BOTSHELO JWA BOKERESETE
Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona Mo Bodireding—Go Rera o Dirisa Khamera Kgotsa Intercom
GORENG GO LE BOTLHOKWA: Ka ntlha ya go bo thekenoloji e tokafadiwa nako le nako le ka ntlha ya bokebekwa jo bo leng teng, batho ba le bantsi ba dirisa dikhamera le di-intercom mo matlong a bone. Gongwe re ka tshoswa ke go rerela motho yo re sa mmoneng mme ene a kgona go re bona. Dikgakololo tse di latelang, di tla re thusa go rerela batho mo khamereng kgotsa mo intercom re sa tshoge.
SE O KA SE DIRANG:
Leba dilo ka tsela e e siameng. Batho ba le bantsi ba ba nang le dikhamera kgotsa di-intercom mo matlong a bone, ga ba na bothata jwa go bua le rona
Gopola gore go na le dikhamera tse di kgonang go go rekota pele o ya go kokota kwa kgorong e bile mong wa ntlo a ka tswa a go lebile kgotsa a reeditse se o se buang
Fa mong wa ntlo a go araba, bua le ene mo intercom kgotsa mo khamereng jaaka e kete o bua le ene a le fa pele ga gago. Nyenya mme o itshikinye mmele ka tsela ya tlholego. Bua le ene ka tsela e o neng o ka bua le ene ka yone fa a ka bo a go buletse kgoro. Fa o bua le mong wa ntlo ka khamera, o se ka wa atamela khamera eo thata. Fa mong wa ntlo a sa arabe, o se ka wa tlogela molaetsa
Fa lo feditse go bua, gopola gore mong wa ntlo a ka tswa a sa ntse a go lebile kgotsa a go reeditse