Thulaganyo ya Beke ya October 8
BEKE E E SIMOLOLANG KA OCTOBER 8
Pina 75 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
bt kgao. 27 ¶19-26, mabokose a a mo go ts. 212, 214, 217 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Daniele 7-9 (10 mets.)
No. 1: Daniele 7:13-22 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: A Baebele e Supa Gore Bakeresete ba Boammaaruri ba Tla Nna Batho ba ba Rulagantsweng?—rs ts. 400 ¶1-4 (5 mets.)
No. 3: Jehofa o Ikanyega ka Ditsela Dife?—Tshen. 15:4; 16:5 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Fa Mongwe a re, ‘Ke Tshwaregile.’ Motlotlo o o theilweng mo bukeng ya Go Fetolana, tsebe 19, serapa 5 go ya go tsebe 20, serapa 4. Sekaseka dingwe tsa dikarabo tse di akantshitsweng mmogo le tse dingwe tse di atlegileng fa di dirisiwa mo tshimong e e mo lefelong la lona. Dira gore go dirwe dipontsho ka dikarabo tse pedi tse di akantshitsweng.
10 mets: Re Ithuta Eng? Motlotlo. Dira gore go balwe Mathaio 21:12-16 le Luke 21:1-4. Sekaseka se re ka se ithutang mo dipegong tseno.
10 mets: “A o Ka Kgona go Rera Maitseboa?” Dipotso le dikarabo. Fa o sekaseka serapa 2, kopa bareetsi gore ba anele maitemogelo a ba a itumeletseng fa ba ne ba rera maitseboa.
Pina 92 le Thapelo