Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Rera mo Matlong a a Nang le Intercom
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: Go ka tshosa go neela bosupi mo matlong a a nang le intercom. Re ka dira jang gore seno se se ka sa fokotsa tlhoafalo ya rona mo bodireding? Se lebale gore batho ba bangwe ba ka kgona go rerelwa fela go dirisiwa intercom. (Bar. 10:14) Go na le maitemogelo a a bontshitseng gore tsela eno ya go rera e ka nna le diphelelo tse di molemo tota. (Bona 2011 Yearbook, ts. 65-66, le 2000 Yearbook, ts. 54, ser. 3 ka Seesemane.) Ela tlhoko dikakantsho tse di latelang.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Ka nako ya kobamelo ya lelapa, ikatisetseng go rera mo matlong a a nang le intercom.