LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/12 ts. 23-31
  • Motlotlo wa Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlotlo wa Lelapa
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?
  • Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone
  • DIKARABO
  • Batho le Dinaga
  • Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
  • DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2012
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2012
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2012
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 9/12 ts. 23-31

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Phoso ka Setshwantsho Seno?

Bala Luke 17:11-19. Ke dilo dife di le tharo mo setshwantshong seno tse di leng phoso? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano mme o bo o feleletsa setshwantsho ka go se tsenya mebala.

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke eng se molepero a le mongwe a ileng a se dira se ba bangwe ba sa kang ba se dira?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Luke 17:15, 16.

O ka etsa sekao sa gagwe jang?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Bakolosa 3:15; 1 Bathesalonika 5:18.

O tshwanetse wa gopola go leboga mang letsatsi le letsatsi?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Pesalema 107:8; Jakobe 1:17.

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

Kopa mongwe le mongwe mo lelapeng go kwala bobotlana lebaka le le lengwe le le dirang gore a leboge Jehofa Modimo, lebaka le le lengwe le le dirang gore a leboge mongwe mo lelapeng le lebaka le le lengwe le le dirang gore a leboge tsala nngwe e e molemo e e seng karolo ya lelapa. Go tswa foo, dira lenaane la ditsela tse di molemo tse lo ka bontshang ka tsone gore lo leboga batho ba ba umakilweng.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

KARATA YA BAEBELE 21 MOSHE

DIPOTSO

A. Jehofa o ne a tlhotlheletsa Moshe go kwala dibuka dife tsa Baebele?

B. Batsadi ba ga Moshe e ne e le ․․․․․ le ․․․․․. O ne a godisiwa ke․․․․․ ․․․․․.

C. Feleletsa pego eno ya Baebele: Moshe “o ne a tswelela a nitame jaaka e kete . . .”

DINTLHA KA GA GAGWE

Moshe, monna wa ntlha mo Baebeleng go newa maatla a go dira dikgakgamatso, o ne a direla Modimo e le moporofeti, gape e le moatlhodi, moneimolao le moeteledipele wa Baiseraele ba bogologolo. Baiseraele ba ne ba mo tsaya e le monna yo o dirileng dilo di le dintsi tse di gakgamatsang.—Duteronome 34:10-12; Ekesodo 4:1-9.

DIKARABO

A. Genesise, Ekesodo, Lefitiko, Dipalo, Duteronome le Jobe mmogo le Pesalema 90 gongwe le 91.

B. Amerame, Jokebede, morwadia Faro.—Ekesodo 1:15–2:10; 6:20.

C. “. . . o bona Ene yo o sa bonaleng.”—Bahebera 11:27.

Batho le Dinaga

4. Leina la me ke Mampionona. Ke na le dingwaga di le robedi mme ke nna kwa Madagascar. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Madagascar? A ke ba le 10 000, 24 000 kgotsa 62 000?

5. Ke khutlo efe e e bontshang gore ke nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Madagascar.

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

Fa o batla go printa dikhopi tse di oketsegileng tsa setlhogo seno sa “Motlotlo wa Lelapa” ya kwa go www.jw.org

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI

  1. Go tshwanetse ga nna le balepero ba le 10, e seng 11.

  2. Balepero ba mo pegong eno e ne e le banna botlhe.

  3. Monna yo o boileng o ne “a wela ka sefatlhego fa dinaong tsa ga Jesu, a mo leboga.”

  4. 24 000.

  5. B.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela