LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g17 no. 6 ts. 3
  • A Lefatshe le Tlhakatlhakane?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Lefatshe le Tlhakatlhakane?
  • Tsogang!—2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baitsesaense ba Isitse Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego Kwa Pele—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
  • Batho ba Kgatlhegela Thata go Itse ka Bofelo Jwa Lefatshe
    Tsogang!—2012
  • A go Fedile ka Matshosetsi a Nuklea?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2017
g17 no. 6 ts. 3
Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A LEFATSHE LE TLHAKATLHAKANE?

A Lefatshe le Tlhakatlhakane?

FA NGWAGA wa 2017 o simologa, baitsesaense ba ne ba bua kgang e e hutsafatsang. Ka January, ba ne ba re lefatshe le gaufi le go lebana le tshenyego e kgolo go gaisa. Baitsesaense ba ne ba bontsha gore lefatshe leno le gaufi le go senyega ka go isa Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego ya tshwantshetso kwa pele ka metsotswana e le 30. Baitsesaense ba dirile gore tshupanako ya bone ya tshwantshetso e bontshe gore Letsatsi la Tshenyego le a go tla metsotso e le mebedi le halofo pele bosigogare. Seo se bontsha gore letsatsi leo le atametse thata go gaisa dingwaga di le 60 tse di fetileng.

Gape baitsesaense ba batla gore ka 2018 ba dire dipatlisiso go bona gore bokhutlo jwa lefatshe bo atametse go le kae. A ka nako eo, tshupanako ya bone e tla bo e sa ntse e bontsha gore tshenyego e gaufi e bile e tla nna maatla go feta jaaka go solofetswe? Wena o akanya eng? A lefatshe le tlhakatlhakane? O ka tswa o palelwa ke go araba potso eo. Tota e bile, le batho ba ba reng ba a itse ga ba dumalane ka kgang eno. Ga se batho botlhe ba ba dumelang gore letsatsi leno le le setlhogo le tla tla.

Batho ba le bantsi ba dumela gore go tla nna le bokamoso jo bo itumedisang. Ba re ba na le bosupi jwa gore batho le polanete ya rona ga di kitla di senngwa le gore botshelo jwa rona bo tla tokafala. A seo se boammaaruri? A lefatshe le tlhakatlhakane?

“Tshupanako ya Letsatsi la Tshenyego ke tshupanako ya tshwantshetso e dinaga tse dintsi di e dirisang go bona gore re gaufi go le kae le go senya lefatshe la rona ka didirisiwa tse di kotsi tsa thekenoloji tse re di dirang. Se se di gogang kwa pele ke dibetsa tsa nuklea, mme dilo tse dingwe tse di kotsi ke didirisiwa tse di kgonang go fetola tlelaemete, dilo tsa saense le tsa thekenoloji tse di ka re utlwisang botlhoko kgotsa tsa senya polanete ya rona, e ka tswa e le ka boomo, ka go sa dire dilo sentle kgotsa e le ka phoso.”—Bulletin of the Atomic Scientists.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela