LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/12 ts. 12-15
  • Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka Karolo 7

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka Karolo 7
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fedisiwa ga Boikepo
  • Dipolelelopele Tsa Baebele di a Ikanyega
  • Babelona yo Mogolo ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Bogosi bo a Busa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Go Bona Gore “Babelona o Mogolo” ke Mang
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Dipolelelopele Tse Di Neng Tsa Diragala
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 11/12 ts. 12-15

Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka Karolo 7

“Bokhutlo bo Tla Tla”

Motseletsele ono wa ditlhogo di le robedi mo makasineng wa Tsogang! o sekaseka karolo e e tlhomologileng ya Baebele—dipolelelopele tsa yone. Ditlhogo tseno di tla go thusa go araba dipotso tseno: A dipolelelopele tsa Baebele di itlhametswe fela ke batho ba ba botlhale? A di tlhotlheleditswe ke Modimo? Re go laletsa gore o sekaseke bosupi.

A O A galefa fa dipuso tse di boferefere di gatelela le go tsietsa banni ba tsone? A o bona e le go tlhoka tshiamiso fa dikgwebo tse dikgolo di dira gore batho ba ba humileng ba hume le go feta le fa seo se dira gore bahumanegi ba humanege le go feta? A o galefisiwa ke go bona baeteledipele ba bodumedi ba ja batho ba ba ba eteletseng pele ntsoma kgotsa ba ruta dithuto tsa maaka? Fa go le jalo, o ka itumedisiwa ke go utlwa gore Baebele le yone e kgala ditiro tseno tse di bosula. Setlhogo seno se tla sekaseka (1) dipolelelopele tsa Baebele tse di bolelelang pele ka go fedisiwa ga boikepo jotlhe le batho ba ba boikepo le (2) lebaka la go bo re tshwanetse go ikanya dipolelelopele tseno ka botlalo.

Go Fedisiwa ga Boikepo

Setlhogo se se fetileng mo motseletseleng ono se ne sa tlotla ka sesupo se se nang le dikarolo tse dintsi se Jesu a se boletseng, se se supang gore bokhutlo jwa lefatshe la gompieno bo gaufi. Sesupo seno se akaretsa go bolelwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo—puso ya Modimo e e tla tlogang e busa lefatshe lotlhe. (Daniele 2:44; Mathaio 24:3, 14) Jesu o ne a re “bokhutlo bo tla tla” fa tiro eo ya go bolelwa ga dikgang tse di molemo e weditswe. O ka nna wa gakgamadiwa ke go utlwa gore selo sa ntlha se Modimo a tla se fedisang e tla nna bodumedi jwa maaka jo bo sa ruteng boammaaruri ka ga gagwe. Mo Baebeleng bodumedi jwa maaka bo tshwantshediwa ke seaka se se bidiwang “Babelona o Mogolo.”—Tshenolo 17:1, 5; bona lebokoso le le reng, “Go Lemoga Babelona o Mogolo,” le le mo tsebe 13.

Polelelopele 1:

“Dipetso tsa gagwe [Babelona o Mogolo] di tla [tla] ka letsatsi le le lengwe, loso le khutsafalo le leuba, mme o tla jewa gotlhelele ka molelo, ka gonne Jehofa Modimo, yo o mo atlhotseng, o nonofile.”—Tshenolo 18:2, 8.

Tiragatso: Baebele e senola gore ka nako e Modimo a e tlhomileng, o tla dira gore mebuso ya lefatshe ya bopolotiki e tlhanogele Babelona o Mogolo le go mo nyeletsa. E tla ‘mo dira yo o sa ikategang’ mme ‘e tla ja dikarolo tsa gagwe tse di dinama e di fetsa.’ (Tshenolo 17:16) Ka mafoko a mangwe, e tla senola botho jwa gagwe jo bo tlhabisang ditlhong le go gapa dikhumo tsa gagwe tse dintsi. O tla senngwa ka bofefo le ka tsela e e feletseng mo e leng gore go ka se sale sepe se se bontshang gore o kile a nna teng.—Tshenolo 18:21.

Babusi ba dipolotiki ba ka nna ba akanya gore ke bone ba tlileng ka kgopolo ya gore ba dire seno. Le fa go ntse jalo, go diragadiwa ga boporofeti jono jo bo gakgamatsang, go tla tlhomamisa gore go fedisiwa ga Babelona go ne go bakilwe ke Modimo. O tla ‘go tsenya mo dipelong tsa bone gore ba diragatse kakanyo ya gagwe.’—Tshenolo 17:17.

Polelelopele 2:

“Mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi. . . . Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a batho], mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

Tiragatso: E re ka Modimo a tla bo a setse a fedisitse bodumedi jwa maaka, o tla leba kwa mekgatlhong e mengwe—ya bopolotiki le ya kgwebo—mmogo le kwa bathong ba ba boikepo. (Diane 2:22; Tshenolo 19:17, 18) Fela jaaka mong wa lefelo yo o kobang batho ba ba senyang ba ba nnang mo go lone, Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.” O tla senya ba ba le tlatsang ka thubakanyo le ditiro tse di tlhabisang ditlhong tsa tlhakanelodikobo.—Tshenolo 11:18; Baroma 1:18, 26-29.

Ke mang yo o tla falolang? Baebele e araba jaana: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11; 72:7.

A re ka ikanya dipolelelopele tsa Baebele? A re ka tlhomamisega gore Modimo o tla fedisa boikepo le pogo mme a boloke batho ba ba siameng? Ee!

Dipolelelopele Tsa Baebele di a Ikanyega

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Jehofa Modimo ke ene Mokwadi wa Baebele le gore sengwe le sengwe se a se solofeditseng o tla se diragatsa. (2 Timotheo 3:16) A go a utlwala go dumela seno?

Fa o ne o na le tsala e o sa bolong go nna le yone e e go ratang thata mme e ise e ko e tsamaye e go bolelele maaka, a o ne o ka e dumela fa e go solofetsa go go direla sengwe se se molemo mme e le sengwe se e ka kgonang go se dira? Ruri o ne o ka e dumela. Tota e bile Modimo o gaisa tsala epe fela ya motho e re ka nnang le yone. “Modimo ga a nke a aka!”—Tito 1:2, Contemporary English Version.

Ee, ruri Mmopi o tla fedisa bodumedi jwa maaka, puso e e gatelelang le dikgwebo tsa lefatshe tse di bogagapa. A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka se se tla diragalang fa ditiragalo tseo di sena go direga? Makasine o o latelang wa Tsogang! o tla go thusa. O tla bo o na le setlhogo sa bofelo sa motseletsele ono wa ditlhogo.

GO LEMOGA BABELONA O MOGOLO

Re itse jang gore mosadi wa tshwantshetso yo o bidiwang Babelona o Mogolo, yo o tlhalosiwang mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo, o tshwantshetsa madumedi otlhe a maaka? Sekaseka bosupi:

  • E ne e ka se nne mosadi wa mmatota ka gonne setshwantsho se se mo go Tshenolo se dirilwe ka “ditshupo” kgotsa matshwao.—Tshenolo 1:1.

  • Babelona o Mogolo o ntse mo godimo ga metsi, a a emelang “batho le boidiidi le ditšhaba.” (Tshenolo 17:1, 5, 15) Mosadi wa mmatota a ka se ka a dira jalo. Le fa go ntse jalo, bodumedi jwa maaka bo tshegediwa ke maloko a jone a mantsi.

  • Mosadi yono wa tshwantshetso ke “motse o mogolo o bogosi jwa one bo leng godimo ga dikgosi tsa lefatshe.” Ka mafoko a mangwe, o rulagane e bile o na le tlhotlheletso ya dinaga tsa boditšhabatšhaba.—Tshenolo 17:18.

  • Seaka sa semoya e leng Babelona o Mogolo se dira dikgolagano le “dikgosi tsa lefatshe.” Mo godimo ga moo, dikgosi tseno di hutsafalela go senngwa ga sone. (Tshenolo 17:1, 2; 18:9) Ka jalo, e ka se ke ya bo e le mokgatlho wa dipolotiki.

  • Baeteledipele ba dikgwebo le bone ba hutsafalela go senngwa ga sone. (Tshenolo 18:15) Ka jalo, e ka se ke ya bo e le setheo sengwe sa kgwebo.

  • Baebele e tlhalosa go kopanngwa ga kobamelo ya Modimo le go rata lefatshe e le boaka jwa semoya. (Jakobe 4:4) Babelona o Mogolo o tshwanelwa ke tlhaloso eno. Gape o rotloetsa mokgwa wa kobamelo ya tirisabadimo.—Tshenolo 18:23.

  • Motse wa bogologolo wa Babelona, o Babelona o Mogolo a teeletsweng ka one, o ne o tletse ka bodumedi.—Isaia 47:1, 12, 13; Jeremia 50:1, 2, 38.

Ka jalo, re ka bua re tlhatswegile pelo gore Babelona o Mogolo o tshwantshetsa madumedi otlhe a maaka.

DIPOLELELOPELE TSA BAEBELE TSE DI DIRAGADITSWENG

Fa tlase fano go na le lenaane la dipolelelopele tse dintsi tse di gakgamatsang tsa Baebele tse go neng ga tlotliwa ka tsone mo ditlhogong tsa ntlha tse thataro tsa motseletsele ono wa ditlhogo. Fela jaaka ditlhogo tseo di bontshitse, dipolelelopele tseno di itshupile di le boammaaruri!

DIPOLELELOPELE TSE DI KA GA ABORAHAME LE DITLOGOLWANA TSA GAGWE

  • Ditlogolwana tsa monna yo o ikanyegang e bong Aborahame, di ne di tla nna setšhaba se segolo, mme moragonyana setšhaba seo se ne se tla bidiwa Iseraele.—Genesise 12:1, 2.

  • Ditlogolwana tsa ga Aborahame di ne di tla boela kwa nageng ya Kanana morago ga go nna kwa nageng e sele dikokomana di le nnè.—Genesise 15:13, 16.

  • Ditlogolwana tsa ga Aborahame di ne di tla rua “lefatshe lotlhe la Kanana.”—Genesise 17:8.

  • Ka gonne Baiseraele ba ile ba tsuologela Modimo, o ne a tla ba letla gore ba fenngwe le go isiwa botshwarwa.—Jeremia 25:8-11.

  • Modimo o ne a tla busetsa Bajuda kwa nagagaeng ya bone morago ga gore ba fetse dingwaga di le 70 e le batshwarwa.—Jeremia 25:12; 29:10.

  • Mmuso wa lefatshe lotlhe wa Bababelona o ne o tla thankgolwa, mme fa nako e ntse e ile Babelona e ne e tla nna matlotla.—Isaia 13:19, 20.

DIPOLELELOPELE TSE DI KA GA MESIA LE BALATEDI BA GAGWE

  • Mesia kgotsa Keresete o ne a tla tlhaga mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide.—Isaia 9:7.

  • Yo e neng e tla nna Mesia o ne a tla tsholwa kwa Bethelehema.—Mika 5:2.

  • Mesia o ne a tla tlhaga dingwaga di le 483 morago ga “nako e lefoko le [duleng] ka yone la go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha.” Lefoko leo le ne la tswa ka 455 B.C.E.—Daniele 9:25.

  • Pele Mesia a bolawa o ne a tla kgwathisiwa mo go botlhoko.—Isaia 50:6.

  • Mesia o ne a tla bolawa jaaka senokwane se se nyatsegang, mme o ne a tla fitlhwa le “setlhopha sa bahumi.”—Isaia 53:9.

  • Balatedi ba ga Keresete ba ne ba tla anamisa molaetsa wa gagwe go ralala Judea, Samarea le dinaga tse dingwe tse di itsegeng.—Ditiro 1:8.

  • Bakeresete ba ne ba tla bogisiwa.—Mareko 13:9.

  • Batho ba ba tsietsang le ba ba gatelelang ba ne ba tla tsena mo phuthegong ya Bokeresete, mme seo se ne se tla dira gore ba le bantsi ba nne batlhanogi.—Ditiro 20:29, 30; 2 Petere 2:1, 2.

DIPOLELELOPELE TSE DI KA GA METLHA YA BOFELO

Motlha wa bokhutlo o ne o tla bonwa ka

  • Go rerwa mo lefatsheng lotlhe ga “dikgang tse di molemo . . . tsa bogosi” jwa Modimo.—Mathaio 24:14.

  • Dintwa, le e leng mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:7; Tshenolo 6:4.

  • Ditlhaelo tsa dijo.—Mathaio 24:7.

  • Dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe.—Luke 21:11.

  • Malwetse a a boitshegang.—Luke 21:11.

  • Letlhoo le thubakanyo.—Mathaio 24:10, 12.

  • Batho ba ba bogagaru, ba ba ithatang le ba ba ratang madi.—2 Timotheo 3:1-5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela