Baebele ya Reng . . .
A o Tshwanetse go ya Kwa Tempeleng, Kwa Lefelong le le Boitshepo Kgotsa Kwa Kerekeng go Rapela Modimo?
BATHO ba le bantsi ba ya kwa kagong ya bodumedi ya mofuta mongwe ka metlha go ya go rapela Modimo. Ba bangwe ba tsaya maeto a maleele a sedumedi go ya kwa mafelong a a ntseng jalo. A o akanya gore o tshwanetse go ya kwa tempeleng, kwa lefelong le le boitshepo kgotsa kwa kerekeng go rapela Modimo? Kgotsa a o akanya gore o ka kgona go bua le ene nako nngwe le nngwe kgotsa kwa lefelong lengwe le lengwe? Baebele ya reng?
Fa batho ba ne ba simolola go nna teng, go ne go se na dikago tsa bodumedi. Batsadi ba rona ba ntlhantlha ba ne ba nna mo tshingwaneng e ntle. (Genesise 2:8) Ba ne ba kgona go buisana le Mmopi wa bone e bong Jehofa Modimo ba le koo. Moragonyana, fa batho ba ntse ba oketsega, banna ba ba siameng ba ba jaaka Noa ba ne ba “tsamaya le Modimo wa boammaaruri”—botlhe ba dira jalo ba sa dirise dikago dipe tsa bodumedi. (Genesise 6:9) E ne e le banna ba ba rapelang Jehofa ka metlha e bile ba mo rata mme o ne a ba amogela.
Modimo ga a Nne mo Dikagong Tse di Dirilweng ka Diatla
Banna ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ne ba itse gore Mmopi wa lefatshe le lobopo lotlhe ga a nne mo dikagong tse di dirilweng ka diatla. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a botsa jaana: “A mme ruri Modimo o tla nna le batho mo lefatsheng?” O ne a nepile fa a ne a re: “Bona! Legodimo, ee, legodimo la magodimo, lone le ka se go tshole.” (2 Ditiragalo 6:18) Gone ke boammaaruri gore Baiseraele ba bogologolo ba ne ba na le motlaagana mme moragonyana ba nna le tempele e ka metlha ba neng ba phuthegela mo go yone fa ba keteka meletlo ya bodumedi ya ngwaga le ngwaga e Molao wa Modimo o neng o ba laetse gore ba e keteke. (Ekesodo 23:14-17) Le fa go ntse jalo, ba ne ba ka kgona go rapela Modimo nako nngwe le nngwe—fa ba disitse matsomane a bone, ba dira mo masimong a bone, ba na le ba malapa a bone kgotsa ba le bosi.—Pesalema 65:2; Mathaio 6:6.
Le rona ka tsela e e tshwanang re ka rapela Modimo gongwe le gongwe ka nako nngwe le nngwe. Gantsi motlhomasekao wa rona e bong Jesu Keresete o ne a ya kwa mafelong a a didimetseng a go se nang batho mo go one go ya go rapela. (Mareko 1:35) Ka sekai, nako nngwe o ne “a tswela kwa thabeng go ya go rapela, mme a tswelela bosigo jotlhe a rapela Modimo.”—Luke 6:12.
Gone ke boammaaruri gore, e re ka Jesu e ne e le Mojuda, ka metlha o ne a ya kwa meletlong e e neng e tshwarelwa kwa tempeleng e e kwa Jerusalema. (Johane 2:13, 14) Le fa go ntse jalo, o ne a bolelela pele nako e ka yone tempele e neng e se kitla e tlhola e nna boremelelo jwa kobamelo ya boammaaruri. Fa Jesu a ne a bua le mosadi mongwe wa Mosamarea gaufi le thaba nngwe kwa Samarea, kwa batho ba gabone ba neng ba na le tempele gone, o ne a re: “Nako e etla ya fa lo se kitla lo obamela Rara mo thabeng eno le fa e le kwa Jerusalema.” Mme o ne a oketsa ka go re baobamedi ba boammaaruri ba ne ba tla ‘obamela Rara ka moya le boammaaruri.’—Johane 4:21, 23.
