LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/12 ts. 7-9
  • Dintlha ka Malapa a Motsadi wa Bobedi a a Atlegileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dintlha ka Malapa a Motsadi wa Bobedi a a Atlegileng
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo Botshelo Jwa Rona Bo na Le Bokao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Go Dirisana le Batho ba ba Seng mo Lelapeng la Gago la Bobedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • O Dingwaga Tse di Lekgolo Mme o Santse a Dira ka Natla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Dikgwetlho Tse di sa Tlwaelegang Tsa Malapa a Motsadi wa Bobedi
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 4/12 ts. 7-9

Dintlha ka Malapa a Motsadi wa Bobedi a a Atlegileng

GA RE TLHOLE RE LE BATHO FELA BA BA NNANG MMOGO

Morwadia Philip wa dingwaga tse 20 e bong Elise, o ne a nna mo gae e bile a dira ditiro tse dintsi tsa mo gae. Fa Philip a sena go nyala Louise, a mmè yono wa bobedi o ne a tla dirisana sentle le morwadia Philip?

Louise: Kwa tshimologong re ne re goga bokete. Ke rata go dira ditiro tsa mo gae mme ke ne ke batla go tlhomamisa gore ke nna mmalelapa.

Elise: Louise o ne a rulaganya dilo sesha mo ntlong mme a latlha dilo tsa rona tse dintsi. Nako nngwe ke ne ka phutha mo ntlong mme ka baya dilo dingwe mo di sa tshwanelang go nna teng ka gonne ke ne ke sa tlhole ke itse gore di nna kae. Seno se ne sa kgopisa Louise, mme re ne ra omana ka ba ka fetsa beke yotlhe ke sa mmuise.

Louise: Nako nngwe ke ne ka bolelela Elise jaana, “Ga ke itse gore go tla diragalang fa nako e ntse e tsamaya mme nka se kgone go tshela mo kgogakgoganong eno.” O ne a tla kwa go nna moragonyana mo maitseboeng ao mme a kopa maitshwarelo. Ke ne ka mo tlamparela mme re ne ra lela.

Elise: Louise o ne a tlogela ditshwantsho dingwe tsa me tse ke neng ke di kgwageditse mo loboteng, mme Rre ga a ka a tlosa dipone tse ke neng ke di tsentse mo phaposing ya bonno. Dilo tseno di ka lebega e se tsa sepe, mme go di tlogela ga bone go ne ga dira gore ke ikutlwe ke sa ntse ke le mo gae. Gape ke itumelela tsela e Louise a tlhokomelang kgaitsadiake yo mmotlana ka yone fa a re etetse. Go setse go fetile dingwaga di le pedi jaanong, mme ke simolola go mo tsaya e le karolo ya lelapa la rona tota.

Louise: Ke tsaya gore nna le Elise ga re tlhole re le batho fela ba ba nnang mmogo mme jaanong gape re ditsala tse dikgolo.

‘KUTLWANO E BOTLHOKWA GO GAISA’

Fa Anton le Marelize ba ne ba nyalana dingwaga di le thataro tse di fetileng, mongwe le mongwe wa bone o ne a tla ka bana ba le bararo.

Anton: Re dira dilo mmogo re le lelapa, tse di jaaka go tsaya maeto a go kampa kwa nageng e bile re ipha nako ya go tlotla le ngwana mongwe le mongwe a le esi. Go re tsere dingwaga di le mmalwa gore re ikutlwe re le lelapa mme bontsi jwa mathata a rona a lelapa a rarabolotswe jaanong.

Marelize: Re akanya gore go botlhokwa gore re tseye bana e le “ba rona” e seng “ba gago le ba me.” Ke gopola nako nngwe ke tsosa kgang fa ke ne ke tsaya gore Anton o kgalemetse ngwanake wa mosimane ka tsela e e sa tshwanelang mme a bo a naya morwadie setulo se se ratiwang mo koloing. Ke ne ka lemoga gore kutlwano ya lelapa e botlhokwa go gaisa go nna mo setulong se se kwa pele. Re leka go nna tekatekano le fa re ka se kgone go tshwara mongwe le mongwe ka tsela e e tshwanang kgo.

Gape ke leka go tila go bua ka dinako tse di itumedisang tsa lelapa la rona la pele ka gonne ba ba neng ba seyo ka nako eo ba ka bona e kete re rata lelapa la rona la pele go feta la jaanong. Mo boemong jwa moo, ke bontsha gore ke anaanela lelapa la rona la gone jaanong.

“AKGOLA PELE”

Francis o ne a nyala Cecelia dingwaga di le nnè tse di fetileng. Lelapa la bone le akaretsa bana ba ga Cecelia ba le bararo ba ba godileng le ngwana wa ga Francis wa mosimane wa dingwaga tsa bolesome.

Francis: Ke leka go nna motho yo o atamelesegang le go tila go kgopisega motlhofo. Re ja mmogo ka metlha mme re dirisa nako eno go tlotla re le lelapa. Gape ke kgothaletsa mongwe le mongwe go dira ditiro dingwe tsa mo gae, ka gonne di solegela lelapa lotlhe molemo.

Cecelia: Ke ipha nako ya go nna le mongwe le mongwe wa bana ba rona le go reetsa dilo tse ba di boifang le tse di ba utlwisang botlhoko. Fa re tlotla ka dilo tsa lelapa, re leka go akgola pele go tswa foo re bo re ba kgothaletsa gore ba tokafatse. Mme fa ke dira diphoso, ke a di amogela ke bo ke kopa maitshwarelo go tswa pelong.

O GODISITSWE KE BATSADI BA E SENG BA GAGWE

Yuki, yo o nang le dingwaga di le 20, e sa le a bona rraagwe labofelo fa a ne a na le dingwaga di le tlhano. Moragonyana mmaagwe o ne a nyalwa ke Tomonori mme mmaagwe o ne a tlhokafala fa Yuki a ne a le dingwaga di le lesome. Dingwaga di le tlhano moragonyana fa rraagwe wa bobedi e bong Tomonori a ne a nyala Mihoko, Yuki o ne a iphitlhela a nna le batsadi ba babedi ba e seng ba gagwe.

Yuki: Fa rre wa bobedi a ne a swetsa ka gore a nyale gape, ke ne ka ipolelela jaana: “Ga ke tlhoke mmè wa bobedi. Go setse go nnile le diphetogo tse dintsi mo lapeng.” Ke ne ke sa batle go amogela seemo seno mme ka se ka ka nna botsalano le ene.

Mihoko: Le fa monna wa me a ne a sa mpateletse gore ke rate morwa wa molekane wa gagwe wa pele jaaka a mo rata, ke ne ka swetsa ka gore ke leke go nna le kamano e e molemo le Yuki. Re ne ra dira sotlhe se re ka se kgonang gore thulaganyo ya gagwe e se ka ya fetoga, go akaretsa ditiro tsa semoya, boitapoloso le go ja mmogo maitseboa mangwe le mangwe re bo re tlotla morago ga dijo. Gape ke ne ka mo tlhaloganya botoka morago ga go tlotla le ene ka go tlhokafalelwa ke mmaagwe.

Fa ke ima, re ne re tshwenyegile ka Yuki mme re ne re batla gore a tlhomamisege gore seabe sa gagwe mo lapeng ga se a fetoga. Re ne ra dira gore Yuki a jese ngwana, a mo tlhapise le go mo tsetolola mme re ne re mo akgolela thuso ya gagwe fa pele ga ba bangwe. Itsuki yo mmotlana o rata Yuki thata. Pele a ka ithuta go re “papa” kgotsa “mama,” o ne a setse a itse go re niinii—nkgonne.

Yuki: Fa o le ngwana yo o sa godisiweng ke batsadi ba gago, go tlwaelegile gore o ikutlwe e kete ga go na ope yo o amegang ka wena e bile o kgaphetswe kwa thoko. O ka leka go tlhalosetsa ba bangwe seemo sa gago, mme ba ka se go tlhaloganye. Le fa go ntse jalo, ke itumelela go bo Bakeresete ka nna ba ile ba nkema nokeng tota. Jaanong ga ke tlhole ke na le maikutlo a go se tshepe mmè wa bobedi jaaka pele. O nnaya kgakololo e e molemo mme le nna ke kgona go bua le ene go tswa pelong.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Nna pelotelele! Malapa a motsadi wa bobedi a ka itumela e bile a ka atlega

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela