Motlotlo wa Lelapa
Ke Eng se se Farologaneng?
A o ka kgona go bona dilo tse tharo tse di sa tshwaneng fa gare ga setshwantsho A le setshwantsho B? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano mme o bo o feleletsa ditshwantsho tseno ka go di tsenya mebala.
NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Samuele 16:1-3, 6-13.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
3. ․․․․․
4. Ke setshwantsho sefe se se siameng, a ke setshwantsho A kgotsa setshwantsho B?
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Jehofa o bona eng fa a leba motho? Baebele e kayang fa e re ‘Jehofa o bona pelo’?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Jeremia 17:10.
Tsela e motho a lebegang ka yone ka fa ntle e botlhokwa go le kana kang mo go Jehofa?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Diane 11:22; 31:30; 1 Petere 3:3, 4.
Ke dinonofo dife tse di tla dirang gore o ratege mo matlhong a Modimo?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Luke 10:27; 2 Petere 1:5-8.
DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:
Bala Bagalatia 5:22, 23. Kwala dinonofo tse robongwe mo dipampiring tse di farologaneng. Tlhopha mongwe mo lelapeng mme o mo kgomaretse nngwe ya dipampiri tseno mo mokwatleng. O se ka wa mo letla gore a bone gore go kwadilwe nonofo efe mo go yone. Dira gore motho yoo a leke go fopholetsa gore nonofo eo ke efe ka gore a botse dipotso ka yone. Ba bangwe botlhe mo lelapeng ba ka mo araba fela ka ee kgotsa nnyaa.
Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone
Segolola, o bo o mena bontlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka
KARATA YA BAEBELE 15 DAFIDE
DIPOTSO
A. Dafide le Jesu ba tsholetswe kwa motseng ofe?
B. Fa Dafide a ne a sa le mosimane, e ne e le ․․․․․ yo o neng a bolaya ․․․․․ le ․․․․․ ka bopelokgale.
C. Feleletsa mafoko ano a ga Dafide: “Mme wena Solomone morwaaka, itse . . . ”
[Tšhate]
4026 B.C.E. Adame o a bopiwa
O ne a tshela ka dingwaga tsa mo e ka nnang ka 1000 B.C.E.
1 C.E.
98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele
[Mmapa]
O ne a fuduga go tswa Bethelehema a ya Jerusalema
Jerusalema
Bethelehema
O ne a lwa le Goliathe kwa lebaleng le le kwa tlase la Ela.—1 Samuele 17:2
Lebala le le kwa tlase la Ela
DAFIDE
DINTLHA KA GA GAGWE
Morwa Jese e bile e le Kgosi ya bobedi ya Iseraele. Dafide e ne e le setswerere sa poko le mmino mme o ne a kwala dipesalema di feta 73. O ne a kopa ka boikokobetso gore Jehofa a mo kaele mo botshelong jwa gagwe. (1 Samuele 23:2; 30:8; 2 Samuele 2:1) Jehofa o ne a bitsa Dafide a re ke “monna yo o amogelwang ke pelo ya me.”—Ditiro 13:22.
DIKARABO
A. Bethelehema (kwa Judea).—Johane 7:42.
B. modisa, tau, bera.—1 Samuele 17:34, 35; Pesalema 78:70, 71.
C. “. . . Modimo wa ga rrago mme o mo direle ka pelo e e feletseng.”—1 Ditiragalo 28:9.
Batho le Dinaga
5. Leina la me ke Olivia. Ke na le dingwaga di le thataro mme ke nna kwa Indonesia. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Indonesia? A ke ba le 22 300, 42 800 kgotsa 63 900?
6. Ke khutlo efe e e bontshang gore ke nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Indonesia.
A
B
C
D
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Fa o batla go printa dikhopi tse di oketsegileng tsa setlhogo seno sa “Motlotlo wa Lelapa,” ya kwa go www.jw.org
● Dikarabo tsa “MOTLOTLO WA LELAPA” di mo tsebe 22
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31
1. Mo setshwantshong se sengwe go na le podi mme mo go se sengwe go na le kgomo.
2. Mo setshwantshong se sengwe go na le ngwana wa mosetsana mme mo go se sengwe ga a yo.
3. Go na le modutwana wa beine mo setshwantshong se sengwe mme mo go se sengwe go na le lonaka lo lo tladitsweng ka leokwane.
4. B.
5. 22 300.
6. D.