Motlotlo wa Lelapa
Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?
Bala Johane 2:13-17. Ke dilo dife di le nnè mo setshwantshong seno tse di leng phoso? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano mme o bo o feleletsa setshwantsho ka go se tsenya mebala.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
3. ․․․․․
4. ․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a lelekela banna bano kwa ntle ga tempele?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mareko 11:17.
Ke eng fa go ne go le phoso gore ba bo ba reka e bile ba rekisa mo tempeleng?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Bakorintha 2:17.
Fa re batla go itumedisa Jehofa, re tshwanetse go tlhotlhelediwa ke eng gore re mo direle?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mathaio 22:36-40; 1 Petere 5:2.
DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:
Mo pampiring kwala ka sengwe se o ka se dirang go bontsha gore o rata Jehofa le batho ba bangwe ka lorato lwa bopelotshweu kgotsa o torowe setshwantsho ka sone. Bontsha botlhe ba lelapa la gago pampiri eo mme lo rulaganye nako e lotlhe lo ka dirang tiro eo mmogo ka yone.
Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone
Segolola, o bo o mena bontlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka
KARATA YA BAEBELE 16 TIMOTHEO
DIPOTSO
A. Tlatsa diphatlha tseno. Mmaagwe Timotheo e bong ․․․․․ le mmaagwemogolo e bong ․․․․․ ba ne ba mo ruta “mekwalo e e boitshepo” go tswa ․․․․․.
B. Timotheo yo mosha o ne a amogela taletso efe e e kgethegileng?
C. Paulo o ne a bolela jaana ka Timotheo: “Jaaka ngwana le rraagwe . . .”
[Tšhate]
4026 B.C.E. Adame o a bopiwa ntlha la dingwaga C.E.
O ne a tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.
1 C.E.
98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele
[Mmapa]
O ne a nna kwa Lisetera mme gape o ne a bolelwa molemo ke bakaulengwe ba kwa Ikonio
Lisetera
Ikonio
Jerusalema
TIMOTHEO
DINTLHA KA GA GAGWE
Le fa rraagwe e ne e se modumedi, o ne a nna “sekao sa ba ba ikanyegang, mo go bueng, mo boitshwarong, mo loratong, mo tumelong, mo boitshekong.” (1 Timotheo 4:12) O ne a dirisa kgakololo eno ya Baebele: “Ithapise, mokgele wa gago e le boineelo jwa bomodimo.” (1 Timotheo 4:7) Timotheo o ne a thusa moaposetoloi Paulo ka dingwaga di ka nna 15.
DIKARABO
A. Yunise, Loise, boseeng. —2 Timotheo 1:5; 3:14, 15.
B. Ya go tsamaya le moaposetoloi Paulo le go direla le ene.—Ditiro 16:1-5.
C. “. . . o ne a nna motlhanka le nna mo go tsweledisetseng pele dikgang tse di molemo.”—Bafilipi 2:22.
Batho le Dinaga
5. Maina a rona ke Gabriela wa dingwaga di le 6 le Raul wa dingwaga di le 9. Re nna kwa Brazil. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Brazil? A ke ba le 467 000, 607 000 kgotsa 720 000?
6. Ke khutlo efe e e bontshang gore re nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Brazil.
A
B
C
D
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Fa o batla go printa dikhopi tse di oketsegileng tsa setlhogo seno sa “Motlotlo wa Lelapa,” ya kwa go www.jw.org
● Dikarabo tsa “MOTLOTLO WA LELAPA” di mo tsebe 25
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31
1. Jesu o ne a dirisa seme, e seng tšhaka.
2. Banna ba ne ba rekisa dikgomo le dinku, e seng dikolobe.
3. Banna ba ne ba rekisa maphoi, e seng merubisi.
4. Baananyi ba madi ba ne ba tshwere madi a tshipi, e seng a pampiri.
5. 720 000.
6. C.