Ee, Jesu o ne a sa tlhoma mogopolo mo dikagong tse di dirilweng ka ditena le seretse mme o ne a tlhomile mogopolo mo kobamelong ya boammaaruri e e dirwang ka pelo yotlhe. A mme seo se ne se kaya gore balatedi ba ga Jesu, ba moragonyana ba neng ba bidiwa Bakeresete, ba ne ba ka se tlhole ba obamela Modimo mo dikagong tsa bodumedi? (Ditiro 11:26) Nnyaa, mme go na le mabaka a a utlwalang.
Batho ba Modimo ke Lelapa la Semoya
Batlhanka ba Modimo ba boammaaruri ke lelapa—lelapa la semoya. (Luke 8:21) Lelapa le le molemo le dira dilo di le dintsi mmogo, tse di jaaka go ja mmogo mme seno se nonotsha lelapa. Go ntse jalo le mo dilong tsa semoya. Dipokano tsa Bokeresete di tshwana le mokete wa dijo tsa semoya ka gonne di godisa motho yo re leng ene ka fa gare e bile di nonotsha dikamano tsa rona tsa semoya. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a kwala jaana: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana.”—Bahebera 10:24, 25.
Ka jalo, baobamedi ba boammaaruri ba lemoga gore phuthego e na le seabe sa botlhokwa ka gonne e thusa mongwe le mongwe yo o mo go yone go nna le dinonofo tsa semoya tse a neng a ka se kgone go nna le tsone ka botlalo fa a ne a le nosi. Dinonofo tseno di akaretsa lorato, go itshwarela, bopelonomi, bonolo le kagiso.—2 Bakorintha 2:7; Bagalatia 5:19-23.
Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba phuthega kae gore ba kopane mmogo le go obamela? Gantsi ba ne ba kopana kwa magaeng a Bakeresete ka bone. (Baroma 16:5; Bakolosa 4:15) Ka sekai, fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Mokeresete ka ene, gape o ne a lebisa lekwalo leo go “phuthego e e mo ntlong ya [gagwe].”a—Filemone 1, 2.
Ka tsela e e tshwanang le gompieno, batho ba Modimo ga ba tlhoke dikago tsa bodumedi tse di magasigasi, mme ba tlhoka mafelo a a siameng a a ka kgonang go tshola botlhe ba ba leng teng. Basupi ba ga Jehofa ba na le mafelo a a ntseng jalo, a ba a bitsang Diholo Tsa Bogosi. Tota e bile go ka direga thata gore go na le Holo ya Bogosi mo lefelong la lona. Dikago tseno di fitlhelela boikaelelo jwa tsone e bile ga di magasigasi mme dipokano tse di tshwarelwang kwa go tsone ga di a raraana—di akaretsa pina, thapelo le metlotlo ya Baebele.
Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go fetsa nako ba atamalana le Modimo ba le bosi. Ka jalo, ba fetsa nako letsatsi le letsatsi ba rapela ba na le malapa a bone le fa motho a le esi. Jakobe 4:8 ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lefoko la ntlhantlha la Segerika le le kayang “phuthego” ke “kereke” mo Dibaebeleng dingwe tsa Seesemane.
A O KILE WA IPOTSA GORE . . .
● A Modimo o nna mo dikagong tse di dirilweng ka diatla?—2 Ditiragalo 6:18.
● Jesu o ne a fetsa bosigo jotlhe kae a rapela?—Luke 6:12.
● Ke ka ntlha yang fa baobamedi ba boammaaruri ba phuthega mmogo?—Bahebera 10:24, 25.
[Mafoko a a mo go tsebe 15]
A dithapelo tsa gago di ka utlwiwa fa o le mo mafelong mangwe a a rileng?