Titanic—“Sekepe se se Iitsegeng Thata mo Hisitoring”
APRIL 10, 1912: Sekepe sa Titanic se tloga kwa Southampton, kwa Engelane, se ya kwa New York, U.S.A.
APRIL 11: Fa sekepe sa Titanic se sena go pega batho kwa Cherbourg, e e kwa Fora le ba kwa Queenstown (e jaanong e bidiwang Cobh), e e kwa Ireland, se leba kwa lewatleng la Atlantic.
APRIL 14: Mo e ka nnang ka 11:40 p.m., sekepe sa Titanic se thula kgapetla e kgolo ya aese.
APRIL 15: Ka 2:20 a.m., sekepe sa Titanic se a nwela mme go bo go swa batho ba ka nna 1 500.
SEKEPE sa Titanic e ne e le sa mofuta ofe? Ke eng se se dirileng gore se nwele? Go etela Ulster Folk and Transport Museum, gaufi le Belfast kwa Northern Ireland, go re thusa go bona dikarabo tsa dipotso tseo.
Sekepe sa Titanic—Ke Eng Fa se Ne se Tlhomologile?
Go ya ka Michael McCaughan, yo pele e neng e le motlhokomedi wa Folk and Transport Museum, Titanic ke “sekepe se se itsegeng thata mo hisitoring.” Mme sekepe sa Titanic e ne e se sa mofuta wa sone se le sosi. E ne e le sekepe sa bobedi mo dikepeng tse tharo tse dikgolo tse di neng tsa agiwa kwa madirelong a dikepe a ga Harland le Wolff kwa Belfast.a Titanic e ne e le sengwe sa dikepe tse dikgolo go gaisa tsotlhe mo motlheng oo, se le boleele jwa dimetara di le 269 le bophara jwa dimetara di le 28.
Khampani ya dikepe ya White Star e ne ya dirisa dikepe tseo tse dikgolo gore e kgone go gaisa dikhampani tse dingwe mo kgwebong e e tsenyang lotseno lo lontsi ya dikepe tse di kgabaganyang lewatle la North Atlantic. Khampani ya White Star Line e ne e sa kgone go lepalepana le khampani e e gaisanang le yone ya Cunard Line ka go aga dikepe tse di lobelo. Ka jalo, e ne ya tlhoma mogopolo mo go ageng dikepe tse dikgolwane e bile e le tsa manobonobo gore di ngoke batho ba ba humileng le ba ba itsegeng.
Mme sekepe sa Titanic se ne se ka kgona go dirisetswa boikaelelo jo bongwe gape. William Blair, mookamedi wa National Museums Northern Ireland, a re: “Mo e ka nnang batho ba le 900 000 ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ne ba fudugela kwa United States ngwaga le ngwaga magareng ga 1900 le 1914.” Go tsaya batho bao go tswa kwa Yuropa le go ba isa kwa United States go ne go naya dikhampani tsa dikepe tse di kgabaganyang lewatle la Atlantic lotseno lo logolo mme sekepe sa Titanic se ne se tla dirisetswa boikaelelo joo.
Masetlapelo
Kapotene ya Titanic e bong E. J. Smith o ne a itse ka dikotsi tse di ka bakwang ke aese kwa lewatleng la North Atlantic. O ne a setse a kile a tsamaya gantsi ka tsela eo ka sekepe sa Olympic. Dikepe dingwe di ne tsa romela ditlhagiso di le mmalwa tsa gore go na le dikgapetla tse dikgolo tsa aese mme ditlhagiso dingwe di ne tsa itlhokomolosiwa kgotsa go lebega di sa goroga.
Ka tshoganyetso, balebedi ba sekepe sa Titanic ba ne ba tlhagisa ka kgapetla e kgolo e e neng e le kwa pele—mme go ne go setse go le thari! Mookamedi yo o neng a bereka ka nako eo o ne a kgona go thibela sekepe sa Titanic gore se se ka sa thula kgapetla e kgolo ya aese ka tlhamalalo mme ga a ka a kgona go se thibela gore se se ka sa gotlha aese mo letlhakoreng. Seo se ne sa senya mmele wa sekepe—mme dikarolo di le dintsi tse di kwa pele di ne tsa simolola go tlala metsi. Go ise go ye kae, Kapotene Smith o ne a lemoga gore sekepe sa gagwe se tla tloga se nwela. O ne a romela melaetsa ya go kopa thuso mme a laela gore go ntshiwe mekoro e e falotsang batho.
Sekepe sa Titanic se ne se na le mekoro e le 16 e e falotsang le mekoro e mengwe e menè e e menwang. Fa e tletse, e ne e ka tshola batho ba ka nna 1 170. Mme bapalami le babereki botlhe mo sekepeng ba ne ba ka nna 2 200! Se se maswe le go feta, mekoro e le mentsi e ne ya tsamaya e sa tlala. Mme bontsi jwa yone ga ya ka ya leka go batla batho ba ba ka tswang ba falotse ba ba neng ba itatlhetse mo lewatleng. Kwa bofelong, go ne ga namolwa batho ba le 705 fela!
Ditlamorago
Morago ga masetlapelo a Titanic, balaodibagolo ba tsamaiso ya dikepe ba ne ba tlhoma melao e e neng ya tokafatsa pabalesego ya dikepe. Mongwe wa melao eo o ne wa tlhomamisa gore mo mesepeleng e e latelang go nna le mekoro ya go falotsa e e tla lekanang batho botlhe ba ba mo sekepeng.
Go ne ga feta dingwaga di le dintsi batho ba dumela gore sekepe sa Titanic se ne sa nwela ka bonako jaana ka gonne se ne se phunyegile phatlha e kgolo mo mmeleng wa sone ka nako ya kotsi eno ya matlhotlhapelo. Le fa go ntse jalo, ka 1985, morago ga gore sekepe sa Titanic se bonwe kwa boalong jwa lewatle, babatlisisi ba ne ba dira tshwetso e sele—gore metsi a aese a ne a koafatsa tshipi ya sekepe mme seo sa dira gore e robege. Pele go feta diura di le tharo morago ga kotsi, sekepe seno se ne sa thubega ka bogare sa ba sa nwela mme kotsi eno e ne ya nna nngwe ya dikotsi tse dikgolo go gaisa tsotlhe tsa go nwela ga dikepe mo hisitoring.b
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go agilwe sekepe sa Olympic pele, ga latela sa Titanic mme sone sa latelwa ke sa Britannic.
b Bala pego ya mongwe yo o falotseng go nwela ga Titanic mo makasineng wa Tsogang! ya October 22, 1981, tsebe 3-8 [ka Seesemane].
[Mmapa mo go tsebe 14]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Southampton
↓
Cherbourg
↓
Queenstown (Cobh)
↓
Fa kotsi ya Titanic e diragetseng teng
New York
LEWATLE LA ATLANTIC
[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]
Fa go agiwa sekepe sa “Titanic”
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Difetlhametsi tsa “Titanic”
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Badiri ba tswa mo madirelong a dikepe a ga Harland le Wolff kwa Belfast, kwa Ireland
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
E. J. Smith, kapotene ya “Titanic” (ka fa mojeng), a na le motlhokomedi mogolo e bong Herbert McElroy
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Courtesy CSU Archive/age fotostock
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 12]
Pages 12 and 13: Leaving Southampton, under construction, and shipyard: © National Museums Northern Ireland; propellers: © The Bridgeman Art Library
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]
© SZ Photo/Knorr & Hirth/Bridgeman Art Library