Motlotlo wa Lelapa
Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?
Bala 1 Samuele 1:24-28; 2:11. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e ka fa tlase. Feleletsa setshwantsho ka go tshwaraganya dikhutlo mme o bo o se tsenya mebala.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
3. ․․․․․
[Setshwantsho]
(Leba kgatiso)
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Batsadi ba ga Samuele ba ne ba batla gore a dirise botshelo jwa gagwe jang? Jehofa o ne a segofatsa Samuele jang?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Samuele 3:19-21.
O ka ipeela mekgele efe gore o tlotle Jehofa?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Moreri 12:13; 1 Timotheo 4:6-8, 12, 13.
DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:
A sa bue sepe, mongwe mo lelapeng a ka itira mongwe wa batho ba ba mo pegong e e fa godimo ya Baebele. Ba bangwe mo lelapeng ba tshwanetse go fopholetsa gore motho yo a mo etsang ke mang.
Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone
Segolola, o bo o mena bontlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka
KARATA YA BAEBELE 14 SAMUELE
DIPOTSO
A. Maina a batsadi ba ga Samuele e ne e le ․․․․․ le ․․․․․.
B. Jehofa o ne a dirisa Samuele go kwala dibuka dife tsa Baebele?
C. Feleletsa mafoko ano a Baebele: “Mme mosimane Samuele a tswelela . . . ”
[Tšhate]
4026 B.C.E. Adame o a bopiwa
O ne a tshela ka dingwaga tsa mo e ka nnang ka 1100 B.C.E.
1 C.E.
98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele
[Mmapa]
O ne a tsholelwa kwa Rama—a fudugela kwa Shilo
Rama
Shilo
Jerusalema
SAMUELE
DITLHA KA GA GAGWE
Batsadi ba gagwe ba ne ba ‘mo adima Jehofa’ mme ba mo kgothaletsa a sa ntse a le monnye gore a dire tirelo ya Modimo tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe. (1 Samuele 1:24, 28) Le fa a ne a bona baperesiti ba ba bosula ba tshwara batho ba bangwe ka tsela e e sa siamang, Samuele o ne a nna a thokgame, a ikanyega e bile a le pelokgale.—1 Samuele 2:22-26; 3:18, 19; 12:2-5, 17, 18.
DIKARABO
A. Elekana le Hana.—1 Samuele 1:19, 20.
B. Baatlhodi, Ruthe le karolo ya Samuele wa Ntlha.
C. “. . . a gola fa pele ga ga Jehofa.”—1 Samuele 2:21.
Batho le Dinaga
4. Maina a rona ke Oskar wa dingwaga di le lesome le Saskia, wa dingwaga di le supa. Re nna kwa Estonia. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Estonia? A ke ba le 2 400, 4 200 kgotsa 6 800?
5. Ke khutlo efe e e bontshang gore re nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Estonia.
A
B
C
D
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Fa o batla go printa dikhopi tse di oketsegileng tsa setlhogo seno sa “Motlotlo wa Lelapa” ya kwa go www.jw.org
● Dikarabo tsa “MOTLOTLO WA LELAPA” di mo tsebe 11
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31
1. Poo e e ntshiwang setlhabelo.
2. Boupe.
3. Nkgo ya beine.
4. 4 200.
5. B.