LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/12 ts. 26-31
  • Motlotlo wa Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlotlo wa Lelapa
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?
  • Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone
  • Batho le Dinaga
  • Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
  • DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2012
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2012
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2012
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 7/12 ts. 26-31

Motlotlo wa Lelapa

Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?

Bala Genesise 1:21-28. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e ka fa tlase. Feleletsa setshwantsho ka go tshwaraganya dikhutlo mme o bo o se tsenya mebala.

1. ․․․․․

2. ․․․․․

[Setshwantsho]

(Leba kgatiso)

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Modimo o ne a bua le mang fa a ne a re, “A re dire motho mo setshwanong sa rona”?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Johane 17:1, 5; Bakolosa 1:15, 16.

Batho ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo ka tsela efe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Bakolosa 3:10; 1 Petere 1:16.

Ke dinonofo dife tsa ga Jehofa Modimo le Jesu tse di go kgatlhang thata? O ka etsa dinonofo tsa bone jang?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Baefeso 4:31, 32; 1 Johane 4:7, 8.

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

Kwala fa fatshe diphologolo tse tlhano tse o di ratang thata. Mme go tswa foo, fela jaaka Adame, di neye maina a masha go ya kafa di lebegang ke teng, kafa di dirang modumo ka teng kgotsa kafa di itshwarang ka teng. Balela leina le lesha kwa godimo mme o bone gore a ba lelapa la gago ba ka kgona go itse gore phologolo eo ke efe.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

Segolola, e mene fa gare mme o e boloke

KARATA YA BAEBELE 19 PAULO

DIPOTSO

A. Paulo o ne a itshedisa ka go dira ․․․․․ fa a ntse a le mo bodireding.

B. Moaposetoloi Paulo o ne a ruta batho “phatlalatsa le ka . . . ”

C. Paulo o ne a tsosa lekawana le le bidiwang ․․․․․.

[Tšhate]

4026 B.C.E. Adame o a bopiwa

O tshetse mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.

1 C.E.

98 C.E. Go kwalwa ga buka ya bofelo ya Baebele

[Mmapa]

O tsholetswe kwa Tareso. O ne a nna morongwa kwa Yuropa le Asia Minor

YUROPA

Roma

ASIA MINOR

Tareso

Jerusalema

PAULO

DINTLHA KA GA GAGWE

Motho yo o kileng a bo a bogisa Bakeresete a bo a fetoga go nna Mokeresete mme e bo e nna moaposetoloi wa ditšhaba. Jehofa o ne a mo dirisa go kwala dibuka tse 14 tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Paulo o ne a tsamaya dikilometara di le diketekete e le morongwa mme a tlhoma diphuthego kwa Yuropa le Asia Minor. —Baroma 11:13; 1 Timotheo 1:12-16.

DIKARABO

A. ditente.—Ditiro 18:3-5.

B. “. . . ntlo le ntlo.”—Ditiro 20:20.

C. Yutiko.—Ditiro 20:7-12.

Batho le Dinaga

3. Maina a rona ke Maté wa dingwaga tse 7 le Nia wa dingwaga tse 8. Re nna kwa Repaboliking ya Georgia. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Repaboliking ya Georgia? A ke ba le 10 000, 17 000 kgotsa 26 000?

4. Ke khutlo efe e e bontshang gore re nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Repaboliki ya Georgia.

A

B

C

D

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

Fa o batla go printa dikhopi tse di oketsegileng tsa setlhogo seno sa “Motlotlo wa Lelapa,” ya kwa go www.jw.org

● Dikarabo tsa “MOTLOTLO WA LELAPA” di mo tsebe 26

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 30 LE 31

1. Sebopiwa se se fofang se se nang le diphuka.

2. Sebatana sa naga.

3. 17 000.

4. B.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela