LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 7/8 ts. 23-27
  • Dilo Tseo O Ka Di Gakologelwang ka go Tobetsa Konotswana Fela!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dilo Tseo O Ka Di Gakologelwang ka go Tobetsa Konotswana Fela!
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Khamera E Bereka Jang?
  • Motho A Ka Tlhopha Filime Efe?
  • Kafa O Ka Dirang Senepe Se Sentle Ka Gone
  • Dinepe Tse Di Senolang
  • Kafa go Tsaya Dinepe go Simologileng ka Teng
    Tsogang!—2006
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding​—⁠Go Rera o Dirisa Khamera Kgotsa Intercom
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Kafa Filimi e Gatisiwang ka Teng
    Tsogang!—2005
  • Bidio ya “Faithful Under Trials”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 7/8 ts. 23-27

Dilo Tseo O Ka Di Gakologelwang ka go Tobetsa Konotswana Fela!

O itlhaganelela kwa lefelong la kwa ga lona leo go tlhatswediwang dinepe kwa go lone o ya go tsaya dinepe tse dintle tsele tse o di tsereng fa o ne o ile malatsing a boikhutso mo lekgetlong labofelo. Mme lefa go ntse jalo abo di swabisa jang ne! Dingwe tsa dinepe tseno di lefifi, tse dingwe ga di a tswa sentle kana di dule di le bofitlha. Ka go kgobega marapo wa re ‘Khamera eno ruri!’ Mme lefa go ntse jalo a tota molato ke wa khamera? Kana a ke wa yo o neng a tsaya dinepe tseo?

LENYALO la gago, mafelo a a kgatlhisang thata ao o ileng wa a etela, ditsala tse di fudugetseng go sele, rremogolo le mmemogolo le ba bangwe ba losika, fa ngwana wa gago a ne a simolola go ithuta go tsamaya—dilo tseno tsotlhe tseo o ka ratang go di gopola di ka bolokiwa mo filimeng ka go tobetsa konotswana fela. Lefa go ntse jalo, abo go swabisa jang ne fa dinepe tsa gago di tla di sa bonale sentle kana di sa tswe gotlhelele! Nnyaa, gongwe khamera e ntšha ga se yone tharabololo. Selo sa konokono se se ka go dirang gore o bone katlego ke gore o ithute dintlha tsa motheo kaga go tsaya dinepe.

Khamera E Bereka Jang?

Fa re bua motlhofo fela, khamera ke lebokoso le le sa tseneng lesedi leo le nang le “leitlho,” eleng lense, eo lesedi le tsenang ka yone le bo le bopagana gore le dire moriti mo filimeng. Mo godimo ga filime go na le dikhemikale dingwe tse di tshabang lesedi tseo di tshwanetseng tsa amogela lesedi le le lekaneng sentle gore di ke di kgone go aramediwa lesedi leo ka tshwanelo. Fa go tsena lesedi le lentsi ka mo go feteletseng seo se ka dira gore dinepe tsa gago di se ka tsa tswa sentle. Fa go tsena le lennyane thata dinepe tsa gago di tla tswa di le lefifi.

Fa o tsaya senepe, karolo ya khamera e e bidiwang shutter e bulega ka lobakanyana lo lokhutshwane thata fela, ka jalo e dira gore go nne le setshwantsho mo filimeng ya gago. Ka jalo tsela e nngwe eo o ka laolang lesedi le le fetelang mo filimeng ka yone ke ka gore o laole lobaka lwa nako eo shutter e e tsayang e bulegile. Fa go le lesedi fela le le tlwaelegileng la motshegare ka kakaretso senepe se ka tsewa fa shutter e bulega e bo e tswalega ka lobelo lwa 1/125 second. Dikhamera di le dintsi di na le mabelo a a farologaneng a go bulega le go tswalega ga shutter, mme lefa go ntse jalo ka kakaretso o tshwanetse wa dirisa lobelo lwa go bulega le go tswalega ga shutter lo logolo go ya kafa selekanyo sa lesedi se letlelelang ka gone. Fa shutter e nna e bulegile lobaka lo loleele, he go ka diragala thata gore senepe sa gago se tle se sa bonale sentle ka ntlha ya go tshikinyega ga khamera. Mo tlase ga maemo a a tlhokang kelotlhoko e kgolo seno se ka thibelwa ka go pega khamera mo godimo ga setlhomo o bo o bula shutter ka go tobetsa konotswana o dirisa tshipinyana nngwe e telele kana ka go dira gore khamera ka boyone e itobetse morago ga nako e e rileng.

Tsela e nngwe eo o ka laolang lesedi leo le tsenang mo filemeng ka yone ke ka go lekanyetsa bogolo jwa lesoba la lense leo lesedi le tsenang ka lone (leo gape le bidiwang f-stop). Seno se ka tshwantshiwa le fa o gotola leitlho la gago, le fa o le tswala go sekae, kana le fa o le sesafatsa. Go dira jalo go laola selekanyo sa lesedi leo le tsenang mo go lone. Dilense di le dintsi di na le sengwe seo se kgonang go dikolosiwa seo se kwadilweng dipalo tse di farologaneng, kana di-f-stop, tseo o ka tlhophang mo go tsone. Fa lesoba le lesedi le tsenang ka lone le le legolo, go tsena lesedi le le oketsegileng mme filime e bo e amogela lesedi le legolwane. Seo se tlhakanyang motho yo o santseng a simolola tlhogo ke gore, dipalo tsa f-stop di ya kwa morago fa di bapisiwa le bogolo jwa lesoba leo lesedi le tsenang ka lone. Ka sekai, f-2.8 ke lesoba le legolo; f-32 ke lesoba le lepotlana fela thata. Dikhamera di le dintsi jaanong di tla di na le dilo tsa go tshwana le karolo eo e dirang gore khamera ka boyone fela e kgone go laola selekanyo sa lesedi le le tsenang ebile di na le dikarolo tse di rileng mo go tsone tseo di kgonang go meta selekanyo sa lesedi di bo di go bolelela gore tota o tshwanetse wa tlhopha palo efe. Eleruri, mo dikhamereng dingwe tse di kgonang go itirisa sengwe le sengwe ka botsone fela, di kgona go go tlhophela dipalo tsotlhe fela. Ebile dikhamera tse di ntseng jalo ka botsone di ka dira gore o kgone go bona fa o tsentse selo seo o se tsayang senepe sentle!

Motho A Ka Tlhopha Filime Efe?

Fela jaaka fa go ntse ka dikhamera, go na le mefuta e e farologaneng ya difilime tseo di leng gone tseo di tswang ka mefutafuta di sa kgaotse. Filime ya mmala e dirisediwa go dira dinepe tsa mmala. Difilime tsa mofuta ono go motlhofo go di fetisetsa mo go ba bangwe mme ebile fa di bapisiwa le tse dingwe ga go lope madi a mantsi go dira moriti wa tsone kana go di godisa. Molemo o mongwe wa tsone ke gore di na le kgono e kgolo ya go amogela lesedi le le fetelang mo go tsone, le eleng negative eo go sa tsenang lesedi le le kalo mo go yone e ka kgona go ntsha senepe se se bonalang sentle. Difilime tsa color-reversal di dirisediwa go dira dinepe tseo di lebiwang ka porojeketara di bonelwa mo sebontshetsing, kana di-slide. Lefa go ntse jalo fa o batla go ipelela dinepe tsa mofuta ono o tshwanetse gore gape o reke porojeketara le sebontshetsi. Di-slide ga di batle lefa e le phosonyana mme di batla gore go tsenngwe lesedi le le lekanang kgo mo go tsone. Lefa go ntse jalo, di ka go fa dinepe tse dintle.

Difilime ga di tshwane ka mabelo a tsone (kafa di tshabang lesedi ka gone) mme lebelo leno la tsone le lekanngwa ka dipalo tsa ISO kana ASA.a Tse dingwe lebelo la tsone le kwa tlase go fitlha le eleng go ISO 25 mme tse dingwe la tsone le kwa godimo go fitlha le eleng go ISO 3200. Filime e e dirang sentle e e kgonang go tsaya dinepe tse di tseelwang mabaka a a farologaneng e ka nna ISO 100 Daylight, ereka filime eno ya lebelo le le fa gare e kgona go dira sentle fa go tsewa dinepe ka yone tse di tlwaelegileng tseo di tsewang mo leseding la fa go le motshegare. Filime e e fetang eno ka lobelo ya ISO 400 e dira sentle mo maemong ao mo go one go a bong go sena lesedi le lentsi, jaaka ka lotlatlana, mo malatsing ao ka one go a bong go le maru, le mo teng ga ntlo. Lefa go ntse jalo, ka kakaretso, fa filime e le bonya, dinepe tsa yone di tla di bonala sentle. Filime e e bofefo e atisa gore fa dinepe tsa yone di godisiwa di bo di tla di lebega ekete di magwata.

