LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/12 ts. 29
  • Leungo la Maemo a a Kwa Godimo la Kwa Armenia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leungo la Maemo a a Kwa Godimo la Kwa Armenia
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Neelwa ga Diofisi Tsa Makala
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
  • Kgotlatshekelo ya Yuropa e Tshegetsa Ditshwanelo Tsa Batho Tsa go Gana ka Ntlha ya Segakolodi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
Tsogang!—2012
g 3/12 ts. 29

Leungo la Maemo a a Kwa Godimo la Kwa Armenia

● Diapolekose ga di bolo go lengwa kwa Asia le Yuropa ka dingwaga di le dintsi. Bayuropa ba ne ba dumela gore apolekose e tlholega kwa Armenia mme ba ne ba simolola go e bitsa apole ya kwa Armenia.

Gompieno mefuta e e ka nnang 50 e e farologaneng ya diapolekose e lengwa kwa Armenia. Di simolola go jewa mo gare ga June go fitlha kwa bofelong jwa August. Mmu o o nonneng wa lekgwamolelo le lebaka la go bo go le letsatsi thata kwa Armenia go dira gore diapolekose tse di lengwang koo di nne botshe ka tsela e e kgethegileng mme seo se dira gore batho ba le bantsi ba di tseye di le monate go gaisa tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng.

Mefuta e e tlwaelegileng ya diapolekose e ka lekana le poreima e nnye ka bogolo mme e farologana ka mebala go tswa go gauta o mosetlha go ya go mmala o o tseneletseng wa namune. Di na le letlalo le le boleta mme di thata ka fa gare, ga di matute thata mme di farologana ka moutlwalo, tse dingwe di botshe mme tse dingwe di botšarara. Bangwe ba re mefuta e e ratiwang thata e na le moutlwalo o o fa gare ga perekisi le poreima.

Batho ba ba lemang apolekose ba dirile gore go nne le apolekose e “ntsho” mme ga se apolekose ya mmatota. Go na le moo, e dirilwe ka go kopanya apolekose le poreima. E na le letlalo le le boboa la mmala o o phepole o o tseneletseng—o o batlileng o nna montsho—mme e serolwana ka fa gare.

Ditlhare tsa apolekose di thunya pele di tlhoga matlhare mme di na le malomo a masweu a a nkgang monate a a amogelang mmudula wa one. Malomo a tsone a tshwana le a ditlhare tsa perekisi, poreima le tšheri. Gantsi ditlhare tsa apolekose di gola sentle mo mafelong a a nang le mariga a a tsididi le selemo se se mogote, ka gonne di tlhoka paka e e tsididi gore di ntshe malomo le go ungwa sentle. Ka jalo, tlelaemete ya Armenia e di siametse fela thata!

Diapolekose tse di foreshe di thusa mo botsogong jo bontle ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, di na le beta-carotene le bitamine C. Batho ba le bantsi ba tlwaetse diapolekose tse di omisitsweng. Seno ke ka gonne diapolekose tse di foreshe di thubega motlhofo e bile di senyega ka bonako. Ka ntlha ya seno, mo dikarolong dingwe tsa lefatshe diapolekose tse di omisitsweng di ratiwa thata go feta tse di foreshe. Se se itumedisang ke gore, diapolekose tse di omisitsweng di na le dikotla e bile di na le faeba le aene. Mo godimo ga moo, diapolekose di dirisiwa go dira borenti, jeme le jusi.

Mo godimo ga moo, go gabiwa dilo tse dintle ka logong lwa apolekose, tse di jaaka duduk, seletswa sa mmino se se butswelwang se se itsegeng kwa Armenia, se ka dinako tse dingwe se bidiwang apricot pipe. Kwa mabenkeleng le kwa marekisetsong a a kwa Yerevan, motsemoshate wa Armenia, bajanala gape ba ka iponela digopodiso tse dintle tse di dirilweng ka logong lwa setlhare sa apolekose.

Fa e le gore o ka kgona go ja apolekose e e foreshe mo lefelong le o nnang mo go lone, e leke. Ga go na pelaelo gore o tla itumelela leungo leno le le monate la maemo a a kwa godimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela