LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/14 ts. 3
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • United States
  • Spain
  • Pacific Ocean
  • United Arab Emirates
  • Go Lwantsha Bokima jo bo Feteletseng—A ke Selo Se o Ka se Tseelang Matsapa?
    Tsogang!—2004
  • Ke Eng se se Phoso ka go Nwa Bobe?
    Tsogang!—2004
  • Ke Eng se se Phoso ka go Nwa Bobe?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Fa go Nna Mokima go se Botoka
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 7/14 ts. 3

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

United States

Foriji e e se nang dijo tse dintsi

Go ya ka dipalopalo tsa Lefapha la Temothuo, ka 2012, diperesente di le 14,5 tsa malapa a kwa United States—palogotlhe ya batho ba le dimilione di le 49—ba ne ba “sa tlhomamisega gore a ba tla nna le dijo tse di lekaneng go fepa botlhe ba malapa a bone kgotsa ba ne ba sa kgone go nna le tsone.”

Spain

Monna a tuntunyetsa bojalwa

Go ya ka patlisiso e e dirilweng mo baithuting ba yunibesithi, mo e ka nnang diperesente di le 56 tsa basadi le di le 41 tsa banna ba dumetse gore ba kile ba nwa bojalwa bo le bontsi ka nako e le nngwe, mo go tlhalositsweng e le go nwa bobotlana mabotlele a le robedi (banna) kgotsa a le marataro (basadi) ka gangwe fela.

Pacific Ocean

Lewatle la Pacific

Baitsesaense ba ba ileng ba tsaya disampole kwa lefelong le le kwa botennyeng jwa lewatle jwa dimetara di ka nna 11 000 le le bidiwang Mariana Trench ba fitlhetse gore dibaketeria le megare e mengwe e gola moo—le fa go le lefifi le le kwenneng, go na le kgatelelo e kgolo le dithemperetšha tse di kwa tlase thata.

United Arab Emirates

Madi a gouta a lekanngwa bokete

Bosheng jaana balaodi ba kwa Dubai ba ne ba leka go lwantsha bothata jo bo ntseng bo oketsega jwa bokima jo bo feteletseng jwa mmele, ka go solofetsa baagi ba koo gore ba tla ba naya gerama e le nngwe ya gouta, e ka nako eo e neng e batla e le R390, nako le nako fa ba fokotsa bokete jwa mmele ka kilogerama e le nngwe. Gore batho ba newe gouta eo, ba ne ba tshwanetse go ikwadisa ba bo ba fokotsa dikilogerama tse pedi kgotsa go feta ka kgwedi ya Ramadan.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela