LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/12 ts. 13
  • Mokgwa wa Jellyfish wa go Tsamaya mo Metsing

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokgwa wa Jellyfish wa go Tsamaya mo Metsing
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
  • Manyalo A a Mo mathateng
    Tsogang!—2008
  • Go Fofa ga Nonyane ya Wandering Albatross e sa Dirise Maatla Thata
    Tsogang!—2013
  • Mokgwa o o Botswerere wa go Thuma wa Tlhapi ya Salmon
    Tsogang!—2010
Tsogang!—2012
g 8/12 ts. 13

A o Ne o Tlhamilwe?

Mokgwa wa Jellyfish wa go Tsamaya mo Metsing

● Mo e ka nnang diperesente di le 95 tsa mebele ya di-jellyfish ke metsi, mme di farologana ka bogolo jwa tsone go tloga go disentimetara tse di kwa tlase ga tse tharo go ya go dimetara tse di fetang tse pedi. Bontsi jwa mefuta ya di-jellyfish e thusiwa ke mesifa ya tsone go tsamaya mo metsing ka go gagamatsa le go repisa mebele ya tsone e e bopegileng jaaka tleloko, mo go batlileng go tshwana le fa motho a bula le go tswala sekhukhu.

Ela tlhoko: Borasaense ba ba ithutang ka metsamao ya digase le diedi ba lemogile gore di-jellyfish dingwe di na le mokgwa o o kgatlhang o di tsamayang ka one mo metsing, tota le fa di sa kgone go thuma ka bonako. Nako le nako fa tlhapi eno e gagamatsa mmele wa yone, e kgobokanya metsi kafa tlase ga yone gore a nne jaaka sediko se se bulegileng fa gare e bo e a kgoromeletsa kwa tlase. Go suta ga metsi a e a kgobokantseng go dira gore jellyfish e tsapogele kwa pele ka tsela e e batlileng e tshwana le go tsapoga ga jet, mme gone e se lobelo jaaka yone. Makasine wa New Scientist wa re: “Go utlwala go le motlhofo. Mme mokgwa wa go dira sediko se se bulegileng fa gare o thata go o tlhalosa go ya ka saense ya dipalo.”

Babatlisisi ba ithuta ka mokgwa wa jellyfish wa go tsamaya mo metsing gore ba dire metšhini e e tsamayang kafa tlase ga metsi e e sa diriseng maatla a mantsi. Mmatlisisi mongwe o setse a dirile submarine ya boleele jwa dimetara tse 1,2 e e kgonang go dira sediko sa metsi se se tshwanang le sa jellyfish. Submarine eno e dirisa maatla a a kwa tlase ka diperesente di le 30 fa a bapisiwa le a a dirisiwang ke metšhini e e tlwaelegileng e e tsamayang ka go fetlha metsi. Gape mokgwa ono o ka dirisiwa fa go tlhatlhobiwa pelo ya motho. E re ka tsela e madi a tsamayang ka yone mo karolong e e rileng ya pelo e dira gore madi a kgobokane, fa a sa kgobokana ka tsela e e tlwaelegileng seo se ka bontsha go sa le gale gore motho o na le bolwetse jwa pelo.

O akanya eng? A mokgwa wa jellyfish wa go tsamaya mo metsing o itiragaletse fela? Kgotsa a o ne o tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Di-“jellyfish” di tsamaya ka go kgobokanya metsi kafa tlase ga tsone gore a nne jaaka sediko se se bulegileng fa gare di bo di a kgoromeletsa kwa tlase

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Photo: © JUNIORS BILDARCHIV/age fotostock; graphic: Courtesy of Sean Colin

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela