Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Nako ya Diura tsa Maitseboa
1 Bangwe ba barutwa ba pele ba ga Jesu Keresete ba ne ba bolelelwa jaana ke moperesiti yo mogolo wa Mojuda, “Lo tladitse Yerusalema ka thutō ea lona.” (Dit. 5:28) Go phepafetse gore bakaulengwe ba ne ba dirile tiro e e molemo ya go neela bosupi mo motseng oo, mme kwantle ga pelaelo ba ne ba dira ka natla go fitlhelela mongwe le mongwe mo tshimong ya bone. Ba ne ba tswelela go neela bosupi ka botlalo gone koo le mo mafelong a mangwe.—Dit. 8:25.
2 Mo dikarolong di le dintsi gompieno, re tladitse tshimo ya rona ka thuto ya boammaaruri. Go ile ga nna le koketsego e e molemo thata ya baboledi le go oketsega go go tshwanang ga palo ya diphuthego. Ditshimo di nnile dinnye mme di berekwa gangwe le gape. Go ile ga tlhokega gore re atolose tshimo ya rona e le gore re tle re fitlhelele batho ba ba oketsegileng ka mafoko a a molemo.
MELEMO EO E NNANG GONE FA GO NEELWA BOSUPI MO MAITSEBOENG
3 Baboledi ba le bantsi ba lemogile gore totatota ba ka kgona go atolosa tshimo ya bone ka go etela mo matlong ka diura tsa mo maitseboeng. Ka nako eo ba kgona go kopana le beng ba matlo ba le bantsi bao gantsi ba seyong mo gae motshegare. Baboledi ba ile ba bega fa ba ile ba fitlhela motho mo e ka nnang mo ntlong nngwe le nngwe mo tshimong ya bone fa ba eta mo maitseboeng. Ga se fela gore batho ba le bantsi ba a bo ba le mo gae mme bao ba fitlhelwang gantsi ba a bo ba iketlile ebile ba rata go reetsa molaetsa wa rona. Balebedi ba potologo ba ile ba kgona go thusa diphuthego di le dintsi gore di dire dithulaganyo tsa go neela bosupi mo maitseboeng. Baboledi botlhe ba kgothalediwa gore ba tshegetse karolo eno ya ka metlha ya Laboraro maitseboa ka nako ya loeto lwa molebedi wa potologo.
4 A o setse o kile wa leka go neela bosupi ka nako ya maitseboa mo tshimong ya lona? Tota le eleng le fa diura tsa motshegare di le dinnye ka nako ya dikgwedi tsa mariga, re ka nna ra kgona go dirisa diura tsa ntlha tsa maitseboa go neela bosupi ka ntlo le ntlo. Fa go le selemo, re na le tshono ya go tswa ka lobaka lo lo leelenyana go feta jaaka re ka kgona ka nako e nngwe. Karolo ya maitseboa e ka nna ya dirisiwa go neela bosupi jwa ka ntlo le ntlo kana go etela kwa go senang batho gone. Mme gongwe moragonyana mo maitseboeng ao, re ka nna ra dira maeto a go boela kana ra tshwara thuto ya Bibela. Legale, re tshwanetse ra nna le mogopolo o o lekalekaneng mme ra dira ka temogo, segolobogolo fa re neela bosupi mo dikarolong tseo go ka nnang ga bo go sa bolokesega mo go tsone morago ga lefitshwana.
NNA MOTHO YO O AKANYETSANG
5 Gore re atlege fa re neela bosupi maitseboa, re tshwanetse ra gakologelwa dintlha dingwe tsa konokono. Ka sekai, ereka batho bangwe mo dikarolong dingwe ba ka nna ba bo ba belaela baeng bao ba sa lebelelwang bao ba tlang maitseboa, re batla go nna batho ba ba itumetseng le ba ba botsalano mo diketapeleng tsa rona mme re nne bonako go tlhalosa sentle boikaelelo jwa loeto lwa rona. Fa e le gore re ka bontsha ka mmatota gore re amegile ka botsogo jwa beng ba matlo, ba tla kgona go ikutlwa ba phuthologile mme ba ka nna ba rata thata go itlhalosa ka tshosologo.
6 Mo mafelong mangwe, beng ba matlo ba dirisa dilo dingwe go ipoloka ba sireletsegile. Seno se ka nna sa batla gore re dirise intakomo, kana mong wa ntlo a ka nna a bua le rona a tswetse mojako kana a ka batla go re bona ka lerobana le le mo mojako. Fa re tlotla dithulaganyo tseo mong wa ntlo a nang le tsone, a ka nna a dumalana go reetsa boammaaruri jo re batlang go mmolelela jone.
7 Diphuthego di le dintsi di rulaganyeditse go neela bosupi jaaka setlhopa maitseboa a le mangwe kana a a oketsegileng ka beke. Seno se ile sa neela baboledi bao ba berekang ka botlalo mo tirong ya boitshediso tshono e kgolwane ya gore ba nne le seabe mo bodiheding le gore ba bereke le baboledi bangwe bao ba iseng ba ko ba bereke le bone pele ka ntlha ya go bo dithulaganyo tsa bone tsa go bereka di farologana. Go neela bosupi mo maitseboeng go ile ga dira gore go kgonege gore baboledi bangwe ba oketse nako eo ba e dirisang mo bodiheding jwa tshimo, mme seno, se ile sa dira gore ba nne ditswerere ka mo go oketsegileng mo go boleleleng ba bangwe mafoko a a molemo. Gape, go ile ga simololwa dithuto di le dintsi tsa Bibela ka ntlha ya go bua le batho bao ba iseng ba ko ba reetse Basupi ba ga Jehofa pele.
8 A go ka tswa go kgonega gore o nne le seabe mo go neeleng bosupi mo maitseboeng mme o ipelele tshono e e oketsegileng eno ya go ‘dira tiro ya motsamaisa Mafoko a a Molemo’? (2 Tim. 4:5) Fa ba le bantsi ba rona ba ka kgona go araba potso eno ka ee, gongwe le rona re tla bo re dira tiro e e molemo ya go tlatsa tshimo ya rona ka boammaaruri.