Fa e le gore khamera ya gago e na le sengwe seo o ka tlhophang lobelo lwa filime ka sone, go botlhokwa thata gore o beye lenaka leo mo palong e e tshwanetseng ya ISO kana ASA. Jaanong go bo go tla ntlha eno ya botlhokwatlhokwa:

Kafa O Ka Dirang Senepe Se Sentle Ka Gone

Batho ba le bantsi bao ba santseng e le gone ba ithutang go tsaya dinepe bone ba itseela dinepe fela. Ba lebisa khamera kwa go seo ba se tsayang ba bo ba setse ba tobetsa konotswana. Motsayadinepe yo o nang le maitemogelo o tsaya nakonyana a akanya mme a bo a dira senepe. O a se bopa. Go baya motho kana selo se o se tsayang kana lefelo leo o le tsayang senepe sentle go bidiwa go bopa senepe. Nnyaa, ga se gore go baya selo seo o se tsayang senepe mo garegare ke yone tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go tsaya senepe. Mo sekaing se se bontshitsweng fano (mo tsebeng 26), tlhokomela kafa selo seo se tsewang senepe se ka kgatlhisang thata ka gone fa se sa beiwa mo garegare—a re re sekgala sa nngwetharong go tswa kwa godimo kana kwa thoko ga senepe. Seno se bidiwa go twe ke go dirisa molao wa bonngwetharong.

Gape go botlhokwa gore o tlhomolole seo o se tsayang senepe mo tikologong ya sone. Tikologo e e nang le dilwana tse dintsi, kana e e nang le dilo tse di ka fatlhang, e ka dira gore tlhokomelo ya motho yo o lebang senepe e faposiwe mme a seka a leba selo seo tota eleng sone se tserweng senepe. A go na le lebota lengwe la mmala o o tlhatswegileng sentle kana tikologo nngwe e e senang sepe eo e neng e ka dirisiwa gore batho ba eme mo go yone fa ba tsewa dinepe? Fa go sena tikologo e e tshwanetseng, dira gore lesoba leo le tsenyang lesedi le nne legolwane (o dirise palo e potlana ya f-stop). Seno se tla dira gore selo se o se tsayang se bonale sentle, mme lefa go ntse jalo se tla dira gore tikologo e nne letobo.—Bona sekai, mo tsebeng 24.

Go tlhomamisa gore go tsena lesedi le le lekaneng, gape o ka tsaya dinepe tse dingwe tse pedi e nngwe lobelo lwa shutter lwa yone e le lo lo kwa tlase mme e nngwe le le kwa godimo ga moo. Seno se raya gore fa o tsaya senepe o beile lenaka mo go f-8 ka lobelo lwa 1/125 second, o ka nna wa tsaya tse dingwe gape ka f-5.6 le f-11 o dirisa lobelo lo lo tshwanang. Ka go dira jalo, o dira gore go nne le selekanyo se se farologaneng sa lesedi leo le tsenang. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o batla gore go tlhagelele dilo tse dingwe tseo di leng kgakajana, he tsaya dinepe tse dingwe tse pedi o okeditse kana o fokoditse lobelo lwa shutter (1/60, 1/125, le 1/250 second) mme f-stop yone e nna o sa e fetola.

Lesedi le lone le botlhokwa. Fa e le gore selo se o se tsayang se na le tikologo e e phatsimang kana go na le lesedi le le bogale kafa morago ga sone (kapoko, lewatle go le letsatsi, kana losi lwa lewatle), seno se ka tsenya khamera ya gago mo tsietsing mme sa dira gore e tsenye lesedi le le sa lekanang. Seno se ka rarabololwa jang? Atamela mo go se o se tsayang senepe, mme o bone gore lesedi totatota le kana kang. Go tswa foo boela kwa o neng o le teng pele, mme o tseye senepe o beile lenakana mo o tlhophileng teng. Batsayadinepe ba ba nang le maitemogelo gantsi ba dirisa foleshelaete ya motlakase motshegare go tlatsa lesedi mo le tlhaelang teng gore ba tlose meritinyana eo e bakiwang ke lesedi lengwe le le bogale kafa morago kana moriti o o lefifi.

Fa letsatsi le le bogale, le setse le le kwa godimo le le mo phogwaneng ya selo seo o se tsayang senepe (kana le le fela kafa morago ga sone) seno se ka nna sa dira gore go nne le meriti e e sa kgatlheng kafa tlase ga matlho a motho, kafa tlase ga nko, le kafa tlase ga seledu. Fa e le gore go ntse jalo, baya selo seo o se tsayang senepe kana fa thoko ga sone mo moriting kana o dirise foleshelaete. O ka nna wa bo wa dira gore letsatsi le tle kafa morago ga selo seo o se tsayang senepe kana fa thoko ga sone gore a tle a dikologiwe ke lesedi jaaka letsatsi le tla bo le dira gore moriri wa gagwe o tlhomologe, fa fela e le gore letsatsi ga le bonese ka tlhamalalo mo teng ga lense ya gago.

Foleshelaete e e dirang ka motlakase e na le fa e tlhaelang gone, ka gonne difoleshelaete di le dintsi di kgona go dira fela go fitlha mo sekgaleng sa dimitara di ka nna lesome. Ka jalo, go leka go tsaya senepe tsa serala seo go tshamekelwang terama mo go sone (jaaka kwa kopanong ya Bokeresete) kana sa dikago tsa toropo ka tsela eo ka yone loapi lo tla tlhagang lo bonala kafa morago ga tsone ke go ipheletsa lelatlha fela. Foleshelaete eo e dirisiwang o lebagane le seo o se tsayang senepe e atisa go dira meriti kana go dira gore dipadi tsa mo sefatlhegong di bonale thata. Seno se ka rarabololwa jang? Leka go khurumetsa foleshelaete ya gago (eseng lense) ka tissue kana ka sakatuku gore go se ka ga nna le mafelo a a gasiwang lesedi le le feteletseng, kana o ka nna wa dira gore o lebise foleshelaete ya gago kwa siling e tshweu. Seno gape se tla tlhoka gore o emisetse lesedi leo le dirisitsweng. O ka nna wa baya motho yo o mo tsayang senepe mo tikologong e e lefifi e le go fokotsa moriti.

Se sengwe gape se se sa tlwaelegang kaga go tsaya dinepe o dirisa foleshelaete ke gore matlho a batho a tswe a le mahibidu, bogolo jang fa go dirisiwa dikhamera tse di nang le foleshelaete e e diretsweng mo khamereng. Fa e le gore ga o kgone go kgaoganya khamera ya gago le foleshelaete (ka sekai o dirisa selo seo e tlhomiwang mo go sone), he dira gore motho yo o mo tsayang senepe a lebe pele kwa leseding le le bogale gore fa o tsaya senepe matlho a gagwe a se ka a gotoga. Kana o ka dira gore motho yo o mo tsayang senepe a seka a leba ka tlhamalalo kwa lenseng.

Dinepe Tse Di Senolang

Senepe se se duleng sentle se dira mo go oketsegileng go feta go ntsha sefatlhego sa motho jaaka se ntse fela. Se ka kgona go lemotsha gore motho o na le botho jo bo ntseng jang le gore ke motho wa mofuta mang. E le gore o tle o kgone go tsaya dinepe tse di tserweng sentle jalo, o tshwanetse go itse mekgwa ya botswerere ya go tsaya dinepe ka botlalo. Ka tsela e e ntseng jalo o ka tlhoma mogopolo mo mothong yo o mo tsayang senepe e seng mo selong seo o se dirisang go tsaya senepe seo.

