LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/14 ts. 3
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • United States
  • Italy
  • Malaysia
  • Afrika
  • Australia
  • Diphologolo Tse Di Bidiwang Di-Walrus le Kgwebo ya Diokobatsi
    Tsogang!—1990
  • Kgatelopele e e Dirilweng go Lwantsha AIDS
    Tsogang!—2004
  • Kalafi ya AIDS e Tlhokega ka Potlako!
    Tsogang!—2004
  • Malwetse a a Tshelanwang—A Kotsi Mme a ka Thibelwa
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 2/14 ts. 3

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

United States

Pego ya New York Times ya re “motho yo o gogang motsoko o dira gore mothapi wa gagwe a latlhegelwe ke . . . $5 816 [R57 520] ka ngwaga go feta motho yo o sa gogeng.” Go ya ka tshedimosetso e e kgobokantsweng ke babatlisisi kwa Ohio State University, palogare ya madi a go fopholediwang gore a latlhegela mothapi a bakilwe ke nako e motho a iphang yone ya go goga, ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa tlhokomelo ya kalafi le go sa tle tirong. Lebaka le lengwe e ne e le go se wetse tiro, mo go ka tswang go bakiwa ke diphelelo tse motho yo o tshwakgotsweng ke motsoko a nnang le tsone fa a sa goge.

Italy

Mopapa Francis

“Baruti le badumedi ga ba dire se se tsamaisanang le se ba se buang mme seno se dira gore Kereke e se ka ya ikanngwa.”—Mopapa Francis.

Malaysia

Balaodi ba Malaysia ba gapa dinaka tsa tlou tse di utswilweng

Balaodi ba kwa Malaysia ba fitlhetse ditone di le 24 tsa dinaka tsa tlou tse di neng di tlisiwa ka bokukuntshwane mo nageng eno—dinaka tsa tlou di feta 1 000—di fitlhilwe mo merwalong e le mebedi ya logong lwa mahogany. Balwelatshireletsego ya tlhago ba re e ne e le la ntlha go gapiwa selekanyo se segolo jalo. Merwalo eno e ne e tswa kwa Togo mme e ya kwa China.

Afrika

Monna wa Moafrika

Go ya ka pego ya 2012 ya Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo, diperesente di le 63 tsa dintsho di bakilwe ke malwetse a a tshelanwang, bogolo jang HIV/AIDS, malwetse a a amanang le letshololo, malaria, thiibi le malwetse a bana.

Australia

Motshameko wa go betšha wa smartphone

Metshameko ya go betšha e e mo difounong tsa di-smartphone le didirisiwa tse dingwe e setse e ratiwa thata ke bana. E mengwe e tshwana le metshameko ya mmatota ya casino mme yone e motlhofo go e fenya. Pego nngwe ya puso e tlhagisa gore metshameko e e ntseng jalo e ka dira gore bana ba tseye gore go betšha go siame fela “mme e ka dira gore fa ba gola ba tshwakgolwe ke go betšha.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela