A e Ne e Tlhamilwe?
Lense e e Intšhafatsang ya Leitlho la Mokgantitswane wa Metsi
● Mokgantitswane wa metsi, o e leng setshedi se sennye se se tshelang mo metsing le mo lefatsheng, o tlhomologile ka ntlha ya bokgoni jwa one jwa go ntšhafatsa dikarolo tsa one tsa mmele tse di jaaka dirwe tsa mmele, dithishu, maoto, matsogo le mogatla. A mme dikarolo tse disha di tshwana le tsa pele? Babatlisisi ba re lense ya leitlho la mokgantitswane wa metsi yone e kgona go dira jalo.
Ela tlhoko: Mekgantitswane ya metsi e ntšhafatsa dilense tsa matlho a yone ka go fetola disele tsa thaka ya leitlho gore di nne disele tsa lense. Gore baithutatshelo ba ithute mo go oketsegileng ka mokgwa ono, ba ne ba fetsa dingwaga di le 16 ba ithuta ka setlhopha se se rileng sa mekgantitswane ya metsi ya kwa Japane. Baithutatshelo ba ne ba tlosa dilense tsa leitlho la mokgantitswane mongwe le mongwe makgetlho a le 18. Jaaka go ne go lebeletswe, mo lekgetlhong lengwe le lengwe mekgantitswane ya metsi e ne ya tlhoga dilense tse disha.
Fa patlisiso eo e fela, mekgantitswane eo ya metsi e ne e na le dingwaga di ka nna 30—e fetile dingwaga tse go neng go ka lebelelwa gore e di tshele fa e ne e le kwa nageng ka dingwaga di le tlhano. Le fa go ntse jalo, e ne e sa ntse e kgona go ntšhafatsa dilense tsa yone ka lobelo lo e neng e di ntšhafatsa ka lone fa e ne e sa ntse e le mennye. Mo godimo ga moo, Yunibesithi ya Dayton kwa Ohio, U.S.A., e bega gore dilense tse di godileng gape “di ne di tshwana kgo le dilense tse di tswang mo mekgantitswaneng ya metsi e e godileng e e neng e ise e tsamaye e ntšhafatse dilense tsa yone.” Moitsethutotshelo e bong Panagiotis Tsonis, yo e leng leloko la setlhopha se se neng se ithuta ka mekgantitswane eo ya metsi o dumela jaana: “Tota le nna ke ne ke gakgametse.” O ne a re dilense tse disha “ga di na mathata ape.”
Baitsesaense ba solofela gore bokgoni jwa mokgantitswane wa metsi jwa go tlhoga gape dikarolo tsa mmele bo tla ba thusa go tlhaloganya gore ba ka dira jang go ntšhafatsa dithishu tse di senyegileng mo mebeleng ya batho. Tsonis a re: “Mokgantitswane wa metsi ke one o o ka re thusang go bona ditsela tsa go dira seo mo mothong, segolobogolo fa a setse a tsofetse.”
O akanya eng? A lense e e intšhafatsang ya leitlho la mokgantitswane wa metsi e itiragaletse fela? Kgotsa a e ne e tlhamilwe?
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Dilense tse di “ntšhafaditsweng” di tshwana kgo le tsa ntlha
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Top photo: © Vibe Images/Alamy; middle photo: © Juniors Bildarchiv/Alamy