LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/12 ts. 1
  • A o Ka Kgona go Rera Maitseboa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ka Kgona go Rera Maitseboa?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ka Kgona go Fetofetola Thulaganyo ya Gago?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • A o Kile wa Leka Bosupi Jwa Maitseboa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Nako ya Diura tsa Maitseboa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Go Neela Bosupi ka Ntlo le Ntlo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 10/12 ts. 1

A o Ka Kgona go Rera Maitseboa?

1. Go ya ka moithuti mongwe, Paulo o ne a rera leng ka ntlo le ntlo?

1 Buka ya Daily Life in Bible Times ya re moaposetoloi Paulo o ne a rera ka ntlo le ntlo “go simolola ka 4 p.m. go fitlha go nna bosigo thata.” Ga re itse gore a eno e ne e le thulaganyo ya ka metlha ya ga Paulo mme re a itse gore o ne a iketleeleditse go “dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo.” (1 Bakor. 9:19-23) Thulaganyo eno e ne e tla akaretsa gore a rulaganye dilo ka tsela e a neng a tla kgona go rera ka ntlo le ntlo ka nako e batho ba le bantsi ba leng teng ka yone.

2. Ke ka ntlha yang fa maitseboa e le nako e e molemo ya go rera?

2 Mo mafelong a le mantsi, baboledi ba tlwaetse go rera ka ntlo le ntlo mo mosong mo gare ga beke. Le fa go ntse jalo, a mo lefelong la lona eo e sa ntse e le nako e e molemo ya go rera? Mokaulengwe mongwe wa mmulatsela o bua jaana ka tshimo e a e berekang: “Batho ba le bantsi ga ba yo kwa malapeng motshegare. Mme ba le bantsi ba teng maitseboa.” Go rera maitseboa go ka re bulela tshono e e molemo ya go kopana le batho, segolobogolo ka boikaelelo jwa go ba rerela dikgang tse di molemo. Gantsi beng ba matlo ba iketlile e bile ba ka kgona go tlotla. Fa bagolwane ba bona go solegela molemo go dira jalo, ba tshwanetse go rulaganya gore go nne le dipokano tsa maitseboa tsa tirelo ya tshimo.

3. Re ka bontsha temogo jang fa re rera maitseboa?

3 Dirisa Temogo: Go botlhokwa gore re dirise temogo fa re rera maitseboa. Ka sekai, fa o lemoga gore nako e o tlileng ka yone ga e a siamela mong wa ntlo, jaaka ka nako ya dijo, go botoka go mmolelela gore o tla boa kgantele. Fa go le lefifi, ema mo mong wa ntlo a tla kgonang go go bona gone, o ikitsise ka bonako le gore ke ka ntlha yang o mo etetse. Gape go botlhokwa gore lo bereke lo le babedi kgotsa lo le ditlhopha lo eme mo mebileng e e nang le dipone mme e se lona fela. Lo se ka lwa ya kwa matlong a batho bosigo thata mme lwa ba kgoreletsa fa ba ipaakanyetsa go robala. (2 Bakor. 6:3) Fa mo lefelong la lona go sa sireletsega go rera go le lefifi, rerang ka lotlatlana.—Dia. 22:3.

4. Re tla bona masego afe fa re rera maitseboa?

4 Masego: Re itumelela bodiredi thata fa re kgona go bua le batho. Fa re neela bosupi re bulegelwa ke ditshono tse dintsi tsa go thusa batho ba bangwe gore “ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:3, 4) A o ka fetola thulaganyo ya gago gore o kgone go rera maitseboa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela