Motlotlo wa Lelapa
Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?
Bala Genesise 24:1-4, 10-23. Ke dilo dife di le tharo mo setshwantshong seno tse di leng phoso? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano mme o bo o feleletsa setshwantsho ka go se tsenya mebala.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
3. ․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Rebeka o ne a bontsha dinonofo dife tsa botlhokwa?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Diane 31:17, 27, 29-31; 1 Petere 4:9.
O ka etsa Rebeka jang?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Diane 11:25; Baroma 12:11.
DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:
Kwala leina la motho yo o ka ratang go mo thusa. Go tswa foo, kwala lenaane la dilo tse o ka di dirang go thusa motho yoo. Bontsha ba lelapa la gago pampiri e o kwadileng mo go yone. Dirang tshwetso mmogo gore lo tla direla motho yoo eng le gore lo tla mo direla sone leng. Fa lo sena go thusa motho yoo, kopana le ba lelapa la gago mme lo tlotleng ka gore se lo se dirileng se dirile gore lo ikutlwe jang.
Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone
Segolola, o bo o mena bontlhanngwe jwa yone mme o bo o e boloka
KARATA YA BAEBELE 13 JOBE
DIPOTSO
A. Jobe o ne a na le bana ba basimane ba le ․․․․․ le basetsana ba le ․․․․․.
B. Satane o ne a tseela Jobe eng?
C. Feleletsa mafoko ano a ga Jobe: “. . . go fitlha ke swa!”
[Tšhate]
4026 B.C.E. Adame o a bopiwa
O ne a tshela ka dingwaga tsa mo e ka nnang ka 1600 B.C.E.
1 C.E.
98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele
[Mmapa]
O ne a nna kwa Use
LEFATSHE LE LE SOLOFEDITSWENG
EGEPETO
USE?
JOBE
DINTLHA KA GA GAGWE
Monna yo o “se nang molato e bile a thokgame” mo matlhong a Modimo. (Jobe 1:8) Le fa mosadi wa gagwe le batho ba bangwe ba ne ba mo gatelela, Jobe ga a ka a tlogela go direla Modimo. (Jobe 1:20-22; 2:9, 10) Go itshoka ga gagwe le diphelelo tse di itumedisang tse a ileng a nna le tsone di re naya bopelokgale jwa go itshokela diteko tse re lebanang le tsone ka boikanyegi.—Jobe 42:12-17; Jakobe 5:11.
DIKARABO
B. Leruo la gagwe, batlhanka ba gagwe, bana le botsogo jwa gagwe.—Jobe 1:13-19; 2:4-7.
C. “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna . . . ”—Jobe 27:5.
Batho le Dinaga
4. Leina la me ke Lukas. Ke na le dingwaga di le supa mme ke nna kwa Jeremane. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Jeremane? A ke ba le 60 000, 100 000 kgotsa 160 000?
5. Ke khutlo efe e e bontshang gore ke nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Jeremane.
A
B
C
D
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Fa o batla go printa dikhopi tse di oketsegileng tsa setlhogo seno sa “Motlotlo wa Lelapa” ya kwa go www.jw.org
● Dikarabo tsa “MOTLOTLO WA LELAPA” di mo tsebe 27
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31
1. Go tshwanetse ga nna le dikamela di le 10, e seng di le 11.
2. Rebeka o ne a tlatsa mokoro wa go nwela, e seng difaki tse tharo.
3. Motlhanka o ne a naya Rebeka lenyena la nko le maseka a mabedi, e seng sebaga.
4. 160 000.
5. C.