Selo sa ntlha, dira gore motho yo o mo tsayang senepe a wele dibete. Dirisa lense ya telephoto e le gore o tle o kgone go tsaya senepe se eketeng se tseetswe gaufi mme o sa suteletsa khamera e e tshosang eno gaufi le ene. Mmino o o tshwanelang o ka dira gore a wele dibete. Go bua le gone ke tsela e nngwe eo o ka thusang motho yo o mo tsayang senepe gore a lebale kaga khamera mme a nne fela jaaka a nna ka dinako tsotlhe. Dirisa dipotso go mo dira gore a bue a phuthologile mme a bontshe maikutlo a o batlang go a kapa. Fa o tsaya bana senepe, dira gore ba tshameke kana o ba tlhabele leinane. Dira gore ba bontshe maikutlo a bone a tlholego ebile ba tshameka. Dilo tseo di ka bontshang gore selo ke sa mmatota le tsone di ka thusa motho yo o mo tsayang senepe gore a wele dibete. Ka jalo dira gore moopedi a itseye a tshotse seletso sa gagwe sa mmino kana gore mmereki a itseye a tshotse dilo tseo a berekang ka tsone.

Fa o tsaya senepe sa setlhopha seno ga se reye gore o tshwanetse wa dira gore botlhe ba eme sentle ba le terese. Ba fe sengwe seo se ka bontshang gore selo seo ke tiragalo ya mmatota—setilo kana ditilo tse pedi—mme o ba beye sentle go se dikologa, gongwe o ba baya ka tsela eo ka yone ba tla bopang khutlotharo. Ga go tlhokafale gore mongwe le mongwe a nyenye a lebile khamera. Jaanong lebelela seemo ka kelotlhoko pele ga o tobetsa konotswana. A diaparo le meriri di ntse sentle? A go na le dilo dingwe mo tikologong ya bone tseo di ka fatlhang? A o tshwere khamera ka tsela eo senepe se ka tlang se kgatlhisa ka yone? (Fa khamera e beetswe kwa tlase ga sefatlhego go sekae seno se ka dira gore nko e telele e lebege e le khutshwane kana gore moriri o o simologang kwa moragonyana o lebege jaaka lefatlha.) Jaanong o ka tswelela wa kapa dinepe di le mmalwanyana, mme fa di sena go tlhatswiwa, o tlhophe se sentle go di gaisa tsotlhe.

Ka go iteka mo eseng ga sepe fela—le ka go ikatisa—khamera ya gago e ka go ipedisa thata mme ya go thusa gore o boloke dilo tse o di ratang thata tseo o ka ratang go di gakologelwa, eleng tseo di kapilweng fela ka go tobetsa konotswana ya khamera ya gago ka botswerere!

[Ntlha e e kwa tlase]

a ISO ke khutshwafatso ya International Standards Organization; ASA, ke khutshwafatso ya American Standards Association. Mo dikarolong tse dingwe tsa Yuropa, gape go dirisiwa DIN (Deutsche Industrie Norm). Filime e e kwadilweng ISO 100/21 ke ASA 100, kana 21 DIN.

[Lebokoso mo go tsebe 26]

Mekgwa Mengwe Eo o Ka Tilang go Nna le Dinepe Tse di Swabisang ka Yone

1. Bala ditaelo tsa khamera ka kelotlhoko o bo o di dirise.

2. Tlhomamisa gore lonakana lwa lobelo lwa filime lo beilwe mo lo tshwanetseng gone.

3. Tlhomamisa gore o se ka wa sira lense le foleshelaete ka menwana ya gago kana ka sekhurumelo sa lense.

4. Bopa senepe sa gago o bo o se ngotla ka go fetola tsela eo o emang ka yone kana ka go dirisa lense eo ka yone o ka kgonang go laola bogolo jwa senepe.

5. Tshwara khamera ka tsela eo e se kakeng ya tshikinyega ka yone, o bo o tobetsa konotswana.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Lesoba le legolwane le le tsenyang lesedi (“f-stop” e potlana) e dira gore sethunya se tlhomologe mo tikologong ya sone; lesoba le lepotlana le le tsenyang lesedi le dira gore seo se tsewang senepe le tikologo eo se leng mo go yone di bonale sentle

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Foleshelaete eo e dirisediwang go tlatsa lesedi mo le tlhaelang teng e tlosa meriti e e lefifi mo senepeng se se fa godimo seno

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ka go dirisa mokgwa mongwe, eleng “molao wa bonngwetharong,” selo seo se tsewang senepe se dirwa gore se se ka sa nna mo garegare ga senepe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela