bong Diana ba ne ba etetse phuthego ya Basupi, ba ne ba kopana le Anton. Diana o tlhalosa jaana: “Anton o ne a le bokoa thata mo mmeleng, mme o ne a nonofile semoyeng. E re ka mogoloe a ne a bolailwe ke bolwetse jone joo fa a ne a le dingwaga di le 19, Anton o ne a itse gore le ene go ise go ye kae o tlile go swa. Le fa go ntse jalo, o ne a itumetse e bile a na le boikutlo jo bo siameng.”

Diana le monna wa gagwe ba ne ba kgothaletsa Anton gore a oketse bodiredi jwa gagwe ka go kwalela batho ba metse e mengwe e e kgakala makwalo. Ka 2005, o ne a kwala makwalo a le 500 mme a bo a a romela kwa metseng e e gaufi. Le fa go ntse jalo, o ne a kgobiwa marapo ke gore ga a ka a amogela karabo ya lepe la one. Le fa Anton a ne a kgobegile marapo, o ne a tswelela go kwala makwalo mme a rapela ka tlhoafalo a kopa kaelo ya kafa a ka nnang modiredi yo o nang le matswela ka gone, go sa kgathalesege boemo jo a neng a le mo go jone.

Letsatsi lengwe fa Anton a ne a bala lokwalodikgang longwe, o ne a bona lekwalo le le tswang kwa mosading mongwe yo o neng a lwala mme a tlhoka go gomodiwa. Anton o ne a mo kwalela lekwalo, mme bontlhanngwe jwa lekwalo leo bo ne jwa gatisiwa mo go lone lokwalodikgang loo. O ne a kwala jaana: “Le fa bolwetse jwa me bo sa alafege, go bala Baebele go nthusa gore ke lebe isagwe ka tsholofelo. Ke rata go amogela makwalo mme ka metlha ke nna ke a letetse.”

E re ka mosadi yono a ne a amilwe ke lekwalo le a neng a le bala mo lokwalodikgannyeng loo, o ne a kwalela lokwalodikgang loo lekwalo gape. Le ne la gatisiwa mo kholomong e e neng e na le setlhogo se se reng, “Kwalela Anton!” Mosadi yoo o ne a tlhalosa gore o anaanela dintlha tse di kgothatsang tse di ka ga go bala Baebele tse Anton a neng a di kwala mo lekwalong la gagwe mme a oketsa jaana: “A re thuseng Anton! Araba mme o mo kwalele. Lekawana leno le tlhoka mafoko a kgothatso!” Go ne ga neelwa aterese ya ga Anton.

Makwalo a a kwaletsweng Anton a ne a simolola go goroga kwa ofising e nnye ya poso e e kwa motseng wa gaabo mme o ne a amogela mo e ka nnang makwalo a le 30 ka letsatsi! A ne a tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa Russia, mmogo le dinaga tsa Baltic, Jeremane tota le e leng Fora. O ne a amogela makwalo a le makgolokgolo go tswa mo bathong ba ba balang lokwalodikgang loo. Diana o gakologelwa jaana: “Anton o ne a itumetse thata! Jaanong o ne a na le batho ba le makgolokgolo ba a neng a ka ba kwalela le go ba bolelela dilo tse di theilweng mo Baebeleng tse a di dumelang.”

Anton o ne a fetsa mo e ka nnang ngwaga a araba batho ba ba neng ba mo kwalela mme o ne a ba bolelela boammaaruri jwa Baebele. Mme fa nako e ntse e tsamaya, matsogo a gagwe a ne a nna bokoa mme o ne a kopa mongwe gore a mo kwalele makwalo. Ka September 2008, Anton o ne a tlhokafala a le dingwaga di le 20. Le fa Anton a ne a le bokoa mo mmeleng, tumelo ya gagwe le tsela e a neng a rata bodiredi ka yone e ne ya dira gore a nne le ditshono di le dintsi tsa go ama matshelo a batho ba le makgolokgolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela