LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g17 no. 1 ts. 16
  • Moriri wa Tshoswane ya Kwa Sekakeng sa Sahara

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moriri wa Tshoswane ya Kwa Sekakeng sa Sahara
  • Tsogang!—2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2017
  • Thamo ya Tshoswane
    Tsogang!—2016
  • Tsela e Tshoswane Nngwe e Iphimolang Leswe ka Yone
    A di Dirilwe ke Mongwe?
  • “Ea kwa Choshwaneñ”
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2017
g17 no. 1 ts. 16
Tshoswane ya kwa sekakeng sa Sahara

A O TLHAMILWE?

Moriri wa Tshoswane ya Kwa Sekakeng sa Sahara

TSHOSWANE ya mmala wa selefera ya kwa Sekakeng sa Sahara (Cataglyphis bombycina) ke tshenekegi e e kgonang go itshokela mogote. Ka ura ya sethoboloko fa letsatsi la kwa Sahara le le mogote le dira gore diphologolo tse di jang tshoswane eno di tshabele mo moriting, tshoswane eno yone e tswa mo mosimeng go ya go batla dijo, tse dingwe tsa tsone e leng ditshenekegi tse di bolailweng ke mogote o o ntshang tlhapi mo metsing.

Tshoswane ya kwa sekakeng sa Sahara e na le moriri o o kgethegileng o o dirang gore e itshokele mogote

[50] μm

Akanya ka seno: Tshoswane eno e na le tsela e e thibelang mogote ka yone gore e se ka ya sha. E na le moriri o o kgethegileng mo mokwatleng le mo matlhakoreng mme ga e na moriri ka fa tlase. Moriri o o dirang gore tshoswane e nne le mmala o o phatsimang wa selefera, ke ditšhupu tse dinnye tse di mo setshwantsho. Ditšhupu tse di fa godimo di kgotlhagane e bile di dileele jaaka moriri mme tse di ka fa tlase ga tsone di borethe. Seno se e thusa ka ditsela tse pedi. Ya ntlha, se dira gore e se ka ya utlwalelwa ke marang a letsatsi. Ya bobedi, se e thusa go ntsha mogote o o tseneng mo mmeleng fa e ne e le kwantle ga mosima. Karolo e e ka fa tlase e e senang moriri yone e dira gore tshoswane eno e se ka ya fisiwa ke marang a letsatsi a a tswang mo motlhabeng wa sekaka.a

Ditshwantsho tse di bontshang moriri o o kgethegileng wa tshoswane ya kwa sekakeng sa Sahara

[10] μm

Moriri wa tshoswane eno o e thusa gore themperetšha ya mmele wa yone e se ka ya ya kwa godimo thata le gore e kgone go itshokela mogote wa di dikirii di le 53,6. Babatlisisi ba leka go etsa setshedi seno se sennye ka go dira metšhini e e kgonang go fokotsa mogote kwantle ga go dirisa difene kgotsa didirisiwa tse dingwe.

O akanyang? A moriri wa tshoswane ya kwa Sahara o itlhagetse fela? Kgotsa a o tlhamilwe?

a Gape tshoswane eno e thusiwa ke diporoteine tse di mo mmeleng wa yone tse di kgonang go itshokela mogote o o maatla, maoto a yone a maleele a a dirang gore e kgone go tsamaya ka bonako mo motlhabeng wa sekaka le bokgoni jwa yone jo bo gakgamatsang jwa go dirisa tsela e e khutshwane go boela kwa mosimeng wa yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela